Tshupo ya Diphologolo

Dikgomo tsotlhe, dinku, dipodi, dintšhe, dikolobe le dipitse di tshwanetse go tshwaiwakgwebo le letshwao la go supa, go ya ka Molao wa Tshupo ya Diphologolo (Molao wa 6 wa 2002). Tshupo ya diphologolo, ga e dire fela gore go nne botlhofo gore beng ba kgone go bona diphologolo tse di timetseng kgotsa tse di utswitsweng, mme le go otlhaya magodu a leruo.

Tiro ya Kopo

Balemirui ba tshwanetse go dira kopo ya go tshwaya go tswa mo Mokwadising wa Tshupo ya Phologolo kwa Lefapha la Bosetšhaba la Temothuo, Dikgwa le Ditlhapi. E e kwa ntle ke batswadisi ba dipoo, ba ba tshwanetseng go kwadisa diphologolo tsa bona le Mokgatlho wa Diruiwa wa Buka ya Dipoo wa Aforika Borwa.
Diforomo tsa go dira kopo di ka bonwa kwa dikantorong tsa katoloso, dikantoro tsa magiseterata, diyuniti tsa go utswa diruiwa kwa Ditirelong tsa Sepodisi sa Aforika Borwa le Mokwadisi wa Tshupo ya Diphologolo. Dikopo di tshwanetse go latelwa ke bopaki jwa aterese – tse di bogolo bo fetang dikgwedi di le tharo.
Fela fa kopo e amogetswe, e tsaya dibeke tse di ka nnang tse pedi gore Mokwadisi a kwadise letshwao mo Thulaganyong ya Ikwadiso ya Diphologolo ya Bosetšhaba eo e leng fela Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa di nang le phitlhelelo.
Letshwao la tshupo le le kgethegileng mo go mong mongwe le mongwe le go nna le matshwao o o sa feteng tharo kgotsa (ditlhaka or matshwao). Ga go ope yo a tshwanelang go dirisa letshwao la go supa kwa ntle ga tetla ya mong. Fa letshwao le ka sutisediwa kwa mongwe o sele, mong yo mošwa e tshwanetse go dira kopo ya go sutisiwa.

Melawana

©Peter Delaney
Melao e e riling e teng, e e laolang bogolo popego, paterone le thulaganyong ya matshwao a tshupo gammogo le tsela e e rileng ya ka dikarolo tsa diphologolo di ka kgotsa di ka se tshwaiwe. Dikwalo tsa mmele, sekao, di ka se fete dimilimetara di le 20 ka bophara kgotsa botelele, fa e le gore matshwao a bosupo a tshwanetse go nna go feta dimilimetara di le 40 mme e sa feteng dimilemetara di le 100 bophara le kwa godimo.
Go ya ka Foramo ya Bosetšhaba ya Thibelo ya go Utswiwa ga Diruiwa, diphologol di tshwanetse go tshwaiwa mo sebakeng sa dibeke tse pedi morago ga go rekwa.
Dikgomo di ka kwalwa mo mmeleng go tloga ka kgwedi e le nngwe le go tshwawa go tloga ka dikgwedi di le thataro. Di tshwanetse go tshwaiwakgwebo ka nako ya leino la kwa pele la ntlha la leruri le tlhagelela (dikgato tsa meno a mabedi). Leino le bewa mo tsebeng nngwe le nngwe, fa karolo nngwe le nngwe e e bonalang ya mmele, kwa ntle ga molala, di ka nna tsa tshwaiwa. Balemirui ba tshwanetse go ela tlhoko go se tshwae dikarolo tsa mmele tse di ka nnang le khuetso e e sa siamang mo boleng jwa lemorago.
Diruiwa tse dinnye, jaaka dinku le dipodi, gammogo le dikolobe, di tshwanetse go kwala mo mmeleng ka kgwedi e le nngwe ya dingwaga, le mokwalo mo mmeleng o beilwe mo tsebeng nngwe le nngwe.
Dintšhe di ka nna tsa tshwaiwakgwebo fa tlase ga maphuka, go tloga ka kgwedi e le nngwe go fitlha go dikgwedi di le thataro. Di ka nna tsa tshwaiwa go tswa mo dikgweding di le thataro mo lotlhakoreng lwa kwe ntle la dirope tsa tsona. Letshwakgwebo kgotsa go kwala mo mmeleng go tla nna le ditlhaka di le pedi fela, le matshwao a a beilweng a ka nnang dimilimetara di le 6 ka kgaogantsho, e ka nna fa thoko kgotsa ka fa tlase ga nngwe le nngwe le ditlhaka tsa letshwao le beilwe fa thoko ga tsona.
Dipitse di ka nna tsa kwalwa mo mmeleng go tswa mo dikgweding di le thataro mme tsa tshwaiwakgwebo go tloga mo dikgweding tse di lesomepedi.

Translated by Lawrence Ndou