Botsamaisi jwa Dikgatelelo tsa Maikutlo a Dokgogo

© Chris Daly
Dikgogo di bonala jaaka diphologolo tse tselang ka boitumelo, di sa kgathalesege, ga mme go na le mabaka kgotsa dilo dile dintsi tse di ka di tlisetsang matlhotlhapelo, mme seo se ka di bakela malwetse.

Metsi le Dijo

Dijo di ka dibakela mathata fa e le gore di a tlaela, ga di fitlhelelwe bonolo, go na le kgaisano ya go ka dibona mo setshabeng mme di a lwelwa, ga dia silega ka mokgwa o di itumelelang yone, kgotsa dijo di na le letswai le le ntsi. Engwe le engwe ya tse e ka dira gore dingale go ja mme seo se ka dira gore di fellwe ke matla a go thibella malwetse. Mouta mo dijo le one o ka nna le dikokwanatlhoko tse di borai (poisonous) tse di ka gatelelang masole a mebele ya tsone.

Seo se akaretsa ga dinonyane di sa bone metsi a a lekaneng, kgotsa ga metsi ao a ka nna bolelo kgotsa a seemo se se kwa tlase. Go ya ka mokgatlho wa South African Poultry Association, kgalo ya metsi mo meleng (dehydration) e ka baka matsapa mme e ka baka komelelo ya mesifa ya go hema mme seo le sone se fa malwetse tsela ya go ka difeketsa. Metsi a a leswe le one ga a siama ka gore a ka nna le dikokwanatlhoko tse dintsi tse di bakang malwetse le tse di ka feketsang masole a mmele.

Maemo a Lefelo la Tsone

©Chris Daly

Kganya le yone e ka di bakela mathata fa di ka iphitlela di sa bone nako e e lekaneng ya lefifi go ka ikhutsa. Go ya ka maele a World Health Organisation, dinonyane tse di tshwanetswe ke go fiwa sebaka se se maleba sa go ka itlwaetsa diphetogo tsa boleele ba letsatsi fa dile kwa mephatong e e farologaneng ya tsamaiso ya diro, le diphetogo tsa mothsegare tsa kganya go lefifi kgotsa lefifi go kganya. Kabelo ya kganya le lefifi e tshwanetswe ke go lekalekantshiwa gore di seka tsa pitlagana kwa mafelong a a nang le kganya di tshabela dikarolo tse di leng lefifi.

Maemo a bolepi le boleng ba mowa bo ka tlisa mathata. Go ka nna maleba go kgetha matsopa a a kgonang go phela ga maemo a loapi a le bothitho, jaaka matsopa a tlholego kgotsa diNaked Neck fa e ele gore mogwebi o ikaeletse go di rui ka kwantle mo lefelong le le bothitho. Dikgato di tshwanetse go tsewa go nnetefatsa gore dinonyane di bona moriti o o lekaneng, metsi le go thibelela mogote go ka ama dijo ka ga seo se ka di dira gore di seka tsa ja.

Serame le sone se ka ditlisetsa matlhotlapelo mme sa ama bophelo ba tsone, kaga seo se ditlhokisa mafolofolo a go iphuthumatsa. Tsela e e bonolo ya go ka lemoga fa dikgogo di ka nna le seteres ka lebaka la maemo a bolipe ke go lebelela mekgwa ya tsone: Fa dinonyane di gatsela di tla leka go fothumatsana ka go pitlagana lefelonngwe. Di tla ja thata go leka go bona tlhagatlhaga a di a latlhetsweng ga di leka go fithumala.

Dinonyane tse di amiwang ke mogote tsone di tla hemela kwa godimo mme o dibona ekete di palelwa go go hema sentle. Di tla tsholetsa diphuka thata mme di leke go katoga dinonyane tse dingwe gore di bone phefo e bile o tla di bona ekete di na le letsapa. Mogote oo kwa godimo o ka dibakela letshololo (diarrhoea), fa tse dingwe di ka tlhaselwa ke mototwane (seizures and convulsions).

Fa di ruiwa mo meagong ya bodirelo (poultry production houses), go ka dirisiwa climate control go ka tsholetsa le go fokotsa mogote le serame mo mafelong a tsone. Go botlhokwa go tsaya tsiya go di bona mowa o o di lekanetseng (ga o montsi kgotsa ga o lekane). Go tshwanetse gore go nne le mowa o o lekanetseng gore metsi mo moweng a kgone go nna teng (moisture in th air) mme mowa o, o seka wa nna montsi thata go ka digatsetsa.

Fa metsi a sa ntshiwe sentle mo ditlamelong tsa tsone tsa go robala go ka nna le palo e e kwa godimo ya ammonia, mme seo se ka tlhola malwetse a mafatlha mo go tsone. Fa e le gore mowa o o leng ka fa marulelong a tsone o emeletse thata, dinonyane di ka tshwenywa ke lerole.

Kamego ya Malwetse le Ditlhodi tsa o ne

Maitshwaro a a seng phepa kgotsa diphologotswana tse di letshwenyo (pests) di ka tlisa matshwenyego mo dinyonyaneng fa di ka iphitlhela di tshwenya ke dinonyane tsa naga, bo rotwe, magotlo le dintshi mo mafelong a tsone. Diphologolo tse di tlile go tshwenya dinonyane, mme di ka tlisa matshosetsi a magolo a malwetse. Dinonyane di ka nna tsa bona kgatelelo ka gore di setse di lwala, mme seo se bidiwa pathological stress. Go thibelela kgateledi eo le ditlamorago tse di masisi, dinonyane di tshwanetswe ke go bona kalafi ka bonako.

Personal Space and Handling

©Chris Daly
Sebaka le sone se ka tlisa matshwenyego ga dinonyane di ka iphitlhela di pitlagane mo lefelong, ka ga seo se ka dira go setshaba se lwanele dijo, metsi mme le dikgotlhakgotlhang di ka nna teng. Dinonyane tse ga di rate go tshwariwa ke ope, ka jalo go ditshwaratshwara le gone go di tlisetsa matshwenyego. Bagwebi ba rotloetswa go nna le maano a a maleba fa ba batla go tshwara dinonyane tse gore ba seke ba di tlisetsa matshwenyego.

Matshwao a Matshwenyego

Tse ke ditemoso tsa fa dinonyane di na le matshwenyego:

Dikgotlhakgotlhang le dintwa
Go tswa le go wa ga mafofa
Diphetogo tsa mokgwa o di jang ka one – aa dija thata kgotsa kwa tlase ga tlwaelo
Letsapa kgotsa dibonala di le botswa
Go ota ga tsone
Ga o ka bona di beela mae a a kwa tlase ga palo
Di bontsha matshwao a bolwetse

Translated by Ikalafeng Maedi