Bolaodi ba Bobatana le Molao

©Chris Daly
Bobatana ke nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo thata mo go tsweleleng ga ikonomi e ntšhwa, e e golang mmogo le balemirui ba diruiwa ba bogwebi. Gape ke nngwe ya mabaka a magolo thata a dirang gore balemirui ba bantsi ba fudugele kwa kgakala le ntshokuno ya diruiwa.

Balemirui ba itemogela mathata a tsietsang fa go tliwa mo bolaoding ba bobatana: Mo letlhakoreng le lengwe, ba na le tshwanelo ya molaotheo le maikarabelo a go sireletsa dithoto tsa bona, mme mo ntlheng e gape e kaya diruiwa tsa bona. Ka nako e le nngwe, le gale, ba tsewa jaaka babaledi ba lefatshe, mme ba na le maikarabelo a go tlhokomela le go sireletsa mefutafuta ya ditshedi e e tlang le se.
Go raaranya dintlha le go feta, letlhomeso la semolao la bolaodi le go laola dibatana ga se bo bo tlhamaletseng sentle senyang e bile go na le bontsi jwa bosetšhaba le a diporofense, gantsi e nang le kgotlhang kgotsa e dirilwe letlha, molao tlhomo le molao o o farologaneng go tswa mo porofenseng e nngwe go ya go e nngwe. Bantshakuno ba diruiwa ba ba nang le naga e e atologang go tsamaya le diporofense tse di farologaneng, sentle di ka se letlwe go dirisa mefuta e e tshwanang ya go laola mo dikarolong tse di farologaneng tsa dipolase tsa bona.
Tsela e e gaisang ya go fenya se se sa itsegeng le go netefatsa gore ga ba tlole molao fa ba tsaya dikgato tsa paakanyo, balemirui ba tshwanetse go aga botsalano le go ikgolaganya le ba porofense ba Dikantoro tsa Tshomarelo ya Tlhago kgotsa Foramo ya Bolaodi ba Bobatana go bona kgakololo. Foramo ya Bolaodi ba Bobatana gape e neelana ka katiso ya ka gale ya go maatlafatsa balemirui ka dibetsa tsa didiriswa go laola bobatana sentle.
Melao e mebedi e e leng botlhokwa go elwa tlhoko mo bolaoding ba bobatana ke Moloa wa Bosetšhaba wa Botsamaisi jwa Mefutafuta ya Ditshedi le Molao wa Tshireletso ya Diphologolo.

Mefutafuta ya Ditshedi

©Louise Brodie
Moloa wa Bosetšhaba wa Botsamaisi jwa Mefutafuta ya Ditshedi (Molao wa 10 wa 2004) o ikaeletse go sireletsa mefutafuta ya ditshedi tsa Aforika Borwa le ditikologo. Polao le go tsoma di beilwe mo lenaneng jaaka ditshedi tse di leng mo kotsing kgotsa tse di sireleditsweng e bile di ileditsweng kwa ntle ga fa phologolo e ka bonwa mo go rileng jaaka phologolo e e senyang ke bothati.
Kgato e ka tsewa fela morago ga tumelelo e ntshitswe go ya go tsaya dikgato tsa paakanyo. Balaodi ba tlhalosa dikgato tsa paakanyo tse di letleletsweng le tse di totobetseng tsa diphologolo gammogo le dikgato tse di tsewang fa phologolo e tshwereng – sekao, fa phologolo e tshwanetse go fuduswa, go ya kae, jang le gore ke mang se se tshwanetse go dirwa.
Go ya ka Molao ono, balemirui ba tshwanetse go dirisa tsamaiso e e akaretsang go sireletsa loruo la bona go tswa mo bobataneng le go tota dikgato tsa paakanyo go thibela diphologolo tse di sa ikaelelwang go gobala. Molemirui o letleletswe go bolaya phologolo e e sireleditsweng ka iphemelo, fela se se tshwanetse go begiwa ka bonako jo bo kgonegang mo Kantorong e e maleba ya Tshomarelo, e e tla sekasekang ntlha e.

Mekgwatiriso ya Bolaodi bo bo Molemo

Go ya ka Molao wa Tshireletso ya Diphologolo (Molao wa 71 wa 1962), ga go na mokgwa wa go laola o o ka dirisiwang ka tsela e e tlholang botlhoko le go boga go diphologolo. Balemirui ba tshwanetse, ka jalo, go katoga dikgato tsa taolo tse di ka tlholang kotsi nngwe le nngwe ya mmele, jaaka dirai tsa jini, diru, didiriswa tsa go tshwara maoto kgotsa go dirisa botlhole. Kwa ntle ga go nna setlhogo, ditsela tse gape ga di tlhaole me gantsi di ka ama diphologolo tse di sa totwang.

Tiriso ya dirai tse bonolo ke e e ganetswang, jaaka e ka nna ya fetogela go sebetsa sa go bolaya e e tshwasang le go sega mefuta e e farologaneng ya diphologolo fa di ka tlogelelwa mo diatleng tse di senang bokgoni. Malepa a go tlhoma serai sa gore pholofolo fela e e sa totwang e tla tshwarwa le kwa ntle ga go bona kgobalo.

Tiriso ya dintšwa tsa go tsoma le yona ga e amogelwe, jaaka dintšwa gantsi di tlhola tshenyo mo diphologolong tse di nnye tse di amusing fa di sa laolwa sentle. Go ya ka Molao wa Tshireletso ya Diphologolo, fela dintšwa tse di katisitsweng sentle mme di ka dirisiwa fela mo go sala motlha morago wa dibatana. Dintšwa ga di a tshwanela go bolaya kgotsa ka nna le tlhakano ya mmele epe le sebatana mme dintšwa di tshwanetse go tlhokomelwa sentle.

Translated by Lawrence Ndou