Kganetso go Dikologa Winnie Mandela

Kgang ya ga Stompie Seipei

©Eric Miller
Morago ga Winnie a ne a gololwa mo botshabi ba gagwe kwa Brandfort o ne a letlelelwa go boela kwa gae ka 1986. Fa a boa o fitlhetse gore tikologo ya gagwe e ne e setse e le kotsi le bašwa ba tsamaisa dikhuduego le puso e tsentse maemo a tshoganyetso. Ka maiteko a go thusa ba ba tshwereng ke tlhakatlhakano, Winnie o tlhomile Mandela United Football Club (MUFC) ya bašwa ba ba tseetsweng ditshwanelo. Ka maswabi, mokgatlho o o gakologelwa ka ditiro tsa ona tsa go nna basireletsi ba setšhaba.
Setlhopha se ne sa lwa le baithuti ba kwa Sekolong se Segolo sa Daliwonga, se sa feletsa ka go fiswa ga legae la Winnie le Nelson Mandela kwa Orlando Bophirima lorelore. Dikgang di ne tsadikologa tsa MUFC go nna le maikarabelo a ditlhaselo, go gapiwa ka dikgoka le pogiso. E e itsegeng thata ya tsone tse e ne e le kgang ya Stompie Seipei.
Ka 1988 Stompie e ne e le makgaratlhi wa dingwaga di le 14 yo o neng a le leloko la setlhopha sa MUFC fa a nyelela letsatsi le le lengwe. Mmele wa gagwe o ne wa bonwa ka fa ntle ga Soweto. O ne a biditswe go le maswe mme kwa bofelong o bolailwe ka sekere sa ditshingwana. Tsala ya Winnie, Ngaka Abu Baker Asvat o ne a mo tlhatlhobela dikgobalo pele a tlhokafala. Asvat o ne a bega gore Stompie o ne a na le tshenyego ya leruri ya boboko, o ne a tlhatsa mme a sa kgone go ja. Malatsi a le mmalwa morago ga go bega se, Ngaka Asvat o ne a bolaiwa ke banna ba le babedi ba ba neng ba itirile balwetsi.

Go Golaganywa le Phiso ka Lethaere

©Eric Miller
1988 Fireman at the scene of the fire at Winnie Mandela's house.
Winnie o ne a dikologwa ke kganetsano ka ntlha ya kgolagano ya gagwe le Mandela United Football Club (MUFC) le ditiro tsa yona. Go lebega e kete dingwaga tsa go tshwenngwa tse di rileng, kgatelelo ya maikutlo le maitemogelo a kgolegelong le go kubiwa ka dikgoka di ne tsa dira Winnie a nne popota mme o ne a tlile go bonwa e le mofuta wa lesole mo fatshe. Go ne go akanywa gore mokgwa wa gagwe wa go dira o ne o nna wa tiriso dikgoka thata le go dirisa sesole.
Mo go nngwe ya dipuo tsa gagwe tse di tumileng, Winnie o goeleditswe, “mmogo, re tshwarane mmogo, le mabokoso a rona a mankgwaro le mathaere a rona re tla golola naga e.” Go kaya tiriso ya ‘go fisa batho ka dithaere’, tlhorontsho le go mokgwa wa dipolao wa go pateletsa thaere mo sehubeng sa mongwe mme ba e fise. Go rilwe Winnie o ne a konoteletse tiriso mo puong ya gagwe e bile o ne a golagantswe le ditiragalo di le dintsi tsa phiuso ya batho ka dithaere.

Kganetsano e Ipha Maatla

©Eric Miller
Ka 1990 kiletso ya ANC e ne ya tloswa semmuso. Nelson Mandela mmogo le bagolegwa ba bangwe ba sepolotiki ba ne ba gololwa go tswa kwa kgolegelong mme ene le Winnie ba ne ba golagana gape le monna wa gagwe morago ga dingwaga di le 27. Morago ga moo, ka ge kgololosego e tla fa gaufi, Nelson le Winnie ba ne ba iphitlhela ba tshwaragane mo dikopanong le dipuo, go eta le go golagana le metswedi ya tshedimosetso. Winnie Mandela o ne a tlhomiwa go nna tlhogo ya Katlaatleloloago ya ANC ka Lwetse wa ngwaga oo.
Ka 1991, Winnie le batsalani kwa Mandela United Football Club (MUFC) ba ne ba le tshekong ya go gapa motho ka dikgoka le polao ya Stompie Seipei. Ditatofatso tsa polao di ne tsa pyimolwa mo go Winnie, le fa go ntse jalo o ne a newa katlholo ya kwa kgolegelong dingwaga di le tlhano ka ditatofatso di le nne tsa go gapa motho ka dikgoka le ngwaga o le mongwe go nna le mothusi wa tlhaselo. E kwa bofelong e ne ya fokodiwa ka ngwaga tse pedi ka katlholo e e sekegilweng le R15 000 ya kotlhao tuelo.
Tsheko le kganetsano tse di dikologileng Winnie Mandela di iphile maatla mo lenyalong la gagwe. Setshwantsho sa Nelson le Winnie jaaka banyalani ba leng mo boitumelong se simolotse go nyelela fa magatwe a tlhoka ikanyego mo lenyalong a simolola go dikologa. Ka 1992, go ne ga dirwa kitsiso ya gore ba ne ba kgaogana, mme se sa latelwa ke go ngala tiro ga Winnie go tswa mo maemong otlhe a gagwe a ANC. Tlhalo ya ga Winnie le Nelson Mandela e ne ya fetswa ka 1996.

Translated by Lawrence Ndou