Basotho ba Aforika Borwa

© Dr Peter Magubane

Hisetori

Banni ba ntlha ba kwa Lesotho la gompieno gongwe ke batho ba San, bao ba tlogetseng boswa bo bo tswelelang ka ditshwantsho tse di takilweng mo dipoteng tsa magaga. Batho ba ntlha bao ba neng ba bolela seBantu e ne e le ditlhopha di le tharo, Baphatla, Bopolane, le Baphuthi, bao ba kgabagantsheng Drakensberg go tswa botlhaba ka ditlhopha di le tharo mme ba nna mo dikgaolong tse di kwa tlase tsa borwa-botlhaba ba Noka ya Mohokare (Caledon). Mo bokhutlong jwa ngwagokgolo wa 17, bogosi ba Sesotho ba bo latela, Bapeli, Baphuthing, Basia le Batlokoa go tla kwa kgaolong kwa bokone bophirima. Morago ga bona go tlile ditlhopha tse dingwe tsa Basotho, go akaretsa Bakoena, Bafokeng le Bataung.

Mo tshimologong ya ngwagakgolo wa bo19 fa Shaka a godisa bogosi jwa gagwe ba IsiZulu, maphoto a tlhakatlhakano ya selegae e fietse go ralala kontinente tlase e e neng e sisibetse. Basotho ba ba mo dithaba le kwa kgaolong ya bophirima kwa dipoweng tsa Lesotho la gompieno (Basutoland ka dinako tsa bokoloniale) le kwa dikgaolong tsa botlhaba tsa Foreisetata wa gompieno le tsona di ne tsa amega. Go lwantshana gwa nna kakaretso, bogosi ba robega, masimo a ne a senngwa, leuba le runtse le batho ba ba tlhokang thuso go ne ga begwa gore kwa bofelong ba ne ba feletsa ka go ja batho.

Boswa jwa Moshoeshoe

Moshoeshoe, kgosi ya Bakwena, o dirisitse leano la sesole le kgono ya sepolotiki go fenya manaba a gagwe. A kgobokantse setlhopa se se golang sa balatedi, ka bobedi go tswa mo gare ga manaba a gagwe a fentsweng le bao ba tshabang kgoreletso, ba ne ba ikgolaganyang le maloko a gagwe a batshegetsi ba ikanyego le maloko ka botlalo a bogosi ba gagwe bo bo atologang se se neng sa nna modi wa se se nnileng Lesotho.

Moshoeshoe o ne a dira sentle mokgwa wa go goga batho ba gagwe go ya mo dithabeng tse di sa fitlhelegeng tsa bogodimo bo sephaphathi fa ba neng ba kgona go itshireletsa le go emela gore ditlhaselo tsa matsholo a sesolo a a sasankang mo kgaolo, ba senka batho gore ba kgone go tsaya ditsabatho ka dikgoka. O simolola go dirisa thaba e e bidiwang Butha Buthe e leng gaufi le toropo ya leina le le jalo ya gompieno. Morago ga moo o ne a nna mo thabeng e kgolwane thata, Thaba Bosiu, botlhaba ba Maseru.

Ka se e le itsetsepelo ya gagwe, o ne a bopa banna ba gagwe mo go nneng mophato o o nang le maatla, bao ba neng ba betsa ba ba lekang go tsena mo tikologong. Ka 1831 o ne a itlhaotse go nna mmusi wa setšhaba se se sa tswang go tlhamiwa sa Basotho le mo kgaolong e e neng a katologile sentle gaufi le bophirima ba melelwane ya Lesotho la gompieno. Barolong go ya kwa bophirima, Bataung go ya Borwa le Batlokoa go ya kwa botlhaba ba kgolokwe ya ka bonako ya tshwaetso ya Moshoeshoe go nnile ditsala tse di ikemetseng.

