Go Simolola Temôthuo ya Dikolobe

©Glenneis Kriel
Fa o simolola temôthuo ya dikolobe mo Afrika Borwa o tlile go tlhoka leano. Totatota, gotlhe ka temôthuo ya dikolobe go tlhoka leano, go simolola ka polase ya dinamagadi di le sekete goya go motlhape wa dikolobe di le pedi kwa morago ga jarata ya morui wa ditlamelwana di se kae yo o batlang go oketsa lotseno lwa lolapa lwa gage.

Go sa kgathalatsege gore ke polase e kgolo ya dikolobe tsa kgwebo kgotsa e potlana, melawana ya motheo ya thulaganyo ke ele nosi.
Selo santlha go simolola ka sona ke ditlamorago tse di eletswang, dipholô tsa kwa bofelong. A o batla go tsadisa le go rekisa dikolojane? Kgotsa go reka dikolojane le go di godisetsa go tlhajwa? Kgotsa go reka le go rekisa dikolobe jaaka mofopholetsi? Kgotsa go tsadisa le go godisa dikolobe tse di nnye go fitlha mo bogolong jwa tlhabô?

Selo sa bobedi go se akanyetsa fa o simolola polase ya dikolobe ke go fopholetsa ditlhokegô tsa mmaraka - gore o fetofetoga jang, ke wa setlha sefe, le gore ke bagaisani bafe ba ba setseng ba le mo go ona.

Sa boraro, akanyetsa ka ga melao-kganetso, melao-taolô, melao-tsamaiso ya tsa maphelo le ya tikologo, leano la thulaganyo ya toropo kgotsa kgaolo e o ikaeletseng go tlhoma polase ya gago mo go yona?

Morago, dira lenaane-tlhwatlhwa la ditshenyegelo tsa tlhagiso. O tlile go tlhoka go balêlêla tlhwatlhwa ya ditshenyegelo tsa ditlabakelo, le gore ke dikagô dife (tse di jaaka dintlwana) tse di tlhokegang, go tlile go tlhokega metšhine ele mekae ga mmogo le palo ya badiri le bokgoni jwa bona jo bo tlhokegang.

Fa setlhagiswa sa bofelo ele se se senyegang (nama ya kolobe), lebesisa seemo sa tsholô-benkeleng le sa poloko, setsidifatsi, tsamaiso le phuthelo tse o tlileng go di tlhoka.

Ketleletso ya Madi mo Thuông-Kolobe

Fa o rulaganyetsa thuô-kolobe o tshwanetse go bona matlole go tshegetsa kgwebo e ntšhwa mo pakeng ya kgolôpele. Legato la kgolôpele le tlile go akaretsa go tlhoma fense, go aga dihôkô le meagô, go reka didiriswa le go rarabolola tema ya badiri, motlakase, metsi, disuga, insurance, fa o ntse o duelela disuga tsa lolapa lwa gago.

Lebesisa gore go tlile go tsaya nako e kanakang pele go nna lotseno gore metsamao ya madi e nne ka fa go siameng mme e simolole go baakanya ditshalelo-morago.

Fopholetso ya motsamao wa madi ya boammaruri e botlhokwa, fela gantsi ke karolo e e maswe go feta ya loano-kgwebo. Mongwe o tshwanelwa ke go bonela-pele tlhwatlhwa ya tlhagiso, morokotso mo kadimong-madi, tlhwatlhwa ya ditshenyegelo tsa go tsamaisa kgwebo, boboloko, mme o lekalekantshe tseno kgatlhanong le dipoelô gotswa mo dithekisong mo pakeng ya isago fa ditlhwatlhwa le ditshenyegelo di fetofetoga mme di sa lepege.

Fela, fa mogwebi yo o fatlhogang a batla go ikopanya le mongwe wa baetleletsi ba ba ka thusang ka matlole le go tsewa tsia, o tshwanetse gobe a tsere matsapa a go senka thuso ya mongwe yo o tlhaloganyang tsa matlole le, ka botlhokwa jo bo tshwanang, tsa dikolobe.

Go na le dikema di le mmalwa tse di mo maêmông a go thusa le go tsepamisa-tlhaloganyo mo tshegetsong ya balemirui ba ba fatlhogang segolo.

Mmuso wa Afrika Borwa ke moeteledipele mo temeng enô, mme motseletsele wa Matona a Temôthuo ba mo dikgatisong jaaka batshegetsi ba balemirui-potlana le balemirui mo lekaneng le le sa laolweng. Go na le bontlha jo bo bonalang mo kabong ya matlole ya ngwaga le ngwaga, mme ka Mafapha a Temôthuo a Diporofense, matlole a rebolwa le go diriswa goya ka dikomiti-tlhopho tsa porofense ya selegae, tse di nang le kemedi gotswa kwa ditlhopheng tse di maleba tse di dirang ka temôthuo. Makala a mangwe a puso jaaka Lefapha la Tlhabololo ya Metse-Selegae le Pusetso ya Mafatshe a na le seabe.

Fela, ga nke go nna le matlole a a lekaneng go thusa dikopo tsotlhe, ka jalo dikema tse dingwe di nna le seabe, tse di akaretsang Land Bank, dithuso tsa matlole tsa diporofense le dimasepala.

Ka kakaretso, motlabošweng kgotsa motlhagisi wa kolobe o monnye ba tshwanetse go ikopanya le Lefapha la Porofense jaaka legato lantlha, mme ba bone karolwana e e dirang tshegetso le kgolôpele ya bolemirui.

Katiso le Kgakololô go Balemirui ba Dikolobe ba ba Ntšhwa

©Dr Jim Robinson
Mokgatlho o o tlhagelelang ka magetla ebile diragatsa ka go gaisa ke South African Pork Producers Organisation (SAPPO), mme bontsi jwa batlhagisi ba kgwebo ke maloko a ona. SAPPO ga jaana e oketsa maloko a yona gotswa mo balemirui-potlana ba ba fatlhogang ba dikolobe.

SAPPO e kgona go fitlhelela matlole a a abiwang ke balemirui ba kgwebo mme a kokoanngwa kwa tlhabông goya ka palo dikolobe tse di tlhajwang. Matlole anô, ka go buisana le mmuso, a dirisetswa mo papatsông ya bodirelo jwa dikolobe, mme percentage e e rileng e iswa kwa balemiruing ba ba fatlhogang mo ditirong tse di amanang tsholetso le katiso. Matlole anô, ga se madi a go etleletsa dikgwebo tse di ntšhwa kgotsa ditshenyegelo tsa phepô.

Pig Veterinary Society (PVS) ke setlhopha sa South African Veterinary Association se se dirisanang ka tirisano-mmogo le SAPPO le batlhagisi ba kgwebo mo go rulaganyeng katiso le dithuto tsa bogakolodi, dipontsho le dikopano tsa toga-maano. Dikopano tseno tsa katiso di tsepamisa matlho mo bosireletsing-tshedi, loago, phepô le meagô ya dikolobe, thibelo le taolô ya malwetse.

Translated by Nchema Rapoo