Springhare
Tshipo

© Nigel Dennis

Leina

Tshipo [Pedetes capensis]

Introduction

Leina la sebupiwa se ka sekgoa le a latlhegisa ka fa Tshipo kgotsa Springhare e le ngwe ya ba leloko la bo rotwe mme e seng o mmutla. Go batho bangwe mo afrika ba tsoma phologolo e fela jaaka mmutla a tsomiwa lefatshe ka bophara.

Ponalo

Tlhogo le mmele ya tshipo e ka meta 400 mm fo mogatla wa yone o meta 440 mm. Ka bokete e ka nna 3 kg mme ke yone fela bipedal rodent e e kgona go tlola mo karolong eno ya lefatshe. Ka maoto a makhutshwanyane kwa pele le a ma matona kwa morago, e bonala e itshola jaaka dwarf Kangaroo. Di na le ditsebe tse di telele le tlhogo ee tshwanang le ya mmutla.
Dikarolo tse di kwa godimo tsa mmele di mmala o serolwana, cinnamon le rufous brown. Mogatla wa yone o montsho kwa tlokong ya one. Ka fa mpeng gone mmala wa teng o ka farologana go tswa go orange kgotsa e nna bosweu. E tona le e namagadi di batlile ditshwana ka sebopego.

Dijo

Tshipo o fepa ka kutu ya tlhaga, rhizomes, corms, stems, dipeo, matlhaka fa di ka batlana le tlhaga e e tala e eleng kwa goo dimo ka diproteine le metsi. Spring Hare e fula e khubame ka maoto a yone otlhe fa mme e nna ka maoto a morago le mogatla fa e ja gore e kgone go kgetholla dijo sentle ka maoto a yone a kwa pele.

Tsalo

Tshipo ga e na nako e e beilweng ya go ka tsala mme fa e tsala e ka tsala ngwana a le mongwe ka morago ga nako ya malatsi ale 77 a go ima. E namagadi e ka tsala ngwana e le esi gararo mo ngwageng. Bana ba yone ba fariwa sentle thata ga ba tsalwa mme ba tsalelwa mo mesimeng.
Di kgona go bona le go itsamaela ka nako ya tsalo. Bana ba yone ikantse mmabone go ba fepa ka maswi lobaka la dikgwedi dile 7 fa di kala bokete jwa 1.3 kg. Di gola go fitlhela dikgwedi dile 8 gore di siamela go ka imponna thobalano.

Mekgwa

Ka gore maoto a tsone a kwa morago a matona dikgona go tshabela manaba ka lobelo le le kwa godimo fa a ka leka go ditlhasela. Go reiwa dophologolo ditshwana le dinonyane tsa batsumi, le lengau. Di rata go nna moitlhageng fa go nang le dijalo mme le mmu wa santa fa di ikepelang mesima mo teng.

Di ka bonwa kwa kae

Kwa entle ga mafelo a kwa sekakeng kgotsa kwa sekgweng, ntshipo e na le phatlhalatso e e tona Afrika Borwa ka bophara. Fa mme di ithatela go nna kwa mafelo a komelelo e e mo magareng kgotsa semi arid regions.

Field Notes

Ntshipo e jewa ke merafe e mentsi mono Afrika, ka jalo tswellopele ya bophelo ba phologolo ga bo tshepise kwa mafelong a le mantsi mo continenteng.