Moshoeshoe e ne e le moeteledipele o o lesedi, wa tselo pele yo o neng a tsewa e le nngwe ya baeteledipele ba baolo ba Aforika. Ka botlhale, bopelotelele le bokgoni ba tlhotlheletso, o ne a tlhoma motheo o o tshwanang wa setso le tshiamo ya balatedi ba gagwe.

O ne a amogela bokoloniale ka go amantsha mekgwatiriso ya loago le setso kwa ntle ga go di senya. Go tswa mo tshimologong ya ngwagakgolo wa bo19, bagwebi, batsomi le bafaladi ba fetile mo gare ga kgolokwe ya Moshoeshoe ya tlhotlheletso ba ntse ba godisa dipalo. O bone gore, jaaka dipalo tsa bakolonisi e ntse e gola, ka jalo kgonagalo ya kgotlhang e tla oketsega. Go lemoga tlhokego ya gore batho ba gagwe ba nne le thuto ya Bophirima go gaisana mo lefatshe le le ntšhwa, o ne a romelwa barwa bangwe ba gagwe go ya sekolong kwa Motse Kapa.

O ne a laletsa Paris Evangelical Missionary Society go tlhoma maitlhomo a boromiwa kwa Basutoland, le Messrs Arbousset, Casalis le Gosselin ba ne ba nna kwa Morija, gaufi le Thaba Bosiu, ka Seetebosigo 1833. Jaaka koketsego ya dipalo tsa basweu ba baipei (Maburu) e simolotse go tlhoma bolemirui mo kgaolong ya bophirima e e nonneng ya Mohokare, kgatelelo mo lefatsheng e ne ya ya kwa godimo. Dikgolagano tsa sepolotiki tse dintšhwa di ne tsa tlhamiwa le thopo ya leruo magareng ga Maburu le Basotho e ne ya nna tlwaelo.

Maikutlo a Setšhaba

Moshoeshoe o ne a senka thuso ya'Kgosigadi e tshweu ya Seesimane’, Kgosigadi Victoria, topo ya tshireletso go tswa go Maburu. Seno se ne sa fiwa ka 1848, mme e Mokomišinare wa Moagi wa Borithane o ne a nna mo nageng. Morago ga dingwaga di le thataro fela o ne a gogelwa morago fa Basutoland e ne ya tsenngwa kwa Koloning ya Kapa Moshoeshoe, o ne a ngongorega ka matshosetsi a Maburu, gape o ne a senka tshireletso ya Borithane. Ka 1868 Basutoland e ne ya goelediwa jaaka kgaolo ya Brithane, mme Basotho bahaMoshoeshoe (batho ba ga Kgosi Moshoeshoe) ba ne ba nna balatedi ba Borithane.

Ka 1870 kgosi ya Basotho ya motsofe e ne ya tlhokafala, a kgotsofetse ka kitso ya gore batho ba gagwe ba ne ba le 'mo mabogo a menganeng’ a Kgosigadi. Segopotso sa gagwe sa leruri se se nang kgaisano se segologolo sa gagwe ka kgolagano ya Basotho kwa Lesotho. Ka go tlhola setso se se tshwanang, o neile Basotho maikutlo a setšhaba, le go ema kgatlhanong le manaba a bona.

Le fa ka dinako dingwe a Basotho ba Moshoeshoe ba ne ba tlhaselwa ke MaZulu Matabele, Maburu le Mabrithane, ba ne ba fenywa mo ntweng. Morago ga loso lwa gagwe, barwa ba gagwe ba tswelela go maatlafatsa ntlo ya bogosi.

Go fitlha le ga jaana ditlogolwana tsa gagwe, ke bona fela bajaboswa ba bogosi ba Basotho, ke dikgosi kwa dikarolong tse dintsi tsa Lesotho jaaka Matatiele kwa Kapa Botlhaba. Kgosi ya jaanong ke Kgosi Letsie wa Boraro o a neng a bewa mo setulong ka 1997. 

Translated by Lawrence Ndou