BaVenda

©Dr Peter Magubane

Ngwaô ya SeVenda e tsosologile gotswa mo botlholeging jo bo mefutafuta. BaVenda ba ba ntsi ba ipona fa ele baitseanape ba setso, fela ngwaô ya bona fa e sale ele matlhagatlhaga mme e kgona go fetofetolwa goya ka seêmô sa motsi o o rileng. Mo malobeng, ba ne ba laola kgaolo e kgolo kwa bokone jwa Afrika Borwa.

Gompieno, ka ntata ya tseelo-lefatshe ke bathibeledi ba basweu mo botharing jwa ngwagakgolo ya bo-19 le go sale gale mo ngwagakgolong wa bo-20, le melawana ya tlhaolele go tloga ka dingwaga tsa bo-1960, ga jaana ba ka bontsi kwa bokone-botlhaba, segolo thata gaufi le Makhado le Sibasa kwa Porofenseng ya Limpopo.

Ditlhopha di fitlhelwa gape kwa borwa-botlhaba kwa Zimbabwe. Megopolo e e kgatlhisang e dirisitswe go tlhalosa botlholegi jwa BaVenda, fela bopaki jwa sešweng bo senotse fa ele kopano ya ditlhopha tsa merafe. 

Translated by Nchema Rapoo

Mmino le Motanso mo Ngwaông ya SeVenda

Mmino le motanso di tshameka karolo e e botlhokwa mo botshelong jwa BoVenda, mme di diragatswa kwa manyalong le diphitlhong, ditsamaiso-medi...more

Thulaganyo-Sepolotiki ya BaVenda

Dikarolo tsa thulaganyo-sepolotiki ya setso di santse di le teng kwa dikgaolong tsa magae....more

Ditshimologo tse di Mefutafuta tsa BaVenda

Ka ngwagakgolo wa bone, Porofense ya Bokone ya sešweng e ne e dulwa ke BaKhoisan le batho ba paka ya go sale gale ya tshipi, ba ba neng ba ...more

Maêmô a Basadi mo Ngwaông ya SeVenda

Kwa tshimologong basadi ba BaVenda ba ne ba sena maêmô a boesengmang a a neng a tshotswe ke basadi mo bontsing jwa merafe ya borwa jwa Afr...more

Thupiso ya SeVenda

Kgolô ya monosi e ne e lejwa jaaka motseletsele wa magato, mme bonana le nyalô di ne di tshwaya magato a a botlhokwa....more