Tshupô ya Phiri e e Dikôlô

©Robert Hofmeyr
Phiri e e dikôlô (Crocuta crocuta) ke phiri e kgolo go gaisa mo lolapeng lwa diphiri. Di lebega jaaka dintša tsa mmele o o bopegileng ka bogolo, gantsi ka boleele jwa 120 cm goya go 180 cm le bokete jwa 60 kg goya go 80 kg. Diphiri tse di dikôlô di na le boboa jo bo bosweu jo bo tswapogileng goya go serolwana se se setlha, jwa bosetlha jo bo leswe, ka dikôlôkôlô tse di sa lekaneng tsa mmala o o borokwa jo bo fifetseng kgotsa didibô tse di nang le go tswapoga le dingwaga. Moetse o mokhutswane wa moriri o emelela ka go tsepama mo mokwatleng wa yona.
Ditsebe tsa phiri e e dikôlô di kgolokwe mme ga di motsu jaaka ditsebe tsa phiri e e borokwa, mme maoto a tsona a kwa pele a matelele go feta a kwa morago, mme seno se dira gore magetla a yona a nne kwa godimo go feta dirope tsa yona. Di bitswa gape diphiri tse di tshegang, ka ntlha ya medumo ya tsona ya setshêgô le go keketega, e gantsi di e dirang fa di tenegile kgotsa di tlhasela diphologolo.
Ditshegadi tsa diphiri tse di dikôlô di na le seêlô sa testosterone se se fetang sa ditona gararo, ka jalo di feta ditona ka bogolo jwa 10%, di dikgoka go fetisa mme ke bokomang-kanna ba morafe. Di na le tatelano ya maêmô ya morafe e e matswakabele thata mme ngwana wa tshegadi o tsaya marapo a morafe fa tshegadi-tshimolodi e swa. Gatwe go na le mabaka a a sa tlwaelegang mo tona e etelelang morafe pele.
Ditshegadi tse di kwa tlase ka seêmô di ka ikgaoganya le setlhopha goya go ipopela morafe wa tsona. Go thibela tsadisano-gare, bontsi jwa barwa ba hudugela kwa merafeng e mengwe. Botsalano le ditona tse dingwe bo botlhokwa thata go feta bogolo jwa tona, ka jalo di tlhoka go dira botsalano jo boša fa di hudugela kwa morafeng o mongwe.
Go thata go supa ditshegadi gotswa mo ditoneng, ka ge dirwe tsa bong tsa ditshegadi di tshwana le sebopego sa tsa ditona. Diphiri tse di dikôlô tsa tshegadi di na le seka-setlôbô le clitoris e e tsepaletseng, e e tshwanang le bonna jwa tona.
Popego e e sa tlwaelegang ya clitoris ya tshegadi e thatafatsa tsadisano, ka ge karolwana eno e nna mebitlwa fa e tsepaletse. Ditona ka jalo di tshwanetse go retibatsa maikutlo le go nepa ka motsi wa tsadisano, mme seno e katswa ele lengwe la mabaka a gore ditona tse di bonolo di nne le katlego e kgolo mo go tsadisaneng le ditshegadi.
Diphiri tse di dikôlô di siamela tsadisano go simolola fa di le dingwaga di ka nna tharo, mme tsadisano e direga ngwaga otlhe. Gantsi go tsalwa ngwana ale esi goya go le ba le bane morago ga paka ya go dusa e e ka nnang malatsi ale 110. Bana ba belegwa ka seka-bonna, mme seno se bake goswa ga 60% ya bana ka ntlha ya go hupelwa fa ba tswa. Kanala ya tsadiso e nnye gantsi e bokotsi jo bo bolayang, segolo thata go ditshegadi tse di belegang lantlha.
