Boleng jwa Tswine ya Dinotshe le Dikuno

© Waugsberg

Tswine ya dinotshe ke seedi se se sukiri se se kitlaneng se se dirilweng, ke dinotshe le ditshenekegi tse dingwe, go tswa mo botsheng jwa dimela mme se ka fitlhelwa ka mefuta e e farologaneng - go tswa mo se elelang kgotsa se dirilwe lebebe ka phopholego go ka nna le mmala o o bonalang, le kgotsa ntle le dikarolwana tsa kamo ya tswine ya dinotshe.

Go ya morago ka letlha bonnye dingwaga di le 4 000 go letshwao la lefoko kwa Egepeto e e bontshang botshelo jwa dinotshe, tswine ya dinotshe e nnile fela motheo wa sukiri o o itsegeng mo mothong mo millenniamong. Kgatlhego mo boruanotsheng e simolotse ka 1792 morago ga buka ka ga dinotshe le tswine ya dinotshe e kwadilweng ke Francois Huber, moitseanape wa tlhago wa sefofu le ka bo1850 moruti wa kwa Amerika Lorenzo Langstroth o tsweleditse motshitshi ya ntlha o o sutiswang, patente e e santse e dirisiwa gompieno.

Maemo a Tswine ya Dinotshe

Gajaana molao wa Aforika Borwa, Molao wa Maemo a Dikuno tsa Temothuo, 1990 (Molao No. 119 wa 1990) e tlhalosa digerata tse pedi – gerata ya tlhopho le gerata ya intaseteri – mo tswineng ya dinotshe ya seedi, tswien ya dinotshe e e dirilweng lebebe le tswine ya dinotshe ya kamo. Molao o o laola boleng ka go tlhoma maemo a dipharologano tse dingwe tse di jaaka furukthose go ya go kabo, kitlano le HMF (hydroxymethylfurfural e e leng gone mo tswineng lya dinotshee dibontshi tsa honey boleng) diteng.

Mmala le Moutlwalo wa Tswine ya Dinotshe

Boleng jwa tswine ya dinotshe ga e amane ka gope le mmala wa yona. Mmala wa tswine ya dinotshe o ikaegile ka motsweding wa botshe mme e simolola go tswa mo metsi a a tshweu go go ya borokwa jo bo fifetseng kgotsa go batla go nna bontsho.

Sekao, tswine ya dinotshe ya mmala o o botlhofo di ka simologa go tswa mo dithunyeng tsa monamune, fa tswine ya dinotshe ya mmala o o boserolwane jo bo fifetseng ka nna e tlhamilwe go tswa mo botsheng jwa dithunya tsa obokhado kgotsa dithunya tse di tlhaga.

Boto ya Bosetšhaba ya Tswine ya Dinotshe e e leng kwa US e tlhalosa gore, go sa le jalo, tatso le moutlwalo, gape di ikaegile mo motsweding wa botshe. Tswine ya obokado e tla nna le tatso e e humileng ya botoro fa tswine e ntshitswe go tswa mo dipheding tsa Eucalyptus e ka bontsha mefuta e e farologaneng ya diporofaele tsa moutlwalo, mme gantsi e na le moutlwalo o o popotaka tatso e e batlileng e nna ya melemo. Se se fapaanang le se, tswine ya dinotshe e e dirilweng go tswa mo dithunyeng tsa monamune e na le tatso e e botsatsa e e farologaneng le mmala wa botlase o o bonamune. Tswine ya borekhu jwa mmala wa loapi ke mmala o o serolwane jwa lesedi ka moutlwalo o o utlwalang sentle. Tswine ya dinotshe ya Acacia e botsatsa le go nna sukiri thata ka diteng tsa sukrose e e kwa fatshe fa tswine e e tswang mo luserene e e kwa tlase thata ka sukiri go feta mefuta e mengwe ya tswine. Tswine ya dinotshe e e dirilweng go tswa mo dithunyeng tsa botshe ba kanola e nna dithoro ka bonako thata, go le gantsi tota le mo motshitshing.

Mefuta ya Tswine ya Dinotshe

Tswine ya dinotshe e e tala ga e ise e gotetswe, e diriwe kgotsa go bolayabaketheria mme e tshwanetse baruanotshi ba bašwa sentle, ka gonne ga e tlhoke kgotetso ya tlhatlhwa e e kwa godimo le didiriswa tsa gotlhotlha. Gape e na le mmudula wa dinotshe, e e leng kwa godimo ka diamino esiti le ditswako tse dingwe tse di mosola.

Tswine ya dinotshe e tala e ka, le gale, nna bomaru, ya titielwa le go nna dithoro (go dirwa legakwa). Ntshokuno ya teng ke e bonya mme e ka nna le baketheria.

Tswine ya dinotshe kwa kgwebong kgotsa ya tlaelo e ka nna e sa bolawabaketheria. Polayabaketheria ke polao ya dibaketheria ka go gotetsa sejo go ya go 70℃ mme ya tsidifatswa ka bonako. Kgotetso ya tswine e dira gore go nne bonolo go e tlhotlha le go etsenya mo mabotlolong mme gwa ntshiwa tswina e e bonalang, e e ka se dirweng legakwa.

