Lilac Breasted Roller
Letlêrêtlêrê La Sehuba Sa Lilac

© Roger de la Harpe
Lilac Breasted Roller.

Tebego

Bogolo jo bo tlwaelegileng jwa Letlêrêtlêrê ke di-inchi di le 14.5. Tlhogo e e botala jwa tlhaga jo bo tswapogileng e kgolo, molala o mokhutshwane, maoto a a serolwane se se talana a makhutshwanyane mme dinao di dinnye. Molongwana o thata, o kobegile ka ntlhana e o kareng ke huku. Mogatla o mosesane mme o mo bogareng ka boleele. Mokokotlo le mafofa a dithito tsa maphuka a borokwa. Legetla la phuka, bokwantle jwa mafofa a phofo le karolo e e fa godimo ga serope di mmala o o violet tsotlhe. Dithito tsa mafofa a matelele a maphuka mmogo le mafofanyana a a fa tlase ga ona a mmala o o tswapogileng wa botala jwa legodimo jo bo talana jwa tlhaga, fa mafofa a a kwa mogatleng wa kwa ntle a le maleele mme a le mantsho. Seledu se se sweunyana, mme se tsamaela go mmala wa sehuba o o lilac. Dikarolo tse di ka fa tlase di mmala wa botala jwa legodimo o o botalana jwa tlhaga. Molongwana o montsho fa matlho a le borokwa. Le na le maphuka a magolo le phofo e e maatla.

Phepo

Letlêrêtlêrê le iphepa ka ditsie, dikhukhunwa, mekgaditswane ka nako nngwe, makakauwe le sika loo-segôgwane. A tsoma fa fatshe.

Tsadiso

A dira dintlhaga tse di sa agellelwang mo dikhuting tsa tlhago tsa ditlhare kgotsa mo mesimeng ya motlhwa. Nako dingwe a tsaya dintlhaga tsa mesima tsa boPhaphadikôta kgotsa boMmatlhapi. A beela mae a le 2-4 a masweu, mme a elamiwa ke bong ka bobedi matsatsi a le 22-24. Ka matsatsi a le 19, ditsuwane di a be di setse di tlhogile mafofa ka botlalo, a le borokwa jo bo setlhana.

Maitshwaro

Matlêrêtlêrê a bona leina la ona go tswa mo phofong ya ona e e matsetseleko fa e gwêla. Ke phofo ya moitatlhelo a a bonako gotswa kwa godimodimo di dikologaka kgotsa di roroma-roroma, mme moitatlhelo ono o patiwa ke medumo e e kwa godimo thata. Matlêrêtlêrê otlhe a lebega a nna fela le molekane a le mongwe mme a le lefufa ka kgaolo ya ona. Letlêrêtlêrê La Sehuba Sa Lilac le kotama mo setlhareng se se suleng, moo le lebalebang kgaolo go batlana le setsongwa. Sengwe ka maitshwaro a lona ke gore le tsoma gape le diphologolo tse di tshabang fa go na le molelo wa naga. Ke sefofi se se lobelo, mme le rata go fofa ka majato ka setlha sa tsadiso. A tsadisana 'mo maphukeng'. A phela ka dipara kgotsa ditlhotshwana, fela ana le go bonwa a tsamaya a le nosi. Modumo wa ona ke go goeletsa go go kwa godimo gwa 'zaaak'. A na le bohudugi-nyana, fela ko dikarolong dingwe a dula felo go le gongwe. Fa a ja a phaila a le mo makotamong a a fa godingwana a bapile le setsongwa sa ona se a se jelang mo fatshe kgotsa a boela ka sona kwa makotamong kwa a se betsa-betsang pele a se kometsa ka gangwe. A le fufa ka kgaolo e a leng mo go yona, gape di sireletsa nakwana tulo tse a jelang kwa go tsona; ke ka fao o fitlheleng a ikadile le tsela ka bongwe. A koba diphedi tse dingwe go tswa gaufi le dintlhaga tsa one, le morago ga tsadiso tota.

Tulo

Dikgwa tsa tlhaga, dikgwa tse di bulegileng le dikarolo tse ditlhare tsa mokolane di melang teng ka bongwe.

Di fitlhelwa kae

Ditshidi tseno di tswelela go anama go ralala botlhaba le borwa jwa Afrika go tswa kwa lobopong lwa Lowatle Lo Lo Hibidu lwa Ethiopia le bokone-bophirima jwa Somalia go ya kwa lobopong lwa Angola le bokone jwa Afrika Borwa. Letlêrêtlêrê La Sehuba Sa Lilac le nna kwa nageng ya mosunyana ya ditlhare tse di katoganeng, mafatshe a a welellang a ditlhare-tlhare, mafela a a gaufi le dinoka le lefatshe le le lemilweng, fela ga di ikamanye le bodulo jwa batho.

Leina La Se-Latin

Coracias caudata.