Dr Peter Magubane le Dikhuduego tsa Soweto

© Dr Peter Magubane

Seetebosigo 16 ka Bontsho le Bosweu

Letsatsi ke 16 Seetebosigo 1976. Pelenyana ga letsatsi leno, gona le mowa o o fietseng naga. Lefoko le aname jaaka molelo o o sa bonagaleng. Baša ba bantsho ba hupile sephiri ka marama. Tota le barutabana kgotsa batsadi ba bona ga ba itse ka ga mogwanto o o rulagantsweng. Setšhaba se tlile go gakgamala mo mosong o o tsididi ono wa mariga, jaaka dikgang ka ga ditshupetso kgatlhanong le thuto ya Bantu le tiriso ya Afrikaans jaaka lolemo lwa thuto di sutlha.

Di simolola kwa Soweto, di anamele kwa Alexandra, gaufi le Pretoria ya maloba (e ga jaanong e leng Tshwane), ka jalo malakabe a tsona a etegela. Fa babegadikgang ba kganelwa go tsena ka Soweto, Dr Peter Magubane o mo felotiragalong, didiriswa tsa gagwe di tlhometse. Lesole ka setsayaditshwantshô.

Kwa kgakajana o bona mosi o montsho o o belaetsang, sesupo sa ditiragalo mo lebaleng. O tsamaya mo magareng a mafelo ano. Dr Peter Magubane o na le ditshwantshô tsa 16 Seetebosigo tse di ntsi go feta batsayaditshwantshô ba bangwe. Ditshwantshô tsa bontsho le bosweu tsa bana ba sekolo ba ba tshabang marumo a ditlhobolo a a ikaeletseng go ba bolaya. Maikutlo a a kopaneng a letshogo le kgololosego a tshutshuma mo difatlhegong tsa bona.

Ke motsi o o maatla wa diphetogo mo lefatsheng la kgatelelo, o o tla gatisetswang dinako tsotlhe ke setsayaditshwantshô sa ga Dr Peter Magubane.

Go Senotswe: Ditiro Tse Di Maswe Tsa Tlhaolele

Ka motsi mongwe, fa Dr Peter Magubane a ntse a bega tsogo-kgatlhanong e e tsweletseng, sepodisi se tlhasela motsayaditshwantshô ono mme se thube nko ya gagwe. Se tla mo laela go senola filimi ya gawe mo leseding, se senye ditshwantshô tsa gagwe. Peter o tshwenngwa thata ke go latlhegelwa ke ditshwantshô go na le sefatlhego sa gagwe se se tletseng madi. Lefatshe le tlhoka go bona thèrègo e e ka se ganediweng, bosetlhogo jwa tlhaolele jo bo gatisitsweng mo filiming.

Moragonyana mo ngwageng oo, fa sepodisi se rotloetsa badudi ba hostele ya Mzimhlophe go tlhasela baagi ba motsesetoropo, Peter o dira go fitlha bosigo a bega tirisodikgoka e. Fa a feta kwa logaeng lwa gagwe kwa Diepkloof go ya kwa dikantorong tsa lokwalo-dikgang, o bona ntlo ya gagwe e tuka.

Ga ana maatla jaaka a leba moago o phuaganela fatshe. Mme gape ka Phatwe 1976, o golegwa matsatsi a le 123 le babegadikgang bangwe ba batho bantsho – teko e nngwe gape e e faloditseng ya puso ya go leka go thibela tiro ya gagwe ya go senola ditiro tse di maswe tsa tlhaolele.

Ditshwantsho Di Gatisa Histori

Nako dingwe tiro ya ga Magubane e gata menwana ya bangwe. Fa a tshosetswa, o bua a itsetsepêtse 'Ga ke tseye matshosetsi!'. Ke monna o o bodipa, yo o tšhakgalang fa a sa bone se a se batlang. Batho ba le bantsi ba iphitlhela ba obamela bolaaodi jwa gagwe. Kwa bofelong, o ile kgatlhanong le puso ya mokgatlo wa National mme a fenya.

Ga gona se se kalo se se ka tshosetsang Peter Magubane. Go botlhoko go bua ka tse di fetileng, fela o di bua ka bopelotshweu. 'Nako dingwe mo tirong ya me nka kopana le motho a kgaratlha, gongwe a swa', fela ditshwantshô di tla pele.

'Ke fela morago, fa ke fitlha gae, mo ke ipotsang potso “O dira eng?”'. Fela moso o o lateng, o boela mmileng ka setsayaditshwantshô mo seatleng. O ne a gogiwa ke tumelo ya gore, 'Lefatshe le tla araba!'