Amadumbe

© Marinda Louw
Amadumbe kgotsa “tapole ya kwa tropics” Colocasia esculenta) e itsagale gape jaaka mufhongwe, madumbis, taro kgotsa dasheen.
Amadumbe fa e sale e ntse e jalwa kwa Borwa-Botlhaba jwa Asia dingwaga di feta 6 000, mme e tlisitswe mo Borwa jwa Afrika ke bagwebi ba maPotokisi ka dingwaga tsa bo-1500, mmogo le ke badiri gotswa kwa India morago ga fao.
Ke semela sa modi se se mere sa dikgaolo tsa dipula tse di mogote se se jalwang kwa mafatsheng a a metsi a Afrika Borwa, mme ke sengwe sa dimela tsa modi wa morogo tse di botlhokwa thata mo lefatsheng. Tannia (Xanthosoma sagittifolium) kgotsa ditsebe tsa tlou, ke se sengwe sa dimela tsa modi tse di botlhokwa, se se jalwang ka bogolo kwa dinageng tsa Bophirima jwa Afrika, mme e ratwa go feta amadumbe ka ntlha ya ntshô ya yona e e kwa godimo. Le fa gole jalo, go feta 90% ya tlhagisetso-kgwebo ya amadumbe mo lefatsheng e tswa kwa dinageng tsa Bophirima jwa Afrika di etsa Cameroon, Nigeria le Ghana.
Mo Afrika Borwa, amadumbe e ne e tlhagiswa gantsi ke balemi-potlana kwa diporofenseng tsa KwaZulu-Natal, Mpumalanga, Kapa Bophirima le Kapa Botlhaba, fela ka tshimololô ya go rekisa amadumbe ke lebenkele le le golo le le itsagaleng thata, maêmô a morogo onô wa setso le sejo sa motheo a oketsegile.

Go Jala Amadumbe

Amadumbe ke modi kgotsa corm ya segwere e e bopegileng kwa godimo, e e bitswang gape ‘mammy’. E na le letlapi le le magwata le le borokwa mme e na le bokete jwa 500 goya go 900 g, fela e ka golela kwa boketeng jwa 3.6kg. Mateng a masweu kgotsa pinki.
Amadumbe e rata moriti o monnye, fela e ka jalwa mo letsatsing fa e nosetswa. E tlhoka bosa jo bo bothitho mme e ka se itshokele maruru. Amadumbe e mela mo mmung o o metsi wa esiti go se nene, ka monontsha o le montsi. E ka jalwa gotswa mo digwereng ka botlalo kgotsa mesegô gotswa mo digwereng. Jala ka seatla mme letlhakore le le segilweng le lebe kwa tlase le go sekama, boteng jo bo ka nnang 15 cm.
Jala amadumbe ka katoganô ya 60cm le sekgala sa 1m magareng ga mela. Nako e e siameng go feta ya jalô ke Sedimonthole go fitlha Moranang, kgotsa nako nngwe le nngwe fa mmu o le bometsi. Nontsha ka NPK (15:15:1). Seno se supa selekanyetso sa nitrogen (N: 15 units) go phosphorus (P:15 units) go potassium (K: one unit). Gasagasa dikhurumelo tsa lebotlolo la Coke di le 5 goya 6 tse di tletseng ka NPK mo sekeleng e e ka nnang 10cm go dikologa sejalo.
Amadumbe e ratwa ke disenyi tse di jaaka ditshoswane tse tshweu le dipeba mme e tshabelelwa ke pôlô ya modi fa e jalwa mo mebung e e tamang metsi. Fela, e lwantsha mole-rat e e ratang dimela tse di jaaka ditapole kgotsa digwete. Seno ke ka ntlha ya gore amadumbe e kotsi fa e jewa ele tala, ka ntlha ya seelo se se kwa godimo sa calcium oxalate crystals, se se bakang kgotelô ya molomo le kgokgotso.
Kotulo e dirwa morago ga dikgwedi di le robedi goya go lesome, fa matlhare a nna serolwana. Medi e epololwa ka garawe kgotsa terekere ya mogoma o o kgethegileng. Medi e a phepafatswa, e tlhaolwe le go pakwa.
Patlisiso ka Prudence Ntombifikile Tembe e e dirilweng kwa magaeng a KwaZulu-Natal ka 2008 e bontshitse fa mabenkele a rata tlamelo ya ka metlha ya amadumbe a mannye goya go a bogolo jo bo mo bogareng, a le phepa a omisitswe, a tlamelwa mo dikreiting. Kgwêtlhô e kgolo ya batlhagisi bano ba kwa magaeng e ne ele go tsamaisa amadumbe goya kwa mebarakeng.

Go Ja Amadumbe

Amadumbe e humile ka tatso ya semmu, e na le carbohydrates tse di kwa godimo (GI e e kwa tlase) mme e na le protein le esiti tsa amino tse di ntsi go feta tsa dimela tse dingwe tsa modi. E na le 9% ya protein fa go bapiswa le 1.9% ya ditapole le 1.7% ya dipotata. E humile ka fibre, magnesium, potassium, iron, vitamin A, vitamin B1, vitamin B2, le vitamin C.
E apewa jaaka ditapole kgotsa dipotata mme e ka bediswa kgotsa ya beswa le go dirwa mash, di-chips kgotsa ya tsenngwa mo setšhuung. Amadumbe e e sitsweng e matshwanedi jaaka phepô ya kgweso-letswele.
Matlhare, mme nako dingwe dikalana, a jewa jaaka spinach mme a tlamela tlaleletso ya mmopo kgotsa a apewa ka lobebe lwa coconut le go jewa ka amadumbe e e bedisitsweng. Morafe wa ba-India kwa KwaZulu-Natal ba tsentse amadumbe mo phepông ya bona jaaka ‘puri patta'. Matlhare a tshaswa botoro e e tshetsweng metswako ya moutlwalô, a potokwe, a bediswe mme a segelelwe le go jewa ka di panekuku.
Dithunya tsa amadumbe (tse di bitswang gape ‘aroids’) di a phetolwa go nna bopi jo bo dirang ‘fufu', e e rategang kwa Nigeria. Ka setlwaedi Amadumbe e jalwa jaaka sejo sa motheo, fela mo dingwageng di le mmalwa tse di ntseng di feta, e ntse e diriswa mo ditlhagisweng tse dingwe. Tsona di akaretsa pizza ya amadumbe le spinach, ditšhipisi, kheri le matlhotlhora a amadumbe.

Translated by Nchema Rapoo