‘Tswine ya dinotshe e e dirilweng lebebe’ ke tswine e e dirilweng legakwa sentle, mme ya dirwa go nna jaaka lebebe e e tlhomameng e e tshwanang le phopholego e e borethe.

‘Go kgaola kamo ya tswine ya dinotshe‘ go kaya dikamo tsa tswine ya dinotshe tse di nang le tswine, e e kgaotsweng le go pakiwa.

‘Tswine ya monyo tswine ya dinotshe’ e kaya tswine ya dinotshe ya dextrorotatory nngwe le nngwe. Se se raya gore tswine ya dinotshe e dirwa go tswa mo dintshong tsa sukiri ya dikarolo tsa dimela kwa ntle ga dithunya tse dingwe, mme gape e ka raya gore tswine ya dinotshe e godisitswe (go kopanya le tswine le disukiri tse dingwe) jaaka dimolekhule tsa sukiri mo ‘tswineng ya dinotshe e e seng ya nnete’ di farologane le tsa tswine ya dinotshe e e phepa.

Tswine ya dinotshe ya Mānuka e dirwa go tswa mo botsheng jwa dithunya tsa setlhatshana sa Mānuka (Leptospermum scoparium), semela sa setlogo sa kwa New Zealand. Tswine ya dinotshe ya Mānuka e tsewa ka e e kwa godimo mme ena dithoto tse kgethegileng tsa thibabaketheria le tlhokomelo ya ntho.

Dino le Tswine ya Dinotshe

Tswine ya dinotshe e bosikiri go feta sukiri gape e ka dirisiwa jaak atsela e nngwe ya sukiri mo dinog tse di tswakilweng, tee tse di tsidifaditsweng, dino tse di bolelo le dino tse di theilweng maungong. Tswine ya dinotshe e tshwanetse go tswakwa le metsi - go dirisa dikarolo tse di lekanang (bolumo e e tshwanang) nngwe le nngwe. Gotetsa motswako go le gonnye go fitlhelela tswine ya dinotshe e tlhaolosa mo metsing. Motswako o ka nna wa bolokwa dibeke tse di ka nnang pedi.

Seno sa Masekotšhe Drambuie ke bojalwa bo bo dirilweng le wiski, tswine ya dinotshe, dikhanakhana le ditlama, fa mead e dirwa ka motswako o o titietsweng wa tswine ya dinotshe, sebidiso le metsi. Tshimologo ya mead e ka bewa letlha la go boela kwa go direng dipitsa tsa mmopa kwa Tšhaena go tswa go 7000 Pele ga Kereste. Mead e e tsentsweng ditlama le mesunkwane go dumelwa fa e alafa kgatelelo le go tokafatsa tshilego ya dijo.

Tswine ya Dinotshe e e Seng ya Nnete ke Eng

Ka 2018, go ne ga fitlhelwa gore tswine ya dinotshe e e seng ya nnete e ne e rekisiwa mo Aforika Borwa. Tswine ya dinotshe e e seng ya nnete e ka ba e tlhagisitswe mo gae, le fa bontsi jwa tswine ya dinotshe mo Aforika Borwa e rometsweteng go tswa kwa China.

Montshakuno wa selegae, Peel’s Honey, o tlhalosa gore tswine ya dinotshe e e seng ya nnete e dirwa ka go tswaka tswine ya dinotshe ya le tswine ya mmopo, lotlhakasukiri kgotsa sukiri ys reisi. Thulaganyo eno e bidiwa “go godisa”.

Go tlaleletsa sukiri tsa botshe kgotsa le metsi mo tswineng ya dinotshe ya tota go letla bantshakuno go rekisa se tswine e e seng ya nnete ka tlhotlhwa e e kwa tlase go feta tswine ya dinotshe e e phepa. (Tswine ya tota e rekisiwa ka go ka nna R65/500g ka 2018).

Kgang ya tswine ya dinotshe e e segn ya nnete maphatamabedi: boitekanelo le tsa ikonomi.

Tswine ya dinotshe e e seng ya nnete e e nang le koketso ya bokana ba sukiri e ka nna le khuetso e e sa siamang ka boitekanelo (le maemo a madi a sukiri) ya badirisi, segolobogolo ba ba nang le bolwetse jwa sukiri. Sa bobedi, tlhotlhwa e e fokoditsweng ya tswine ya dinotshe e e seng ya nnete e dira gore go nne bokete gore baruanotshe ba selegae ba gaisane.

Badirisi ba gakololwa go buisa ditshwao ka kelotlhoko. Go reka tswine ya dinotshe ya selegae ya Aforika Borwa ba batle mafoko ‘e boniwa mo Afrika Borwa’ go na le ’e beilwe mo Aforika Borwa’.

Teko e e bonolo ya kwa gae: tswaka dikarolo tse di lekanang tsa tswine ya dinotshe le digalagala tsa tshipi. Tswine ya dinotshe ya (tota) ya nnete e tla inela kwa tlase, mme tswine ya dinotshe e e seng ya nete e tla tswaka le digalagala.

Translated by Lawrence Ndou