Tshupô ya Magogwe
Magogwe (Mellivora capensis) ke weasel e e thata ya letlalo le le kima, mme ebile ke ka ntlha eo dikoloi tsa sesole tsa ntwa tsa ntlha mo Afrika Borwa di tsereng leina la tsona gotswa mo leineng la sebata seno la se-Afrikaans, eleng Ratel. Di bone maina a tsona a English gotswa mo go rateng ga tsona go tlhasela mamepe a dinotshe, selo se mo malobeng se is isitseng kwa dithulanong magareng ga tsona le batlhagisi ba mamepe.
Magogwe a na le maoto a a mokogo a le makhutswane. Ka bontsi di dintsho, ka methalo e e selefera bosetlha mo dikarolong tse di ka fa godimo, go akaretsa mo godimo ga tlhogo. Ba na le mogatla o mokhutswane o o tletseng boboa, o o tsepamelang godimo fa ba tsamaya. Bagolo ba ka gola boleele jwa 90 cm goya go 100 cm, ka bokete jwa 8 kg goya go 14 kg. Jaaka dinakedi, di ntsha seeledi se se nkgang bosula fa di tshogile.
Ditona le ditshegadi di tlile go kopana malatsi ale mmalwa fela go tsadisana. Ka ge go sena setlha sa tsadisano, bana ba ka tsalwa ngwaga otlhe.
Bana ba tsalwa ba sa ikatega ba foufetse mo mosimeng o o lokisitsweng ke tshegadi, morago ga go dusa dibeke di ka nna supa. Go tsalwa fela ngwana ale esi ka nako. Ngwana o hudusetswa kwa mongôbông o montšhwa malatsi mangwe le mangwe ale mmalwa go fitlha a siamela go pata mmaagwe mo matsholong a go tsoma fa ale bogolo jwa dikgwedi di le tharo. Matlho a bana a bulega fela fa ba le bogolo jwa dikgwedi di le pedi.
Mokgwa wa Polaô le Phepô
Bomagogwe ke dijanama tse di dithejana, mme sengwe le sengwe se se nnye mo go bona se kaiwa fa ele sejo, gotswa go ditshenekegi goya go dikwena tse di nnye. Ke batsumi gole gantsi, fela ba ka selasela kgotsa go utswa dijo gotswa go diphologolo tse dingwe le mo metemeng ya matlakala.
Ba matlhagatlhaga thata bosigo mo dikgweding tse di bothitho tsa selemo, le motshegare mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga. Mo dikgaolong tse mo go tsona ba sa kgoreletsegeng, gantsi ba matlhagatlhaga thata ka matsha le ka thapama.
Bomagogwe ba ditlhokatsebe ba bolaya diruiwa tse di nnye gangwe le gape, segolo bogolo dikgogo, dinku le dipodi. Goya ka Predation Management Manual, ga se gantsi ba bolaya setsongwa pele ba se ja, mme ba ja diphatlhana mo setsongweng mme nako dingwe ba se kgaola dirwe se ntse se tshela.
Go tsewa fela palo e e kwa tlase ya nama, gantsi ke nama gotswa mo sefatlhegong, jaaka nko, mesifa ya marama kgotsa loleme. Setsongwa gantsi se kgagamololwa gotswa ka fa tlase, ka phatlha e kgolo mo sehubeng.
Taolô
Bomagogwe ba nankolotswe fa ele diphologolo tse di gaufi le go nna mo kotsing mo bukeng ya South African Red Data Book for Mammals, mme ke phologolo e e sireleditsweng kwa Kapa Bophirima, Botlhaba le Bokone. Balemirui ba tlhoka lekwalotetla go ka bolaya kgotsa go hudusa magogwe.
Bomagogwe ke baepi ba ba matshetshe mme ba na le menala ya fa pele e e tiileng tota, e e ba kgontshang go gagola letloa la megala bonolo. Masaka, badisa le diphologolo tsa tiso ka jalo ke mekgwa e e gaisang mo thibelông ya ditatlhegelô.
Badger Friendly Label e tlhamilwe go supa tlhagiso ya mamepe ka tsela e e sa gobatseng bomagogwe. Bontsi jwa batlhagisi ba mamepe ba fenya mathata a bomagogwe, ka go tlhatlhosetsa lebokoso la mamepe kwa bogodimong jo bo ka nnang meter gotswa fa fatshe ka go bofelela mabokoso a mamepe mo dipaleng.
Goya ka South African National Biodiversity Institute and Endangered Wildlife Trust, ditshenyô tse di bakiwang ke bomagogwe di ile tlase ka 66% magareng a 2001 le 2009, ka ntlha ya mekgwa e e tseneletseng ya tshireletso ya mabokoso a mamepe.
Translated by
Nchema Rapoo