Mo dikgaolong tsa temô tse mo go tsona segagane se ka gobatsang dijalo, bolaodi jo bo siameng jwa dinako tsa jalô bo ka lekanyetsa tshenyô ya segagane ka paka ya kgolô ya dijalo.
Lekanyetsa ditatlhegelô tsa segagane, ka ntlha ya segagane se se thari, ka go jala dijalo tse di amegang bonolo fela fa morago ga gore matshosetsi a segagane a fete. Seno se ka nne sa se kgonagale ka metlha mo go wena, ka ge o ka fetwa ke ditlhwatlhwa tse di ntle tse di tlang ka go nna wantlha kwa mmarakeng le dijalo tsa gago.
Ditatlhegelô tsa segagane, ka ntlha ya segagane sa go sale gale, di ka lekanyetswa ka go jala mo bogareng jwa selemo kgotsa mo halofong ya bobedi ya selemo. Kgolô e tla konosetswa pele segagane se simolola.
Go a kgonagala go tlisa letlha la gago la kotulo fa pele ka go jalelela matlhogela ka fa tlase ga tshireletso, jaaka ka mo mogorogorong o monnye, go ela kwa bokhutlong jwa paka ya segagane. Fa matshosetsi a segagane a fedile, matlhogela ano a jalololwa le go jalwa mo tshimong.
Balemi-potlana kwa Porofenseng ya Kapa Botlhaba ba jala mmidi gotswa mo matlhogeleng, gore ba kgone go nna le mmidi o motala go sale gale.
Megorogoro ya Mo Tshimong
‘Megorogoro e mennye’ e ka agwa ka go dirisa mealô ya polasetiki e mesesane go dira jaaka kagôtshireletso ya dimela e potlana. Moalô ono o tshwanelwa ke go tshegetswa go okama matlhogela, mme o gatelelwa ka mmu go thibela gore o se tsewe ke phefo.
Ka ge dithemphoritšhara ka fa tlase ga polasetiki di ka nna mogote thata, pulelomowa e ka tlhokega. Apola moalô kgotsa o ntshe mo motshegareng fa go kgonega.
Netefatsa fa o sutisa maphatlô mangwe le mangwe a polasetiki a a setseng morago ga kotulo ka ge a ka nna kotsi go diphologolo tse di fulang mo kgaolong.
Dikagôtshireletso tsa Dimela le Megorogoro
Mo dikgaolong tsa segagane se se kwa godimo, tlhagiso ya merogo e direlwa ka mo gare ga dikagôtshireletso tsa dimela kgotsa megorogoro. Fela, seno se ka nna tlhwatlhwa-godimo mme se tlhoka bolaodi jo bo ntle, fela dithôbô tse di kwa godimo di ka phimola seo.
Bomolemô jo bo golo go gaisa jwa tlhagiso ya merogo ka mo teng ga dikagôtshireletso tsa dimela bo fitlhelelwa fa e dirwa gaufi le mebaraka e megolo (ditoropokgolo) kgotsa e direlwa thomelontle (gaufi le boemafofane). Sekai se se ntle se bonwa gaufi le Krugersdorp. Kgaolo eno ya bolemirui jwa mo dikagôtshireletsong tsa dimela e gaufi thata le Johannesburg ga mmogo le Boemafofane jwa Boditšhabatšhaba kwa O.R. Tambo.
Mo ditshimong tsa maungo le ditshimo tsa morara
Ka dingwaga tsa bo-1950, oli ya mmotoro ya bogologolo e ne e tshubiwa mo ditshimong tsa apole le piere tsa kwa Koue Bokkeveld, eleng kgaolo e e dithaba kwa Kapa Bophirima, mo masigong a mo go ona tshenyô ya segagane e neng e solofetswe. Seno se ne se tlhagisa mogote le kapeso ya mosi fela se ne se baka kgotlhelo-loapi, mme se ne se sa siamela tikologo.
Ka dingwaga tsa bo-1960, nosetsô ya kgasô-kgasô ya fa godimo ga dijalo e ne e tsenngwa tirisong ka dikonopo tse di tobetswang ka thermocouple, fa themphoritšhara ya mowa e ne e wela tlase kwa tlase ga themphoritšhara e e beilweng ya tsiboso.
Jaanong, nosetsô ya kgasô-kgasô ya fa godimo ga dijalo e ntshitswe mme go tsene nosetsô ya rothetso le segasi-nnye se se fa fatshe, ka jalo senosetsi sa fa godimo ga dijalo ga se tlhole se dirisetswa go lekanyetsa segagane.
Kwa Kgophung ya Napa kwa California, dithuthafatsi tsa motlakase tsa di-fan tse kgolo di futswela mowa o o mogote fa godimo ga ditshimo tsa morara go lekanyetsa segagane.
Translated by Nchema Rapoo