Bokoa mo Dikolobeng

©Glenneis Kriel
Bokoa ke bothata jo bo boitshegang mo thuokolobeng. Botlhoko jo bo tsamaelanang le go tlhotsa bo ka dira gore go nne bokete mo dikolobe go tsamaya go ya mekorong ya go ja le metsi, seo gape se tla nnang le khuetso e e sa siamang mo kelong ya kgolo ya tsona, tlhokomelo le go tlhola kgatelelo ya maikutlo seo se dirang gore di nne mo kotsing ya malwetse. Bokoa gape go na le khuetso e e sa siamang mo tsalong mme e tlhometswe jaaka lebaka la bobedi go feta, morago ga go nna le mathata a tsalo, goreng dikolobe tsa ditshadi di bolawe pele ga nako.

Go Supa Mathata

©Glenneis Kriel
Pukana ya Mokgatlo wa Bantshakuno ba Nama ya Kolobe (SAPPO), Pigs for profit, go supa go tlhotsa, mathata a go tsamaya, dikolobe ge di tsholetse leoto le le nosi go tswa mo mmung, dikolobe ge di gana kgotsa di palelwa ke go emelela go tswa mo mmung kgotsa ge di goga bonno ba tsona le maoto le dikgolagano tseo di rurugileng kgotsa di le bothitho fa o e kgoma kgotsa jaaka matshwao a kwa godimo a gore sengwe se phoso.

Go tlhaola mathata a maoto, dikgatotharabololo le kwa morago, balemirui ba tshwanetse go tlhotlheletsa dikolobe tsotlhe go ikemela le go lebelela tsela e di tsamaya le go gwetlha. Tlhokomelo e e kgethegileng e tshwanetse go neelwa tse di rapameng pele.

Maoto a dikolobe gape a tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape go supa go se tlwaelege. Dikolobe di na le maoto a mannye le mebele ye mekgolo, ka jaalo maoto a tsona a nna a nna botlhoko ka bonako kgotsa go gobala, bogolosegolo fa di le baimana mme di tshwanela go rwala morwalo o o boketenyana go feta o o tlwaelegileng. Patlisiso e fitlhetse gore bontsi jwa dikolobe tsa ditshadi bo amiwa ke dintho tsa leoto ka jalo kalafi ya ka pele, e botlhokwa go thibela mathata a a masisi.

Lekwalo la Lefelo la Dikolobe Lameness in Pigs le tlhagisa gore balemirui ba naya dikolobe maduo a go tsamaya a lefela go ya go di le tharo, go ikaegilwe ka bonolo ba tsona ba go tsamaya mo maemong a a phepa, a omileng, a popota. Maduo a lefela a tla leba mo goreng ga go na bokoa, mme maduo a nngwe a lekanyeditsweng diphologolo tse di bokoa jo bo botsatsa, ka mafoko a mangwe, e tsamaya sentle, mme e ka tlhagelela e le popota.

Maduo a a mabedi a ka dirisiwa mo dikolobeng tsa ditshading gore di bokoa jo bo botsatsa. E tla dirisa metsamao e mekhutshwane kgotsa go tlhotsa, mme e ka rwala bokete mo diatleng tse di amegang. Di le tharo di tshwanetse go dirisiwa mo dikolobeng tsa ditshadi bokoa jo bo masisi, mme ga e rwale bokete mo diatleng tse di amegang le mme tlhoka thotloetso ya go tsamaya.

Ditlhodi

©Glenneis Kriel
Le mororo bokoa bo ka tlholwa ke ka tlholego kgotsa kgolo e e sa tlwaelegang, gantsi e bakilwe ke botlhoko jo bo amanngwang le tshwaetso, dikgobalo tse di amangwang le go gobala kgotsa malwetse a a leng teng kwa teng. Go ya ka Lefelo la Dikolobe, dingaka tsa diphologolo di sisinyang gore balemirui ba beye kgamelo e e tletseng llaeme dithulaganyong tsa elektrokniki tsa bojelo ba dikolobe tsa ditshadi go ema fa gare ga tsona ge di ja. Llaeme e e omiswang le dibolaya twatsi mo maotong ka nako nngwe le nngwe ge kolobe ya tshadi e tsena mo seteišeneng, se se ka thusang go thibela bokoa jo bo tlholwang ke dintho tsa dinala.

Translated by Lawrence Ndou