Malatsi A Go Sale Gale A Robben Island

Tiriso ya Robben Island ka Ma-Yuropa

©Roger de la Harpe
Robben Island e dirisitswe lantlha ke ma-Yuropa, jaaka boemelo jo bo mosola jwa badira-dikepeng ba ba tshwerweng ke tlala, ba ba mo tseleng go ya kwa Botlhaba. Go na le bopaki jo bo botlana jo bo tshwaelang gore batho ba ba tlholegileng kwa Kapa ba kile ba itshwenya ka go kgabaganya lewatle le le makgwakgwa go ya kwa setlhaketlhakeng. Ma-Yuropa a ne a ema kgapetsa-kgapetsa kwa setlhaketlhakeng mme ba thaisa mokoa wa manyibi le diphinkwini, mme dikgatiso di kaya fa badira-dikepeng ba ne ba kgona go olela diphinkwini di ka nna 1100 ka letsatsi. Ka nnete, leina la ga jaana la setlhaketlhake le tswa mo lefokong la se-Dutch 'Robbe', le le rayang gore 'lenyibi'.

Tiriso ya ntlha ya semmuso ya Robben Island e ne ele jaaka bobolokelo jwa batsamaya-lewatle ba Yuropa. Go tloga ka bo-1600 go ya pele, ma-Yuropa ba dirisitse setlhaketlhake gape jaaka kantoro ya poso e e seng ya semmuso, ba tlogelela dikepe tsa semphato tse di tlaya makwalo le dipegelo ka fa tlase ga 'matlapa a kantoro ya poso' a a tshwailweng. Go na gape le dipegelo di le mmalwa tsa badira-dikepeng ba dikepe tse di sugaganeng ba ba patelesegileng go tshela mo setlhaketlhakeng dikgwedikgwedi, fa ba ntse ba emetse go falodiswa.

Matlhekge a Dikepe mo Mabôpong a Robben Island

©Roger de la Harpe
Mawatle a a dikaganyeditseng setlhaketlhake a tumile ka go nna makgwakgwa mme, go dira dilo maswe le go feta, setlhaketlhake se dikaganyeditswe ke legora la majwe a a boifisang a a makêkêtê a a atologelang kwa metsing a botala jo bo ntshofetseng. Kopanya seno le diphefo tse di tsubutlang le mouwane o o kitlaneng o o ka dikologelang gotswa mo lewatleng la Atlantic, mme o na le kaelokapeo ya tshugaganyo ya dikepe ka seelô se se boitshegang. Le fa ba ne ba tshuba melelo ya tsiboso mo godimo ga Fire Hill (e ga jaana e bitswang Minto Hill), matlhekge a a fetang 30 a gatisitswe mo mabôpong a lefelo la majwe le le nnye leno. Pedi-tharong ya ona e diragetse pele ntlo-pone e ka agwa ka 1863, fela dikepe di tswelela go gakgamatswa ke setlhaketlhake. Lôbôpo le le kwa bokone lwa Robben Island lo tshotse masaledi a dikepe tse di sugaganeng di ka nna tharo a sešweng, a a rusetsang otlhe mo majweng a a makêkêtê.

Brithane kwa Cape of Good Hope

©Roger de la Harpe
Ka 1602, Dutch East India Company (ka se-Dutch: Vereenigde Oost-Indische Compagnie, kgotsa VOC) e ne ya thewa kwa Holland, mme sekema se se potlana se le maikemisetso seno (khampani ya dithoto tse di lekanyeditsweng ya ntlha mo lefatsheng) se ne sa itlama ka botlatlapi go bona taolô ya tsela e e yang kwa Botlhaba. Go tshegetsa kgwebo enô, VOC e ne ya simolola go batlisisa kgônagalô ya go tlhoma go nna teng ka leruri ga Yuropa kwa Cape of Good Hope e e botlhokwa, e e dutseng mo bogareng jwa Lefatshe la Bogologolo le Lefatshe le Lentšha. Eno ke kemo e e santseng e e tshwere le gompieno, ka borutafatshe le ka go tshwantshisa. Fela, bagaisanyi ba bona ba fitlhile kwa Kapa pele. Ka 1614, British East Company e rulagantse go baya bagolegwa ba le 100 kwa Kapa. Kwa bofelong mofutafuta wa banna ba le 18 kgotsa 19 ba ne ba tlhophiwa le go romelwa kwa Kapa gona le gore ba kaletswe. E ne ele setlhopha sa ntlha sa bagolegwa go ka 'tsamaiswa', mokgwa-tiriso o kwa morago e nnileng setlwaedi, mme kwa bofelong wa baka gore go nne le setšhaba sa Australia (se ka metlha se bogisitsweng ke kotlhaô).

Thomelô ya ntlha ya boemedi jwa Brithane jo bo eteletsweng pele ke Crosse go kopana le moagi wa Kapa wa Mosarwa, Xhore, e feleletse ka ntwa e mo go yona banna ba le mmalwa ba neng ba bolawa kgotsa ba gobala. Seno se ne sa tlhaloswa jaaka 'go sa tlhaloganyane' ke Xhore, yo o neng a batla go itse gore ke goreng ma-Brithane ba tlogetse batho ba bona kwa morago go tshela mo lefatsheng la Basarwa. O ne a ithebola go ka thusa bathibeledi fela fa England e ka mo tshegetsa mo ntweng kgatlhanong le merafe ya naga-gare. Nako e khutshwane morago ga fao, go ne ga runya ntwa e nngwe e e matlho-mahibidu magareng ga dinokwane tsa maloba tsa bathibeledi le morafe wa ga Xhore, mme seno se ne sa pateletsa banna ba basweu go itatlhela mo mekorwaneng ya bona le go tshabela kwa Robben Island.

