Tree Squirrel
Mogwele

© Shem Compion

Leina

Mogwele or Smith's Bush Squirrel (Paraxerus cepapi)

Ponalo

Botelele ba phologolo e ke 350mm, e eleng go halofo ya palo eo ke mogatla wa yone. Species se se na le bokete ba 200g. Mmala wa letlalo la yone le ka farologana go ya ka gore e tswa kwa lefelong le lefeng. Kwa bophirima ba mafelo a bonno ba tsone e mmala o pale grey, kwa botlhaba ba one e mmala o ntlhwa.
Mmele le tlhogo di mmala o rusty. Mmala wa mo sefubeng o mosetlha kwa botlhaba fa ole bosweu kwa bophirima. Dimpa tsone di mmala o bosweu. Diphologotswana tse di phaphame mme maphatephate. Di tshola megatla ya tsone o phuthologetse kwa morago.

Dijo

Gantsi di ja merogo, mme fela jaaka borotwe ba bangwe di ka itshware ditsheneke ka makgetlo a mangwe. Mogwele o dirisa dinao tsa kwa pele go kgeetholla dijo fa di fepa. Di gasaganya dipeo gotlhe ka jaalo di thusa go jala ditlhare.

Tsalo

Kwa tikologong ya bwa borwa di tsala fela ke dilemo tse dingwe. Thobalano ya tsone a diragaala ka kwegi ya Phatwe. Fa e tsala, e ka tsala ngwana a le esi kgotsa ba le bararo magareng ga Phalane le ngwanatsele morago ga malatsi a le 56 e ithwele. Bana ba yone bakgwisiwa morago ga dibeke dile thataro mme di tlogela sentlhagane go ipatlela sa go ja ga e tshola malatsi a le 19 a bophelo.

Mekgwa

Phologolo e e arboreal, mme tsa nako e le kwa go dimo ga lefatshe e bakana le dijo. Ga e ka tshwenye mogwele o ikantse setlhare. Masigo malapa a tsone a nna mmogo mo mesimeng e e mo ditlhareng. Bana ba itekanela go ka bona thobalano magareng ga ba le dikgwedi dile 6-9, ka nako eo mma batsadi ba yone ba tlabo bae koba molelapeng.
Gantsi ee tona ke yone e nnetefatsang phemelo ya mafelo a tsone, mme e namagadi le yone e kgona go leleka manaba fa a ipelee botsetse.Go tiisa kgolagano ya lelapa, di ka abelana mko o o tshwana ka tsela ya go fogotlhana.

Manno

E nna kwa diwoodlangs le disavannah mme seo se akare mefuta e le mentsi ya di-woodlands.
Ithatela ditlhare tse nang le mesima gore e kgone go ikagela sentlhaga. Ditlhare tse ditshwanang le Bopane tree. fa e sa kgone go bona setlhare se se nang le mosima oo siameng. mogwele a ka epa mosime was gagwe mo fatshe.

Kwa di ka Bonwa kwa Teng

Phatlhalatsa ya tsone mo borwa e etegella kwa di-woodland tsa bokone bophirima, Northern Province, Mpumalanga Province mme kwa botlhaba phatlhallo ya tsone e ella kwa Swaziland le Mozambique.

Vital Statistics

Leina la SeLatini: Paraxerus cepapi
Bokete (Mosadi): 108 - 265 g
Bokete (Monna): 76 - 240 g
Betelele (Mosadi): 35 cm
Botelele (Monna): 35 cm
Nako ya go ima: 2 months
No of Young: 1 - 3
Sexual Maturity: 10 months
Birth Weight: 10 g
Order: Rodentia
Lelapa: Sciuridae
Tsalo: 1 - 3 ya bana ba tsalwa ka nako engwe l engwe mo ngwageng. (bontsi ka Phalane-Moranang) Mma tone o ima dibeke dile 8

Motlhala

Dinao tsa kwa pele di boleele jwa 2cm fa tsa kwa morago di meta 3cm.