Jinja ka Kakaretso

© Louise Brodie

Liena la Saense: Zingiber officinale
Leina la Tlwaelo: Ginger

Tlhaloso ya Sejalo

Ginger e jalelwa ka thitomodi ya monko e e ka fa tlase ga mmu. Fa godimo ga mmu sejalo ke setlhatshana se tshwana le bamboo mme ka matlhare a a bonolwana le kutu.

Ditiriso

Jinja e dirisiwa go apaya gape e dirisiwa mo mokgweng ya dijo tse dintsi tsa Asia. E ka dirisiwa mo boemong jo bo tala kgotsa e ka dirwa matute, go dirwa botlhokwa kgotsa oli e ka gogwa ka go dirisiwa mo dinong, tse di tsentsweng mo eseineng, dimonamone le tse di tlhokometsweng. Jinja e ntshitsweng gape e dirisiwa go dira melemo le maikaelelo a menko.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanngwa

Jinja e dira go gaisa mo mmung o o leng wa motlhaba le mokata o o monolang sentle. Mebu e tshwanetse go nna godimo ka selo sa tlhago. Suga mmu kgwedi pele ga go jalwa. Lwa ntlha gasaganya monontsha kgotsa motshetelo o o ka nnang 30 m³. Jala mo go ka nnang dimilimetara tse 500 o tswake mmu sentle mme o baakanye makidi. Se ka tlwaelo se dirwa ka diharaka tsa sediko go dira mmu go nna mebotwana ya go jala moo dithitomodi di jalwang.

Tlelaemete

Jinja e jalwa sentle mo dithempheretšheng tsa palogaree ya fa gare ga 28°C le 34°C. E rata go na pula e enang kwa godimo ka nako ya go mela ka jalo nosetso e elekaneng e tshwanetse go neelwa kwa ntle ga pula. Ntshokuno ya jinja gantsi e tletse mo dikgaolong tsa boboatsatsi botlase le go dikologa lefatshe.

Mefuta ya Dijalo

Jinja e e serolwane e e nang le dijo tsa ka fa gare tse di serolwane le jinja e Tshweu e e nang le dijo tsa fa gare tse di tshweu ke tse di jalwang ka bophara gantsi.
Mefuta e mengwe ke Jamaica Oya, le Hawaiian.

Translated by Lawrence Ndou