Dinwamadi

© Roger de la Harpe
Bont Tick (Amblyomma hebreaum) found in short pasture targets birds and mammals.

Bogologolo, bo rapolase ba ne ba sa itshwenye thata ka bothata ba dinwamadi tse di bonwang ka kwantle ga mebele ya diphologolo, jaaka dinta, ditshitshiri le dikgofa. Gontseng jalo, ditshenekegi tse di fepa ka madi a dikgogo, ka jalo di ditlhokisa phuthologo, mme di ka baka malwetse, mathata a kgolo le go ama bokgoni ba tsone go ka beela mae a mantsi. Gantsi di ka baka loso la dikgogo, bogolosetonna jwa ditshuenyana le dikgogo tse di bokoa.
Dikgogo di ka bona tlhaselo ya dithsenekegi tse fa di ka golagana le diphologolo tse dingwe tse di nang le tsone, jaaka borotwe, didnonyane tse dingwe, didiriswa tsa polase, jaaka di-crates. Ka kgwebo tsamaiso tse dikgolo – kwa o tla fitlhelang dikgogo di bokwantswe ka bontsi mo lefelong le le esi-bo rapolase ba tshwanetswe ke go nna bale malalaotswe ka gonne tshwaetsano e ka gasagana ka bonako mme ya ama diphologolo di le dintsi. Bo rapolase ba ba ruang dikgogo tsa free-range ba atshwanetswe ke go tlhatlhoba diphologolo tsa bone ka metlha go nnetefatsa go tlholego ya bothata jo e tlhokomelwa ka bonako gore e seka ya itswela mo taolong.

Dinta

Dinta tsa Avian lice di na le matsopa (species) aa ikgethegileng. Di ka fepa ka matlalo, mafofa ka jalo di ka se kgotlhelele mo bathong kgotsa mo dimamaleng tse dingwe. le fa go ntse jalo, di santse di ka go loma, mme wa sala o na le matshwao a mashibidu mo letlalong la gago, ka jalo go botlhokwa go apara diaparo tsa tshireletso le di kausu tsa matsogo ga o tlhatlhoba diphologolo tsa gago.
Di bonala jang?
Go na le mefuta ee farologaneng ya tsone, mme enngwe le enngwe e na le boikgethelo ba yone ba lefelo le e le rata mo kgogong. Tse dingwe di rata mafofa ga tse dingwe di ka ikgethela diphuka, mmele kgotsa tlhogo. Gantsi di ka nna 2mm go ya go 5mm ka boleele, ga dina diphuka, di na le maoto a le thataro, di sephaphathi, mme e ka nna mmala wa lephutshe (yellow), kgotsa borokwa (brown). Mae (nits) a yone a ka nna bosetlha-bosweu go ya go mmala wa tlhaga mme e beelwa ka setlhopha.

Matshwao a Tlaselo

Dinonyane tse di nang le dinta di tla bonala ditshwenyegile mme dile bonya. Mafofa a tsone a ka bonala a tlhakatlhakane, e bile tlhoba. Di tla ingwaya gantsi, di nnetse go ikatla di batlana le phologo. Letlalo le ka babelwa, mme seo se ka di bakela tshwaetsego ya bacteria. Tlhaselo ee kwa godimo e ka ama tsalo ya tse ditona, bokgoni ba go beela ma mogo tse di namagadi le go nona thata ga ditsuenyana. Tse dingwe di ka tlhokafala, bogolosetona ditsuenyana.

Translated by Ikalafeng Maedi