Mananeo a Moento a Dipodi

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Dipodi di ka entwa mo dikgatong tse di farologaneng go tsamaya ka kgolo ya tsona go sireletsa kgatlhanong le malwetse le ditlhaselo. Buisa ditaelo mme o latele dikatlanegiso tsa motlhami wa melemo. Ela tlhoko e e kgethegileng fa o dirisa meento mo dipoding tse di dusang.

Melemo ya Dipodi

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Melemo ya meento le kalafi ya malwetse a podi e tshwanetseng go dirisiwa go ya ka ditaelo tse di mo letlhatshaneng. Fa tsela e e siameng e sa latelwa, molemo o ka se dire.

Netefatsa gore molemo o diriswa mo go rileng mo dipoding le gore nnya, sekao, mo dikgogng.

Netefatsa gore phologolo e amogela mothamo o o nepagetseng wa molemo. Mothamo o ka nna wa tlhamamiswa ke bogolo le boima ba podi.

Go dira sentle, melemo e mengwe e ke tlhoka go neelwa go feta gangwe, fa e mengwe e tlhoka go diriswa gangwe fela.

Melemo e e farologaneng le yona e tshwanetse go dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng - ka molomo, ke go tlhabelwa ka fa tlase ga letlalo kgotsa mo mesifeng, ka go tsenwa mo kgaolong e nnye, ke go tshelwa mo godimo ga letlalo kgotsa ka go inela phologolo. Netefatsa gore melemo e tsamaisiwa ka mokgwa o o nepagetseng.

Tlhola letlha la bofelo la molemo. Fa molemo o fetile letlha la bofelo o ka nna wa se dire.

Boloka molemo mo tikologong e e tsididinyana go tswa mo phitlhelelo ya bana kgotsa diphologolo.

Dirisa motlhogo le nalete gangwe fela, mme o di latlhele mo toromong ya senotsididi e e senang sepe.
Ka nako e e tletseng, kopa motegeniki wa boitekanelo jwa diphologolo, go e tsaya e le go e senya.
O se ka wa dirisa nalete e e tshwanang mo diphologolong tse di farologaneng.

Gore molemo o dire sentle, o tshwanetse go anama go ralala le mmele wa podi mme e tla nna teng mo dieding tsa mmele, go akaretsa le mašwi. Buisa ditaelo go tlhomamisa gore o tshwanetse go ema malatsi a le ma kae pele o ka tlhaba phologolo ka ntlha ya nama kgotsa tiriso mašwi a yona.

Lenaneo la go Enta Bana ba Dipodi

Thulaganyo e e latelang e tshwanetse go tsewa jaaka kaelo fela. Ikgolaganye le ngaka ya diphologolo ka tiragalo ya moento e e rileng ya dipodi tsa gago.

Bana - mo bekeng ya ntlha ya botshelo: dira moento kgatlhanong le motsikitlelo (rerisana le ngaka ya diphologolo ya selegae).
Bana - go tswa mo dibekeng tse 2 ka bogolo: Dira moento kgatlhanong le Pasteurella. Dira moento gabedi, mo dibekeng tse 4.
Bana - pele ga phusetso (ka dikgwedi tse 2 go ya go 5 ka bogolo): Dira moento kgatlhanong le diphilo tse di sekgojwa, Pasteurella le maoto a kwa morago.
Bana - mo dikgweding di le 6 ka bogolo: Dira moento kgatlhanong le leleme la mmala wa loapi (meente e 3, mo dibekeng tse 3), diphilo tsa sekgojwa, kotara e ntsho, anthrax.

Lenaneo la Moento la Dinku tsa Ditshadi le Diphelefu

Moranang go ya Motsheganong: Dira moento mo dipoding tse digolo tsa ditshadi le dipoo (dinku tsa ditshadi le diphelehu) kgatlhanong le Pasteurella.

Dikgakologo (Phatwe - Lwetse mo Aforika Borwa): dira moento wa dinku tsa ditshadi le diphelefu kgatlhanong le leleme le le botala jwa loapi. Se se tshwanetse go dirwa dibeke di le robongwe pele ga tswadiso ya dipodi tsa ditshadi fela morago ga tsalo ya diphelefu. Ka leleme la mmala wa loapi, ditshadi ke meento e meraro, mo dibekeng di le tharo.

Phatwe - Lwetse mo Aforika Borwa: dira moento kgatlhanong le philo e sekgojwa, kotara e ntsho (dibeke tse nne pele ga go kera mo dipoding tsa Boboa) le anthrax (dibeke tse nne pele ga go kera dipodi tsa Boboa).

Dipodi tsa ditshadi - pele ga setlha sa tswadiso: dira moento kgatlhanong go ntsha mpa ga enzootic e e tlhodilweng ke Chlamydia (dibeke di 4 go ya go tse 6 pele ga tswadiso).

Dipodi tsa ditshadi - pele ga setlha sa go tsala: dira moento kgatlhanong le leleme la botala jwa loapi (dibeke di 6-8 le dibeke tse 2- 4 pele ga tsalo)

Gape dira moento kgatlhanong le kitlano ya meno (6 - 8 ya dibeke di le 2 – 4 ya dibeke pele ga tsalo) le orf (dibeke di le 4 pele ga tsalo, ge e tlhalositswe).

Tsweetswee ela tlhoko: Tshedimosetso ke e tshwanetseng mabaka a thuto fela le tshedimosetso fela mme ga e a tshwanela go ranolwa e le kgakololo ya bongaka. Tshedimosetso ga e a ikaelelwa go emisetsa thoko kgakololo ya bongaka kgotsa kalafi e e neelwang ke ngaka ya diphologolo ya gago.

Translated by Lawrence Ndou