Tlhokomelo ya Boleng jwa Mae

© Chris Daly

Go thibela tshenyego, mae a tshwanetse go iswa kwa badirising ka bonako jo bo kgonegang. Mae gape a tshwanetse go tsholwa mo dithemphoritšhareng tse di kwa tlase ga digrata di le 13 mme a seke a tlogelwa mo letsatsing kgotsa mo kamoreng e e nna mogote thata. Food and Agriculture Organisation (FAO) ya kwa Amerika e rotloetsa dikgato tse di latelang go efoga tshenyego ya mae:

  • Sutisetsa mae kwa dikamoreng tse di moriti mme di tsenwa ke mowa sentle le kwa dipolokelong tsa ka fa tlase ga mmu ka bonako jo bo kgonegang morago ga go beelwa.
  • Dikamorepolokelo tse di nang le setsidifatsi kgotsa sefokamowa sa motlakase di ka diriswa fa motlakase o le teng.
  • Fa go sena motlakase, mae a ka bewa mo moriting kgotsa mo kamoreng e e lefifi a apesitswe matlhare a matala go fokotsa dithemphoritšhara.
  • Mae a ka bewa ka mo gare ga pitsana e e bopilweng ka mmu ya molomo o o bulegileng, mme e epetswe mo mmung ka boteng jo bo lekanang le halofo ya boleele jwa pitsana. Mateng a pitsana a tshwanetse go alwa bojang go thibela mae go nna bongôla, mme lesela le le sesane le tshwanetse go beiwa mo godimo ga mae go letlelela tsamao ya mowa. Boalo jwa motlhaba le mmu bo phatlhalatswa go dikologa pitsana mme metsi a gasagasiwa mo go bona gangwe le gape mo gare ga letsatsi go bo tshola bo rurufetse. Mae a tshwanetse go pitikololwa gangwe ka letsatsi.
  • Mo maemong a bosa a a omeletseng mae a ka bolokwa mo ditlatlaneng ka mo gare ga kôbôtlô ya logong kgotsa e e betlilweng ka megala. Tray ya metsi e bewa mo godimo ga lebokoso, mme maphatlô a kgetse a tsenywa ka mo gare ga tray gore maphatlô a kgetse a a metsi a anegwe mo matlhakoreng a lebokoso.

Mae A A Leswe

©Chris Daly
Go tlhatswa ke tsela e e siameng mme e le bonolo ya go ntsha leswe le dipatso mo dikgapetleng, fela metsi a ka nna le megare e e ka tsenelelang mo dikgapetleng tsa mae. Tlhatso ka jalo e tshwanetse go dirwa ka sentsha-maswe se se senang monkgo kgotsa ka metsi a a mogote a a ka nnang 38 degrees Celsius, go ya ka FAO. Maswabi ka seno ke gore sentsha-maswe se ka nna tlhwatlhwa-godimo kgotsa se ka se bonwe, mme gape metsi a a mogote a ka baka gore mae a phatlhoge. Mokgwa o mongwe ke go dirisa digotlhi go fala le go gotlha mae. FAO e eletsana gore seno se dirwe ka kelotlhogo go efoga go senya dikgapetla tsa mae.

Go Tshasa Kgapetla Mafura

©Chris Daly
Mae a ka tshaswa ka mafura a setswammung a a kgethegileng a sena monkgo ebile a sa kgomarele thata, go fokotsa ditatlhegelo ka ntlha ya mowafalo, segolo-bogolo fa mae a beilwe mo polokelong e e tsididi dikgwedi-kgwedi, kgotsa fa a beilwe mo dithemphoritšhareng tse di kwa godimo ga 21°C, go ya ka FAO. Fa mae a tshwanetse go itshokela dithemphoritšhara tse di kwa godimo, FAO e eletsana gore a tshaswe mafura go simolola mo diureng tse nne go ya go tse thataro morago ga go beelwa; mme mo diureng tse 18 go ya go 24 morago ga go beelwa fa a tlile go bolokwa mo themphoritšhareng ya 0°C.

Translated by Nchema Rapoo