Cape Mountain Zebra
Pitse ya naga ya kwa Thabeng tsa Kapa

© Nigel J Dennis

Leina

Pitse ya naga ya kwa Thabeng tsa Kapa (Equus Zebra Zebra)

Ponalo

Pitse ya naga ya kwa Thabeng ke e nnye go fitisisa mo dipitseng tslotlhe, e ka nna boima jwa dikilogerama di le 230-260 le botelele jwa tiro jwa dimetyara tse di 1.6 go ya go tse di 1.28 go ya kwa legetleng. Jaaka fa methalo e mo mmeleng e bapileng go feta pitse ya naga e bidiwang Pitse ya Burchell ya yona ke e mentsi. Methalo e e fapogang e taologile go fitlha kwa maotong. Bonno jwaa yona ke jo bo dikaganyeditswe ke methalo e e mekima e tshwana, mme e e eme jaaka khutlonne e e bapileng, mme mebala e taolositsweng e bonagala kwa legetleng. Dimpa ke tse di tshweu mme ga dina mela epe. E na le ditsebe di le dimilimetara tse di 220 tse di katogileng monyo.

Pelegiso

Di kokoana ka mephato o o tsenyeletsang e namagadi e le ngwe go ya go tse tlhano le dinamane tsa tsona, ka fa tlase ga boeteledipele jwa e le nngwe e tona. Phetotekanyetso ya tse di tona e kokoana ka ditlhopha tsa fa di so simololeng go tlhakana le tse di namagadi ka bong.

Di fitlhelwa kwa kae?

Go tswa bogologolo ditlhopha di ne di phasaladitswe mo dithabeng tsa kwa Botlhaba le Kapa Bophirima. Ka ntlha ya kgatelelo ya go tsomiwa, mofuta o wa pitse o batlile go nyeletswa ka knako ya bogare jwa ngwaga wa1930. Di ne tsa folotswa ke molao o o beilweng wa go sireletsa ditsake ka 1937 kgoeletso ya thaba ya kwa Phakeng ya Bosetšhaba ya Dipitse, kwa Cradock Kgaolong ya Kapabotlhaba. Gompieno ke mefuta e e meraro fela e e sa ntseng e le teng, mme e filthelwa ka Kamanassie karolong ya dithaba, kwa dithabeng tsa Gamka le kwa Phakeng ya dithaba ya Dipitse. Mophato o mo ntšhwa o tlhagelela kwa De Hoop Nature Reserve tse di tlisitsweng ka bongwe ka bongwe go tswa kwa Phakeng ya bosetšhabaya Dipets, kwa dithabeng tsa Kamanassie, mme jaanong e e nyeletseng ya kwa Kouga le Outeniqua kwa dithabeng. Tse dingwe tsa mephato e me nnye e filthelwa kwa Kapa Botlhaba le tse dinnye tsa mo lefelong la motshamekong ya Small Karoo, di fudusitswe go tswa kwa Phakeng ya Ditahba ya DipitseThaba.

Mo karolong ya dintlha

Le fa e kile ya umakiwa kwa Palamenteng ya Aforikaborwa jaaka ‘ditonki mo diaparong tsa kgwele ya dinao’ Pitse ya naga ya kwa Kapa ka lesego e kgonne go tswelela go nna e tlhophiwa e le tlhomilweng go ya ka tlhamalalo ya tshireletso. Dipalo di ile da ya kwa tlase ga someamatlhano le puisano ka puso ya Aforikaborwa ka bo1930 ka lesego e dirile gore di tlhokomelwe ka papbalesego e tlhomilwe, le mororo bangwe ba nnile le kganetso e bogale.

Zebra

Gona le mefuta e le mebedi ya Pitse Ya Naga mo borwa jwa Afrika, Pitse Ya Naga ya lefatshe je le phaphathi kgotsa Burchell le Pitse Ya Naga ...more