Sable
Kwalata

© Nigel Dennis

Leina

Kwalata [Hippotragus niger]

Tebego

Ke antelope e kgolo e ntle. Dikwalata di bonagala ka bobowa jo bo phadimang jo bontsho, di na le bosweu ka fa tlase le mo sefatlhegong. Dinamagadi di dinnye, di le mmala o borokwa. Bong boo bobedi bona le moêtsê mo godimo ga melala. Boleele jwa legetla jwa dipoo ke 1.4 m, ka bokete jo bo ka nnang 270 kg. Dinamagadi di dinnye go feta foo.
Bong boo bobedi bona le manaka a maleele, a gwaegile, mme a konegela kwa morago. Dintlhana tsa manaka di borethe ebile di metsu. Manaka a dipoo tse di nonofileng a fitlha go 1.2 m ka boleele. Manaka a dinamagadi a makhutswane ebile a masesane mo go a tse tonanyana.
Ditsebe di dikhibitswana kwa morago mme di dikhutswane fa go bapiswa le tsa Kunkuru. Manaka a tse dinnye a simolola go bonagala fa di tshwara kgwedi tse pedi.

Phepo

Phepo ya tsone gantsi ke tlhaga. Di ithatela tlhaga e e motsu, tlhaga e khibidu le mefuta e e farologaneng ya tlhaga ya Brachiaria, Urochloa le Panicum. Di ja le dimela tse di farologaneng tse di gaufi le metsi.
Ke mofudi wa dimela tse tala o o kumolang tlhaga ka bontsi go tswa mo mmung. E tšhôtlha marapo a diphologolo tse di suleng go thibela tatlhegelo ya menerale wa phosphorous.

Tsadiso

Dinamagadi di simolola go siamela thobalano ka dingwaga tse tharo, mme di tsale maitebolo di le dingwaga tse thato. Morago ga go dusa matsatsi a le 270 di belega namane e le nosi ya bokete jwa 17 kg.
Dinamane di fitlhiwa mo gare ga tlhaga e telele dibeke tsa ntlha tse pedi, mo nakong eo di etelwa ke bommaatsona go amuswa le go godiswa. Dinamane di simolola go rata tlhaga di sale dinnye, mme fela di kgweswa mo kgweding tse robedi.

Maitshwaro

Dikwalata di matlhagatlhaga go sale gale mo mesong le ka thapama, mme dinwa metsi ka sethoboloko. Ke antelope e e ratang botsala, e bontsha seno ka bogolo jwa metlhape ya yona.
Ka setlha sa tsadiso setlhopha se se nang le tse di dusang se kgaoganngwa le se segolo se se nang le dinamane le dikwalata tse di sa tsaleng. Fa mariga a tseneletse metlhape e megolo e kopanela ko mafelong a mmu o o bongola.
Dipoo tse di magetla di koba dipholo tse dinnye mo motlhapeng fa di nonofile go ka simolola thobalano, di le dingwaga tse tharo.

Tulo

Di ithatela sekgwa sa ditlhare tse di telele se se bulegileng kgotsa lefelo le le bongola, mo teng di tlhopha tlhaga ya boleele jo bo fitlhang mo magetleng e e nang le boleng.

Di Fitlhelwa Kae

Go ata gwa Kwalata go fokotsegile gompieno. Mo Afrika Borwa bontsi jwa antelope eno e e bonwang ka sewelo mme matshelo a yona a le mo kotsing ya go nyelela bo fitlhelwa kwa Kruger Nationa Park.
E ka bonwa gape mo dikarolong dingwe tse di sireleditsweng mo Kwalata e busetseditsweng, kgotsa mo dikarolong tse e iseng e ke e nne kwa go tsona maloba.