Wild Verbena

Leina

Wild Verbena or Broad-leaved Pentanisia

Leina la se Latini

Pentanisia prunelloides

Ponalo

Wild Verbena ke semela se se bobowanyana se se ka golang botelele ba 400mm. Se ka nna le thito ele nngwe kgotsa dile mmalwa ka matlare a a tlhogang kwa tlase mo se runyang teng. Tlhogo ya sone e ntle e bokima jwa 30mm, e ka kukuanya dithunya di ka nnang bosetlha kgotsa boteng ba mmala wa legodimo. Semela se se thunya kwa tshimologong ya kgwedi ya Phatwe go fitlella ka Sedimonthole.

Bonno

Wild Verbena e gola mo mafelong a a bulegileng, metlhagana ya e e nang le mafika, mme e ka borwa kwa borwa ba Afrika go simolola kwa Eastern Cape Province go fitlhelela kwa Tanzania.

Peo

Ka dipeo tse di tiileng, Wild Verbena ke nngwe ya dijalo tse di melang pele morago ga melelo ya naga (veld fires).

Di-Field Notes

Sethunya se se ungwiswa ke dirurubele le mmoto ga di fepa ka mmudula wa sone. Dthunya tsa Wild Verbena di botelele le bokgolokwe mme me maleme (tongues) a mmoto le dirurubele fela a a kgonang go fitlelela kwa bogareng ba sone kwa mmudula (pollen) o leng kwa teng.
Wild Verbena e dirisiwa go thusa malwetse a le mmalwa, jaaka borurugo, febara (fever), le ‘heartburn’.