Madiba O Dumeisa Baeleletsi-masego kwa Soweto

© Dr Peter Magubane
Madiba o dumedisa baeleletsi-masego kwa Soweto.
Morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990, Nelson Mandela o boetse kwa ntlong ya gagwe kwa Soweto. Soweto ke motsesetoropo wa toropo-kgolo ya Johannesburg kwa Gauteng, Afrika Borwa, mo molelwaneng wa lebanta la moepo la toropo-kgolo kwa borwa. Leina la ona ke leemedi la sejatlhapi la SOuth WEstern Townships. Nelson Mandela o fudugetse fano ka 1946 le mohumagadi wa gagwe wa ntlha, Evelyn Ntoko Mase.
Fa ba tlhalana ka 1957, o ne a dula mo ntlong le mohumagadi wa gagwe wa bobedi, Winnie Madikizela ka 1958. O ntse nako e potlana fano jaaka karolo ya gagwe mo ditirong tsa kgaratlho e ne ya gola mme a patelesega go ya go dira ka bokhukhuntshwane ka 1961. O ne a tshela ka go tshabela sepodisi go fitlha a tshwarwa le go golegwa ka 1962.
Morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990 Nelson Mandela o ne a boela kwa legaeng la gagwe kwa Soweto sebaka fela sa matsatsi a le 11, mme a fudugela kwa ntlong ya gagwe kwa Houghton, motsetoropo o o manobonono wa Johannesburg. Morago ga kgololô ya gagwe, o ne a kopana le baagi ba Soweto, bontsi bo mo gopola le balolapa lwa gagwe ka nako e ba neng ba dula koo. Motho mongwe, morago ga go kopana le Mandela, o ne are: “E ne o kare ke bona legodimo ka matlho a me. Go kopana le ênê e ne e le go fetoga ga ditoro go nna nnete. Ke mo tshwere ka letsogo mme ka se le tlhape sebaka sa dibeke di le pedi. Go ne go utlwala go sa siama.”

“Go fenya lehuma ga se thuso ya batlhôki, ke tiragatso ya tshiamiso.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more