Dinotshe le Mmudula

© Eli Shany

Mmudula ke Eng?

Mmudula ke sere se se ntshitsweng ke diramodula tsa dimela tse di ntshang peo. E na le dithoro tsa dimmudula tse di boleta tse di nang le mae a bonna, disele tsa peo ya bonna tsa dimela. Mae ano a bonna a kopana le disele tse dingwe ka tsela e e bidiwang monontsha.

Go bua ka kakaretso, go na le mefuta e mebedi ya mmudula:
Entomophilous mmudula - e tserweng ke ditshenekegi ka nako ya go dulafatsa.
Anemophilous mmudula - go kukiwa ke phefo go na le gore ka ditshenekegi le tse di tsamaelanang le ditshwaetso.

Mmudula ke motheo o o botlhokwa wa dijo tsa dinotshe, o abelana ka poroteine mo dijong tsa dinotshe tsa bagolo, mme e bile o botlhokwa thata mo go boneg boima jwa mmele mo notsheng ya seboko e e sa tswang go thuthuga.

Metswedi ya Mmudula

Mo Aforika Borwa, ditlhare tsa boka, ditlhare tsa setlogo le ditlhatshana, dijalo tsa temothuo, mefero le dithunya tsa tshingwana di neelana ka mmudula 'poroteine' le botshe, dikhabohaetereite, mo dinotsheng tsa tswine ya dinotshe go dira dijo. Dimela tse di golola botshe le mmudula ka dinako tse di farologaneng.

Maemo a poroteine a farologane mo metsweding e e farologaneng ya mmudula. Mmudula wa boleng jo bo kwa godimo o ntshiwa ke ditshedi tsa tlelouba, almonte le ditlhare tsa pere, mefuta ya ditshedi tsa Populus, dilupine le kanola. Boleng jo bo kwa tlase jwa mmudula o o tserweng go tswa mo borekhung jwa mmala wa loapi, sonobolomo, monamune le ditshedi tsa Typha.

Dipatlisiso tsa 2017 kwa Saudi Arabia e kaeditse diteng tsa poroteine ya luserene 20,2%, palema letlha 19,8%, kanola 18,9%, sekwaše sa selemo 16,4 % le disonobolomo 15,2%.

Mo Aforika Borwa, metheo ya mmudul e ka akaretsa echium e perese, go feta 30% poroteine makadamia 16-22%, mmidi 14-15%, le ditlhare tsa peine 7-8%. Diteng tsa poroteine ya Eucalyptus diphedi tsa mefuta e e farologana go tloga ka 17% go ya go 30%.

Ka ditlhare tsa boka mo Afrika Borwa, sethunya sa boka se se khibidu 'Corymbia ficifolia', kutu ya tshipi e tshetlha 'Eucalyptus paniculata, lebokoso le le serolwana 'Eucalyptus melliodora' le kutu ya tshipi e ntsho di mosola thata mo dinotsheng.

Go Kgobokanya Mmudula

Mudula o kgobokantswe ke dinotshe tsa badiri le go tsamaisiwa go ya kwa motshitshing ka seroto sa mmudula 'corbicula' ka maoto a tsona a kwa morago. Mmudula o kgobokangwa mo mmele wa dinotshe tse di nang le boa. Jaaka di fofa, motsamao wa diphuka o dira motlakase o o emeng le go tsosa go go sa siamang. Fa notshe e kotama mo sethunyeng, mmudula wa tshikinyega go tswa mo diramuduleng le go kgomarela mo moriringo emeng e khupetsang mmele wa notshe ya tswine ya dinotshe.

Loleme la notshe le metlhagare gape di dirisiwa go mona le go kgobokanya dithoro tsa mmudula go kolobetsa diselelwane tsa mmudula, go e dira gore e kgomarelane. Go tloga fao mmudula o falwa mmogo ka maoto a kwa morago, di kitlanegeditswe mo dikgweleng e gatisitswe mo go corbicula.

Kwa morago ko motshitshing, mmudula o tsenywa mo seleng, mmogo le ditswaki tse dingwe.

Mmudula jaaka Motswedi wa Dijo

Fa mmudula e tserwe go iswa mo motshitshing le go pakelwa mo diseleng tse di lolea, e tswakilwe le botshe le diedi tsa tshilego pele ge e tswalelelwa mo seleng ka kelotlase ya tswien ya dinotshe. Diedi tsa tshilo di na le esiti ya mo mpeng e e nang le baketheria e e leng gore e sila disukiri ga nnyane, e kgaola diporoteine go nna diaminoaesite tse di leng bonolo go silega le go thibela kgolo.

Motswako o, o bidiwang ‘borotho ba dinotshe’ o fepiwa mokone wa dinotshe tsa tswine ya dinotshe go badiri ba dinotshe ba sa tswang go thuthuga. Dinotshe tsa badiri tsa bašwa di tlhoka borotho ba dinotshe bo nonneng ka diporoteini go tlhabolola dikgeleswa tse di di tlhokang jaaka dinotshe tse di godileng go fepa mokone le notshe ya tswine ya dinotshe ya kgosigadi. Dinotshe tsa bagolo di ja tswine ya dinotshe.

Mmudula wa dinotshe o teng kwa kgwebong go jewa ke batho mme o kokoanywa ke baruanotshe go tswa go mo dinotsheng tsa badiri tsa tswine ya dinotshe, di dirisa serai sa mmudula. Tiriso ya mmudula e na le mathata a magolo le tota, United States Food and Drugs Administration 'FDA' mme o ganetsa dipolelo tsa ‘ motheo o mogolo wa tlhago ya proteine’, ‘sebolaya mogares’ le ‘tlosa tshwaetso’. Dikganetsano kgatlhanong le tiriso ya mmudula wa dinotshe go jewa ke batho go akaretsa gore seno se tla fokotsa go nna teng ga poroteine ya dinotshe, mo godimo ga moo, ntlha ya gore go na le mekgwa ya go tlatseletsa dijo tsa batho ya tlhotlhwa e e ka tlase.

Translated by Lawrence Ndou