Zebra
Pitse Ya Naga

© Shem Compion
Gona le mefuta e le mebedi ya Pitse Ya Naga mo borwa jwa Afrika, Pitse Ya Naga ya lefatshe je le phaphathi kgotsa Burchell le Pitse Ya Naga ya kwa thabeng. Jaaka maina a kaya, di fitlhelwa mo ditikologong tse di farologaneng e le tota, le fa go itsiwe di kgona go nna mmogo kwa lefatshe le le phaphathi le dithaba di kopanang teng. Mofuta wa boraro, Pitse Ya Naga ya Grevy, o fitlhelwa kwa Afrika Botlhaba.

Pitse Ya Naga ya Burchell

Pitse Ya Naga ya Burchell ke yona e tlwaelegileng thata mo nageng ya Afrika mme e kgaogantswe ka dika-mefuta di le supa go ralala lotso lwa yona. Kwagga, e e setseng e nyeletse, ke seka-mofuta wa Pitse Ya Naga ya lefatshe je le phaphathi mme baitse-ba-ditshedi ba leka go e busetsa mo botshelong ka lenaneo le le dirisang DNA ya Pitse Ya Naga e e kgethegileng. Lenaneo leno le setse le bone katlego jaaka diphologolo dingwe tse di tshwanang le Kwagga di setse di nyenyeuma mo lefatsheng.

Pitse Ya Naga ya Kwa Thabeng

Jaaka leina le kaya Pitse Ya Naga ya kwa thabeng e fitlhelwa mo dithabaneng tsa diprofense tsa Kapa Bophirima le Botlhaba tsa Afrika Borwa le kwa dikgaolong tse di omeletseng tsa dithaba tsa Namibia. Ka bonnye mo go Pitse Ya Naga ya Burchell, Pitse tsa Naga tsa kwa thabeng di kgaogantswe ka dika-mefuta di le pedi: Pitse Ya Naga ya kwa thabeng tsa Kapa le Pitse Ya Naga ya kwa thabeng ya Hartmann.

Dintlha tse di Kgatlhisang ka Pitse Ya Naga

Ga gona Pitse tsa Naga tse pedi tse di tshwanang ka mela, jaaka menwana-kgatiso ya batho mela ya Pitse Ya Naga e farologane goya ka nngwe le nngwe. Pitse Ya Naga ya Burchell ke phologolo ya bosetšhaba ya kwa Botswana mme e fitlhelwa mo lotshwao-semmuso lwa naga eo.