Ditshegadi di batlana le mongôbô wa pelegelo pele di belega mme bana ba rwalelwa kwa mongôbông wa morafe dibeke di ka nna pedi morago ga go tsalwa. Bana ba tsalwa ka matlho a a bulegileng, mme ba anya go fitlha ba le bogolo jwa dikgwedi di le 12 goya go 18. Ba tlile go simolola go ja nama e e bolaetsweng gaufi le mongôbô go simolola fa di le bogolo jwa dikgwedi di le tlhano. Gantsi di tlogelwa kwa mongôbông le motlhokomedi fa mmaatsona a ile go tsoma.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Robert Hofmeyr
Batho ba kile ba akanya gore diphiri tse di dikôlô ke diselasedi tsa magatlapa, fela kwa dinageng tse di rileng tsa Botlhaba kwa Afrika go dumelwa fa di ruiwa le go pagangwa le baloi ka ntlha ya botsipa jwa tsona jwa go tsoma le tlhagô ya tsona ya go dira bosigo.
Goya ka dipatlisiso tsa ga Gus Mills, go fitlheletswe gore diphiri tse di dikôlô di tsoma go feta go selasela kwa dikgaolong tse dingwe, mme ditlhopha di tabogisa setsongwa sekgala sa di-kilometre pele setsongwa se wela fatshe ka ntlha ya letsapa. Dipatlisiso tse dingwe di netefaditse gore ditau, mo dikgaolong tse dingwe, di ka selasela gotswa mo diphiring go feta mo diphiri di go selaselang gotswa mo ditaung. Di ka tsoma ka bonosi kgotsa ka setlhopha.
Phepô ya diphiri tsa dikôlô e farologana gotswa go ditshenekegi goya go diphologolo tse kgolo tse di tlhaga. Ga o batle go thulana le diphiri tse di dikôlô. Di na le meno a a tiileng thata fa go bapiswa le bogolo jwa mmele wa tsona fa go bapiswa le diphologolo tse dingwe, selo se se di kgontshang go repetla le marapo a dithutlwa tota.
Leruo le ka totwa, fela seno se diragala ka sewelo, ka ge diphiri tse di dikôlô di kampeletswe kwa dikgaolong tsa tshomoralelo-tlhagô mo Afrika Borwa. Dikgomo, dinku le dipodi ke ditsongwa tse kgolo mo mabakeng ale mmalwa a mo go ona leruo le totwang. Fela balemirui ba tshwanetse go gopola gore go bona phiri e ja setoto ga go reye gore ke sesupo sa gore e bolaile phologolo eo.
Goya ka Predation Management Manual, di tlile go simolola ka go ja nama e e fa mokwatleng le mo karolong ya motete, fa di ja setoto se se feletseng, mme e bule phatlha ya mo mpeng le go goga dirwe tse di boleta. Fela fa mala, mabotana le mateng a ona a sena go jewa, phiri e tlile go ja makgwafo, mesifa ya mpa le ya maoto.
Setoto se a tlhatlhamololwa mme manathwana a rwalwa goya go jewa ka kagiso, fa mesifa e feditswe go jewa. Ga di senye dijo, ka jalo gantsi ga gona motlhala wa sejo sa tsona fa setlhopha se fetsa ka setoto.

Taolô

©Nigel Dennis
Diphiri tse di dikôlô di gatisitswe fa di le gaufi le go nna mo kotsing mo bukeng ya South Africa Red Data Book for Mammals, ka jalo balemirui ba tshwanetse go golagana le bolaodi jo bo maleba ka ga makwalotetla a a matshwanedi go ka tshwara diphologolo tseno.
Goya ka Predation Management Manual dirai tsa hôkô tsa nkwe tse di nang le setoto sa konyana se ka diriswa go thaisa phiri e e dikôlô gore e kgone go huduswa. Legora la motlakase le ka thusa go tshola diphiri tse di dikôlô kwa ntle ga polasa, fa tlhatlhelô ya diphologolo mo lesakeng, badisa le diphologolo tsa tiso di ka thusa mo tshireletsong ya leruo kgatlhanong le tlhaselo-ruo.

Translated by Nchema Rapoo