Seteišane sa Dijo sa Leruri

©Roger de la Harpe
Morago ga gore maiteko a phaloso a tswe mo taolông, ba le bararo ba bafalodi ba ne ba sweetsa go sala mo setlhaketlhakeng gona le gore ba boele kwa England, mme ba ka tswa ba kgotsa ba ka tswa ba sa faloswa ke sekepe sa ma-Dutch kgotsa sa ma-Potokisi kwa bofelong. Ba bangwe ba le bararo ba itlhophetse go lebagana le dibe tsa bona kwa gae, mme ba pagama sekepe sa New Year's Gift. Fela, nako ya bona mo setlhaketlhakeng e ne e sa dira sepe go ka kgopolola bathibeledi, mme maitshwaro a banna banô ba ba falositsweng ka mo gare ga sekepe sa Gift a ne a kaiwa fa a 'bodile' mo ebileng ba ne ba tsenngwa mo mabolokelong a sekepe jaaka kotlhaô. Diuranyana morago ga go goroga kwa England, dinokwane tse di sa tlhabologeng di ne di setse di utswitse sekgwama, mme ba ne ba “bolaelwa molato wa bona wa maloba, o ba neng ba o lêlêketswe, mme ba sa o itshwarelwa.”

Morago ga maiteko a a foloditseng a ma-English go ka thibelela kwa Kapa, ma-Yuropa a ne a nna boi mo maikaelelong a bona. Ka 1652, ngaka ya maloba ya mo sekepeng e e bitswang Jan Van Riebeeck e ne ya romelwa ke Dutch East India Company go tlhoma seteišane sa leruri sa dijo kwa Kapa. Lebaka la seteišane seno e ne ele go tlamela dikepe tse di emang kwa Kapa ka maungo a a foreshe, merogo, metsi le nama; tsotlhe ka tuelo e e siameng. Fela, go dira seno, bathibeledi ba ba ntšha ba ne ba tshwanetse go lema tshimo ya merogo, le go buisana le Basarwa ba selegae ka ga dikgomo le dinku.

Robben Island Ka Fa Tlase Ga Puso ya Ma-Dutch

©Roger de la Harpe
Ma-Dutch a ne a tiisitse ka maitlamô a bona, mme ba ntse dikgwedi ba baakanya sengwe le sengwe. Mo nakong e e siameng, dikepe tse pedi di ne tsa bolola, di tshotse banna ba le 150 le basadi ba le mmalwa go ya kwa matshelong a bona a mantšha kwa Kapa. E ne e tlile go nna tshimologô ya terama e e boitshegang ya Afrika Borwa e e tlileng go tswelela mo dingwagakgolong tse tharo le halofo tse di latelang. Robben Island e diriseditswe mabaka a a farologaneng mo dingwageng tse di neng di feta, mme e ne ele lefelo le le mosola go bathibeledi ba ma-Dutch.

Ba dirile diketelo tsa kgapetsa go tshwara manyibi le diphinkwini, mme kgemetho ya diphologolo tse di tlholegileng mo setlhaketlhakeng (ka nako nngwe di ne di le ka bontsi mme di tlhaloswa jaaka 'dimakatso') e ne e tletsetletse, e bakile gore go nne le taelô ya tshomarelô ya tlhagô ya ntlha mo Afrika Borwa. Taelô enô e ne e kaya fa manyibi le diphinkwini tsa mo setlhaketlhakeng di ka tshwarwe fela fa gona le tetlelelô. Go tsenya molao ono tirisong, motlhokomedi o ne a romelwa kwa setlhaketlhakeng, mme badisa ba ne ba bewa teng go sireletsa metlhape e mennye ya dinku le dipodi kgatlhanong le badira-dikepeng ba ba tshwerweng ke tlala ba ba ka utswang diphologolo, mme ka jalo ba efoga go duela tlhwatlhwa ya go reka ditlamelo kwa seteišaneng sa dijo kwa Table Bay.

Dingwaga tse di Lesome Morago

©Johan Boshoff
Ka 1654, jaaka metlhape e oketsega, banna ba le mmalwa ba ne ba romelwa kwa setlhaketlhakeng go aga bodulô le go jala tshimo ya merogo. Mokoa o montsi wa dikgapa tsa lewatle o ne wa bonwa mo setlhaketlhakeng, o o ka dirisetswang go dira kalaka, mme matlapa a kalaka e e siameng le letlapa la Malmesbury di ne tsa supiwa.

Setlhopha sa ntlha sa semmuso sa bagolegwa se rometswe kwa setlhaketlhakeng ka 1657 mme sa tsenngwa mo tirong ya go epa letlapa leno, le le neng la dirisetswa go aga matlo le ditsela tsa toropokgolo e e golang ya Cape Town. Setlhopha seno sa makgoba le balelekwa se ne se sa bontshe fa ele badiri ba ba namatsang, mme Company e ne e na le bothata jo bo tshwanang mo go boneng batlhokomedi ba ba nonofileng go ka itshokela go tshela mo setlhaketlhakeng se se loleya. Bolwetse le tlala di tsomile badudi banô ba go sale gale, fela leruo le ne la dira sentle mme, ka 1666, setlhaketlhake se ne se na le dinku tse 350, dikgomo tse 10, dipodi tse 40, dikolobe tse 30 le batho ba le 25 (go akaretsa bagolegwa ba le 14). Dingwaga di le lesome morago, go ne go na le dinku tse di fetang 300 le dikgomo tse 1000.

Translated by Nchema Rapoo