Go Jala Mabele

©Rik Schuiling TropCrop-TCS
Mabele ke semela se se golelang ka bonako se se tlhokang dithemphoritšhara tse di kwa godimo gore se mele le go gola, le fa gole jalo dithemphoritšhara tse di kwa godimo go fetisa di fokotsa thôbô. Themphoritšhara ya 27 goya go 30°C e a tlhokega go bona kgolô e e namatsang, mme dithemphoritšhara tse di kwa tlase ga boswakgapetla di tlile go senya sejalo.
Mabele ga a tlhoke nosetsô fela a tshwanetse go jalwa fa mmu o le metsi. A diragatsa go phala mmopo ka motsi wa komelelô. A ka lengwa ka go dikolosana le dimela tsa monawa (jaaka cowpeas) gore a ungwelwe gotswa mo go nitrogen e e rebolwang ke monawa.
Mabele a mela mo dikgaolong tsa tshologo ya dipula e e kwa godimo le tsa tshologo e e kwa tlase, mme a tshwanetse go jalwa kwa boteng jwa magareng ga 2.5cm (bophara jwa monwana mo mmung o o bokete) goya go 5cm (mo mmung o o motlhaba). Mabele a itshokela dikgotledi mme a kgona go diragatsa bontle mo mebung e e botlhole e e bolayang bontsi jwa dijalo.
Mabela a tshaba malwetse a a runyang ka go anama le a bacteria, a a ka bakang thôbô e e kwa tlase le boleng jo bo bokoa, fela, a ka laolwa ka go dirisa dipeo tse di senang malwetse le dijadi tse di kgonang go lwantsha malwetse. Sekaseka gape mabele go lemoga malwetse a Chilo borer, borer ya kala ya mmopo, Aphids le bollworm.

Kotulô ya Mabele

Phulô ke mokgwa o o tlhwatlhwa-tlase go gaisa wa go kotula sefepi - diphologolo di ka ijela!
Kotulô ka motšhine e siame mo go kotuleng mabele go dira silage, fela fa go kotulwa dithoro go ka diriswa seatla, mme ditlhogwana di omisetswa fa fatshe kgotsa mo bodilong jo go phothelwang mo go jona. Fa sejalo sotlhe se segilwe, se tlogele mo tshimong gore se butswe malatsi ale 10 - 14, mme o se phothe go kgaoganya ditlhaka gotswa mo matlaping.
Ditlhaka di tshwanetse go ka tlhaolwa - go di ntsha matlapana, ditshenekegi le dilo dingwe tse di sa batlegeng - pele di ka pakwa.
Di beye di omile, di pakilwe ka go kgotlagana mme o di tshole kgakala le diphologolo kgotsa ditshenekegi.
Thôbô ya semela se se tala e ka farologana gotswa go 20t/ha goya go 75t/ha ka fa tlase ga maêmô a a eletsegang.
Dithoro tsa mabele di tlhaolwa goya ka boleng jwa momela mme di nna teng jaaka mabele a dijo, momela kgotsa sefepi.

Translated by Nchema Rapoo