Afrika Borwa ka bo1980 ke Mor. Desmond Tutu e e Kwadilweng ka 1986

Dikhuduego tsa Naga e le Nngwe

©Eric Miller
Ka 1980 ka se simolotseng ke nna mo bangwe ba baeteledipele ba Khansele ya Dikereke tsa Afrika Borwa ba ile go ya go bona Rre PW Botha yo e neng e le Tonakgolo le badirammogo ba bagolo ba gagwe ba Kabinete. Re ne re leka go dira gore ba tlhaloganye gore dikhuduego di di tla nna tsa mo Afrika Borwa fela kwa ntle ga fa setlhodi sa tsona sa medu se ne tlosiwe - setlhodi seo sa medu e ne e le tlhaolele. Re goeleditse ka nako eo gore re itse gore melawana e ne e le ya botsweretshi ba kgonagalo e bile e ne e sa batle go tlhagisa ba dire sengwe se se tla fokotsang tshegetso ya bona mo kgaolotlhophong. Mme re baya kwa pele dilo di le nne tsa dilo tse di, fa di ne ba dirwa di tla bontsha maikaelelo a gakgamatsang a Mmuso go tlisa phetogo ya mattota ya sepolotiki go isa mo go abelaneng ga maatla a sepolotiki. Gakologelwa gore se ne e le ka 1980.

Re rile:
Goeletsa boineelo jwa boagi jo bo tshwanang jwa maAfrika Borwa otlhe mo go Afrika Borwa e e sa kgaoganngwang;
Fedisa Melao ya Dibukana tsa Boiketsesi (le fa e ka nna tloso ya bonnye bonnye go tila tlhakatlhakano), tlhatlhelo kwa ntle le tsheko le maemo a go iletsa;
Go emisa ditloso tsa pateletso ka bonako; le
Go tlhoma tsamaiso ya thuto e e tshwanang.

Moafrika Borwa yo Mongwe go ya go yo Mongwe

Tse e ne e se ditopo tsa gotlhe tse di senang taolo mme fa Puso e ne e ka di diragatsa ka jalo re tla bo re bolokilwe mo botlhokong jo bogolo, tshologo ya madi le tatlhegelo ya thoto le koketsego ya kgalefo le letlhoo. Re ne re go tshwaiwa diphoso mo baaging ba bantsho ka go ya kwa go Puso.

Tse e ne e le maemong a a tshwanang le a ke a tlhalositseng mo lekwalong la me ka 1976 go ya go Rre Voster. Fela o a itse gore go diragetse eng? Tseno di ne tsa itlhokomoloswa. Kwa ntle le tsotlhe tse, ke ne ka leka gape ngwaga morago ga moo go bona Moporesidente wa Naga, go bua le ene jaaka Moaforika Borwa mongwe go Moafrika Borwa mmogo, jaaka ntatemogolo go ya go yo mongwe, jaaka Mokereste mongwe ya go ya go yo mongwe ka tsholofelo ya gore o tla dira jaaka e le ene fela a ka dirang, mosweu mongwe wa Moafrika Borwa oo bantsho ba neng ba tla nna itshiamela go aga sefikantswe jaaka monna yo o tla tsamayang mo hisetoring ka go tsamaisa go phatlalatso tlhaolele le go simolola ga Afrika Borwa e e ntšhwa, e a lekalekanang, ya bosiamisi le temokerasi.

Tlhaolele e e sa Fetogeng

©Eric Miller
O nn a nkganetsa. Mo kgatelelong ya mafoko, nka oketsa ka gore ke buile gore o tlhoka go akgolelwa bopelokgale jwa gagwe ka go bolelela basweu gore ga go na tsela epe e ba ka kgona go bona tlhomamisa bokamoso jwa naga e le ruri. Ka bomadimabe o ne a ya kgakala mo go lekaneng mme o feleditse ka go itumedisa e seng bantsho kgotsa ba ba bidiwang ba letsogo la kwa molemeng.

Go fetola le itlhaloso ya Seesimane, re bona tlhabisaditlhong ya pelo e e botlhoko ya monna yo o neng a se na ditshepo tsa bopelokgale jwa gagwe. Le fa go le jalo ke ne ke siametse go ya kwa Motsesetoropong wa Alexandra, ka Tlhakole 1986, go thusa go fedisa maemo a a sisibaneng kwa gona le go ya ka kemedi kwa Kapa go bua le puso ka ga gore maemo ao le maemo mo nageng ya rona.

Ka 1984 kgakala le go utlwa dipiletso tsa rona tsa ditherisano tse di isang kwa kgaogantshong ya maatla, Puso e ne ya itsisitse Molaotheo se e neng e le setlhoa sa melawana ya peelo thoko eo bantsho ba neng ba le batswasetlhabelo ba yona go tloga ka 1910.

Diperesente tse masomesupa tharo tsa batho ba ne ba beetswe kwa thoko teng go nna le seabe sengwe le sengwe mo tsietsong eno ya dira-ga-di-bonwe e e tlhamilweng go faposa baagi ba boditšhabatšhaba gore tlhaolele e ne e fetotswe. Tlhaolele ga e fetolege. E tshwanetse go senngwa pele e senya naga ya rona. Molaotheo o ne o kaya go gatelela puso ya bobotlana ya basweu ka thuso e e tlhophilweng ya ba ba bidiwang Bammala le MaIntia, badirisani ka bo bona le kgatelelo ya rona le go sotliwa.

Translated by Lawrence Ndou