Whales

© Shem Compion

Leina la Mophato

Whales

Tse dingwe tsa Tlhamagano ya tsone

Right whale, Minke whale, Bryde’s whale, Blue whale, Gray whale, Pygmy whale.

Leina la Maranyane

Cetacea

Semeto

E ka nna 34m

Ponalo

Mmele o motona mme o tlhamaletse. Semeto sa Megatla le mmele se a farologana go ya ka tlhamalalo ya tsone. Mebala e a farologana ka ga e ka nna mosetlhana, botala ba legodimo, bontsho le bosweu. Ke mamale o tona go di feta tsotlhe kwa mawatleng.

Dikitsiso

Tlhamagano ya Cetacea e na le mephato e e kwa tlase e ka nna 3, mme engwe ya tsone e setse e nyeletse. E na le dibopiwa dile 88 tse di farologaneng. Palo e e akaretsa mofuta wa Baleen le Toothed Whales. Ke dimamale. Dizpatlisiso tsa baitsanape di bontsha gore maruarua ga a palelwe ke go tshwaediwa ke bolwetse jwa Compression sickness (Bolwetse ja go gatelelwa ke matla a lewatle fa o ka itatlhela kwa tlase ka lebelo thata). Di na le mokgwa wa go tshameka mo metsing mme seo se bonala ga di shapa megatla mo metsing (tail slapping) le go itatlhela kwa godimo ga metsi (spy hopping). Megatla ya yone e nna e rapaletse fa e le mo metsing mme e dirisetswa go thuma. Bontsi ba tsone di na le megatla wa mokwatla. Maruarua a Baleen a na le diphatlha tse pedi tsa go futswela metsi kwa ntle, mme maruarua a Toothed whales a na le phatlha e le esi fela. Viviparous – live bearers.

Dijo

Maruarua a Toothed whales a ja dimamale tse dingwe tsa lewatle le ditlhapi. Baleen yone e ja Plankton.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng otlhe a lefatshe.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Humpback whale
Megaptera novaeangliae
Southern right whale
Eubalaena australis
Killer whale
Orcinus orca