Purple Roller
Letlêrêtlêrê Le Le Phepole

© Roger de la Harpe
Purple Roller.

Maina A A Tlwaelegileng

Purple Roller, Rufous-crowned Roller,Letlêrêtlêrê Le Le Phepole

Leina La Se-Latin

Coracias naevia

Tebego

A na le boleele jwa 35-40cm le bokete jwa 160g. Bong ka bobedi bo lebega go tshwana. Ke letlêrêtlêrê le legolo, ka bokimanyana mme le fifetse. Kwa bokgakala kgotsa mo go seng lesedi thata le lebega le le borokwa jo bo tseneletseng ka mola wa mo gare ga tlhogo o o tswapogileng o le sephara, le kôlô e tshweu mo lemoragong la korone. Karolo tsa mmele tse di fa godimo di botala jwa motlhwara jo bo tseneletseng, karolo e e fa tlase mo mokokotlong e botala jwa legodimo le bophepole. Ka bo gaufi go bonagala mola wa mo gare ga tlhogo o mosweu le karolwana e e tswapogileng mo lemoragong la korone. Maphuka fa a tswetswe a lebega a le borokwa jo bo hibitshwana; mogatla o khutlo-nne, ka botala jwa tlhaga jo bo tseneletseng fa gare fa karolo tse di setseng tsa ona di le bophepole le botala jwa legodimo. Matlhakore a tlhogo le karolo tse di fa tlase tsa mmele di timpetse ka borokwa jo bo nang le bophepole, e thalakakilwe ka bosweu; matlhakore a a fa tlase, mpa le mafofana a a fa tlase ga maphuka ga di a thalakiwa. Mo phofong ana le kgalalelo.

Mafofa a maphuka a phofo a botala jwa legodimo le bontsho. Mafofa a a bidiwang upper wingcoverts a bopinki jo bo tswapogileng, mafofa a a bidiwang median le lesser coverts a mmala o o phatsimang wa lilac go ya go phepole o o tseneletseng, mafofa a a bidiwang greater coverts vinaceous a borokwa, mafofa a a bidiwang primary coverts le alula a phepole. Mafofa a ka fa tlase ga maphuka a bopinki jo bo tswapogileng. A maphuka-telele. Molongwana o montsho, maoto le dinao di mmala wa motlhwara le borokwa.

Phepo

A ja ditshenyekegi, segolo bogolo ditsie, ditsiekgope le bo-mmaseleetswane, gape le dikhukhwane, ditshoswane, diphepheng, digagabi tse nnye, magotlo mmogo le dinonyane tse di nnye ka sewelo.

Tsadiso

A lefufa ka kgaolo ya ona, a tsadisana le molekane a le mongwe, a dula mo sentlhageng ka bonosi. Tsadiso e diragala mo magareng ga Diphalane le Seetebosigo. Sentlhaga se le sengwe se diriswa dingwaga-ngwaga ka tatelano, mme matlêrêtlêrê a sekaseka sentlhaga le gape mo setlheng se e seng sa tsadiso. Mae a kgolokwe, ka bosweu jo bo tlhapileng mme a phatsima go le gonnye.

Maitshwaro

A lefufa ka kgaolo ya ona ebile ke bontwa-dumela, a lelekisa le go koba matlêrêtlêrê a mangwe, magakabe le bo-nkgôdi ba bannye. Gantsi di fitlhelwa di le nosi kgotsa ka dipara; balekane ba ka kotama ka karogano ya di-mitara mo magareng. Di kotama gantsi mo dikaleng tse di suleng, e le ka mo gare ga meriti ya ditlhare kgotsa kwa ntlenyana mo go bonalang kgotsa kwa godimo. Ga a modumo kapa majato go tshwana le matlêrêtlêrê a mangwe.

Tulo

Di rata ka mo gare ga dikgwa kgotsa dinaga tse di bulegileng. Ka kakaretso di tlhoka ditlhare tse kgolo go tsadisa. Di rata naga-tlase e e mogote.

Di fitlhelwa kae

Letlêrêtlêrê Le Le Phepole le fela mo Afrika. Le aname le Afrika Borwa, fela ka kakaretso ga le lentsi kwa ditikologong tse di omileng tsa ditlhare tse di kitlaneng.