Starfish

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Starfish

Leina la Matshamekwane

Seastar

Leina la Maranyane

Asteroidea

Semeto

E ka nna 1 m

Ponalo

Mebele e e sephaphathi le mabogo. E ka nna le mabogo a le 5 kgotsa go feta (a ka nna 24). Molomo wa yone o kwa tlase ga mmele. Di na le maoto a ditshupu a ditsamayang ka one. Tse dingwe di ka nna le mibitlwa mo mmeleng le mo matsogong. Mebala ya tsone e ka farologana ka ga e ka nna borokwa, bontsho, kgotsa bosweu kgotsa mmala wa namune, boshibidu, mmala wa lephutshe, kgotsa phephole.

Dikitsiso

Mophato wa Asteroidea o wela ka fa tlase ga Echinodermata phylum, mme o akaretsa di-Feather le di-Brittlestars tsotlhe, Sea cucumbers le di-Sea urchins. E tsamaya ka bonya, mme di nna kwa tlase mo lewatleng. Fa di ka latlhegelwa ke mabogo a tsone di kgona go a godisa gape. Tse dingwe tsa tsone di kgona go fetolela mala a tsone (inside-out) go sila dijo tsa tsone. Di itsege ka leina la evisceration gape. Di tsala ka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka dikgopa, di-clams, oysters, ditlhapi tse dinnyele detritus.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng otlhe a lefatshe, go akaretsa le Arctic.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Granulated seastar - Choriaster granulatus
Pincushion starfish - Culcita schmideliana
Red seastar - Linckia laevigata