Tee ya Rooibos ke ya Afrika Borwa ka Boipelo

© Marinda Louw

Rooibos (Aspalathus linearis) ke monawa wa setlhatshana o o tlholegileng kwa dithabeng tsa Kapa Bophirima mme o mela fela mo Afrika Borwa. O gola ka boleele jo bo ka fitlhang 1,5m mme o na le dikalana di le mmalwa tse tshesane ka matlhare a okareng lomao a botala jo bo phatsimang. Matlhare (dikala di segwa 50cm gotswa fa fatshe) a kotulwa mme a tsenele tsamaiso ya ka gale ya pediso e e akaretsang go kgobola le go inela matlhare mo metsing le go a letla go bela diura di le 12.

Enzymatic oxidation e a diragala mme matlhare a fetola mmala gotswa mo botaleng goya borokweng. Kwa bofelong, rooibos e bewa mo letsatsing go oma. Rooibos e tala (e e sa bediswang) e a kotulwa, e segwe le go omiswa ka gangwe ntle le go bediswa, go dira tee ya mmala o o setlhefetseng gona le rooibos ya ka gale. Tee e e senang caffeine e e tlotlwang ka go nna le boleng jwa melemo jo bo akaretsang go isa tlase kgonagalo ya kankare.

E babalesegile go ka diriswa mo maseeng mme e dirisetswa go alafa ditlhabi tsa mo maleng, go baba ga letlalo le bogwata jwa mengato. Polyphenols (dikhemikhale tsa tlhokakhabone tse di nang le di-antioxidant) tse di leng mo rooibos di na le bothibela-rurugô, bothibela-megare le bothibela-phetogo tse di ka sireletsang mmele kgatlhanong le disenyi tse di bakang kankere le bolwetse jwa pelo. Rooibos ke motswedi o o siameng wa di-antioxidant mme ke yona fela motswedi o o itsweng wa antioxidant e e maatla e e bitswang aspalathin, e e ka thusang mo kalafong ya bolwetse jwa sukiri ka go lekalekanya seêlo sa sukiri mo mading le go kaonafatsa monyelô ya sukiritlhago. Tee e ka thusa mo go iseng tlase kgatelelô ya madi, e ka dira jaaka bronchodilator go phekola mathata a khemo mme e thuse mo go agegeng ga HDL cholesterol (cholesterol e e siameng).

Rooibos e na le esiti ya hydroxy le zinc (Zn) tse di ka thusang mo malwetseng a letlalo jaaka acne le eczema le go fodisa phiso ya letsatsi. Di-antioxidant tse di mo rooibos di diegisa tsofalo ka go fokotsa bogale jwa disenyi tse di senyang letlalo, fa seêlo se se kwa godimo sa manganese (Mn) le calcium (Ca) se thusa go aga le go siamisa marapo. Rooibos e teng jaaka tee, metswako le diinolwa tse di monkgo (tse di tswakanyegang mo metsing a a mogote kgotsa a a tsididi) ka ditiriso tse di atologileng di tshwana le tiriso mo diteeng tse di gatseditsweng, tiriso jaaka setsenya-tatso le mo ditlôlông.

Sejalo se kgona sentle go gola mo maêmông a lefatshe le le omeletseng mme se ithatela mmu o o motlhaba o o nang le tsamaisô-metsi e e siameng le pH ya 4,5 goya go 5,5. Dipeo di jalwa mo mealông ya dipeo kgotsa dijalo di ka mediswa ka mesegô. Tsie ya matlhare ke sesenyi se se golo mmogo le horsetail, eleng mofero o o golang mmogo le rooibos. O tshwanetse go ntshwa ka seatla kgotsa ka metšhine.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo