Slipper Lobster

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Slipper lobster

Leina la Maranyane

Scyllaridae

Semeto

E ka nna 50 cm, fa bontsi bo ka nna 25 cm.

Ponalo

E na le dinakana tse dikgolwane mo tlhogong ya yone tse di batlileng di tshwana le digarafo. Mmele wa yone o moleele jaaka wa di’lobster tse dingwe, mme e na le dipara dile tlhano tsa maoto mo skgapheng(diplata tse ditshwaraganeng ka fa tlase) sa yone. Di iphitlha sentle ka mmala wa borokwa jo bosetlhana le mmala wa ‘beige’. Tse dingwe di na le distripe le ditsubaba tsa mebala ya boshibidu, botala ba legodimo le bontsho.

Dikitsiso

Lelapa la Scyllaridae le na le mephato e le 8 le dibopiwa dile 71. Di sikana thata le di’spiny le di’coral Lobster. Ke dibopiwa tse di kelotlhoko. Di itshireletsa ka go ikepela mo santeng. Di ka bonwa mo ditotomeng kgotsa mo mafelong a santa mo lewatleng. Di tsala ka go tshela mae mo metsing pele a nonofatswa ke e tona (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka di’molluscs, crustaceans, dibokos, echinoderms le detritus.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Ridged slipper lobster (Scyllarides nodifer)
Shoveller crayfish (Scyllarides elizabethae)
Spanish slipper lobster (Scyllarides aequinoctialis)