Hippo
Kubu

© Shem Compion

Leina

Kubu [Hippopotamus amphibius]

Popego

Kubu ke phologolo e e amusang e e kgolo thata, e batlile e le ya kwa metsing ka bokete jwa ditone tse di 2,5. E kgona go tsamaya ka fa tlase ga metsi mo lebopong la noka, mme e ka nna kwa tlase ga metsi metsotso e le me tlhano.

Dijo

Kubu e robala fa gare ga metsi kgots mo thoko ga metsi motshegare mme bosigo ya fula bojang jo bo gaufi le metsi.

Pelegiso

Dikgomo tsa yona di belega namane e le nngwe mo metsing a a mmu, morago ga nako ya go dusa e leng malatsi a a 240. Gantsi dinamane di fitlhwa mo lotlhakeng malatsi a le mmalwa ke mmaagwe, mme morago ga moo mme le lesea di tsenela kwa motlhapeng. Tse di namagadi di fitlhelela nako ya go tlhakana ka bongfa di le dingwaga di le supa go ya go di le robedi.
E e namagadi e kgona go tsala dinamane tse di fitlhang go lesome ka nako ya botshelo jotlhe jwa yona jo bo ka nnang dingwaga di le 35 kwa nageng. Ke naane fela gore mmaagwe o kgona go belega namane kwa mokwatleng. Se se diragalang ke gore mo maemong a a tsididi e nnye e tla ipega mo godimo ga mmayona ka karolo ya kwa pele ya mmele wa yona go aramela letsatsi; Ka ntlha ya fa e e potlana e le boima jo bo kwa tlase e felelwa ke mogote ka bonako go feta bagolo.

Maitsholo a yona

Dinamane di tsalelwa kwa metsing, mme di kgona go thuma pele di ka tsamaya. Kubu ke sethumi se se maatla le go thuma ka bonako, mme e tla tlhasela fa e gobetse kgotsa e tennwe ke sengwe. Ntlha ya gore bontsi jwa batho e tsaa boikarabelo jwa dintsho le dikgobalo jwa bona mo nageng, ka tsele e e leng siamusi se se kotsi thata mo Aforika. Kubu ke phologolo e e ratang botsalano le tse dingwe, gantsi e fitlhelwa mo dikolong (makape a) di le tlhano go ya go 20.

Di fitlhelwa kwa kae?

Pele di ne di phasaladitswe mo Aforikaborwa, fela kubu e fitlhelwa mo kgaolong ya KwaZulu-Natal le Mpumalanga fela, Limpopo e bile e boetse e isitswe gape mo kgaolong ya Botlhaba le Kapa Bophirima.

Mo karolong ya dintlha

Kubu e ka nna kotsi thata mo bathong fa melao ya kwa nageng e sa latelelwe. Di na le go itsege ka go loma le go kgaola diketswana tsa logong ka bogare mme di bo di di kanamisa. Go na le koketsego ya ditlhaselo go tswa dikubung mo bathong fela se ke ka ntlha ya batho ba mafega go le lenyatso fa ba le kwa nageng.