Tlamelo le Patlego ya Nama ya Podi mo Aforika Borwa

© Gerrit dos Santos
Patlego ya setso sa selegae mo tirisong ya dipodi mo Aforika Borwa ga jaanong jaana e kgweetsa (le go feta) tlamelo ya dipodi tse di tshelang. Dipodi tsa nama di rekisiwa mo lephateng le e seng la semmuso, kwa Kapa Botlhabale le Kwazulu-Natala, eo e kgweetsang intaseteri ya yona. Mmaraka wa tse di tshelang o e seng wa semmuso o duela ditlhotlhwa tse di kwa godimo go gaisa mafelo a tlhabelo a semmuso a nama ya nku le podi e ka a abang (sk. R1 200 kgatlhanong le R700 ya bogolo/dingwaga tse di tshwanang - Ngwanatsele 2018). Mmaraka wa nama ya podi o e seng wa semmuso mo Aforika Borwa gantsi o tlamelwa ke (tshelang) dipodi tsa setlogo gammogo le dipodi tse dingwe tse kgolwane tsa Boboa (nakwana).

Go nna teng ga Nama ya Podi mo Kgwebong

Ditshekatsheko ka South African Meat Industry Company (samic) di supile gore dipodi tse di tlhabilweng mo lekaleng la bogwebi gantsi ke dipodi tsa Maburu le go feta dipodi tsa Boboa tse tlatseletsang 0.55 ya dipodi tse di tlhabilweng mo kgwebong. Le gale, balebeledi ba bangwe ba bea palo ya go tlhabiwa ga dipodi mo bogwebing kwa go 5%.

Go tloga ka 2018, mebele ya dipodi tse di tlhabilweng mo ditlhabong tsa kgwebo e tshwanetse go nna go tshwaiwa sedikologa ka mmala wa namune le botala ba loapi. Botala ba loapi bo dirisiwa fela mo baneng (dipodi tsa baša) fa mmala wa namune o dirisiwa mo mebeleng ya dipodi tsotlhe, go sa kgathalesege bogolo. Batsweletsi ba Mokgatlho wa Podi ya Maburu ba ikutlwa gore go tshwaiwa go go ntšhwa go tla thusa go oketsa tiriso ya kgwebo ya nama ya dipodi mo Aforika Borwa.

Ka 2018 Porojeke e tlhomilwe go leka makete le go rekisa bonaka kumo ba nama ya dipodi tsa Boboa mo setlhopheng sa barekisi mo Kapa Botlhaba. Porojeke e ne e sa atlega ka kgwebo ka ntlha ya dikgato tsa go nna teng ga dipodi tsa Boboa tsa go tlhabiwa ka dingwaga. Go dira ka ditlha go dira go sa nne teng ka dinako tsotlhe. Dipodi se se dira galang ka motlha di sa go nna teng. Mogodimo ga moo, go lebega gore badirisi ba santse e e turang go feta (+r10-r20/kg) nkule podi nama kwa ntle gago nama. Le fa gontse jalo, bantsha kuno ba bangwe ba tshwaetse (Ngwanatsele 2018) gore batlhatlhobi ba nama ga ba tlhole ba ntse ba itse go rulaganya mebele ya dipodi.

Podi ya Maburu ya Kapa Botlhaba wa ntsha kuno ya podi Pip Nieuwoudt o kaya gore go na le tlhokego ya kgolo ya nama ya podi ka ntlha ya mesola ya boitekanelo jwa nama, mme ka ntlha ya tlhotlhwa e e siameng dipodi e tla e bonang mo lephateng le e seng la semmuso go na le tlamelo e ekwa tlase go diresetšhurente le mabenkele.

Tlhabololo ya Mmaraka wa Nama ya Podi

Tlhabololong e e tswelang pele ya lephata la temothuo ya bosetšhaba la podi le a tlhokegang le Nmokagtlho wa Bantshakuno ba Nama e Khibidu (RPO), mekgatlho ya go tswadisa le go tsamaisa mafapha a mmuso a temothuo a mo maemong a a siameng go thusa ka seno. Seo e ne e le keletso setlhopha sa nama seo se obametseng ke modulasetulo Ngaka Pieter Prinsloo.
Dikarolo tse dingwe tsa intaseteri ya temothuo ya podi ya nama tse di tlhokang go elwa tlhoko ke go rekisa kumo ya nama go go siameng, thuto ya badirisi ga mmogo le patlisiso le tlhabololo.

Bantshakuno ba bantsi ba dumela gore kgwetlho e kgolo mme e le ruri, e botlhokwa thata mo tlhabololong ya lekala la nama ya podi, ke molawana o o tokafetseng wa puso.

Setlhopha se se Dirang sa Podi ya Nama

Mo ngwageng wa 2016, Patlisiso le Tlhabololo ya Nama ya e Khibidu ya Aforika Borwa (rmrd-sa) ba biditse mmogo setlhopha se se dirang mo lenaneong la intaseteri ya tlhabololo ya nama ya podi. Setlhopha se se dirang se na le mekgatlho ya tswadiso ya podi ya nama, mafapha a porofense a temothuo, Setlhopha sa Podi ya Bowa, e e seng ya Semmuso, Khansele ya Patlisiso ya Temothuo (ARC) le Intaseteri ya Nama ya Aforika Borwa (Samic).

Ka nako ya kopano ka Seetebosigo 2018, setlhopha se se se dirang ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Ngaka Pieter Prinsloo se dirile dikatlanegiso, tsa gore tse di rileng di ka akaretsa go rekisa nama ya podi, patlisiso ya tlaleletso le thuto ya badirisi. Setlhopha sa tiro se akantse gore lephata le le golo le e seng la semmuso ke motswedi wa lotseno la intaseteri ya nama ya podi, mme go setse boanamo go tsweletsa pele dimaraka tse di kgethegileng.