Peoleitlho ya Boitekanelo jwa Dikolobe
Se se botlhokwa mo tsamaiso ya boitekanelo jwa dikolobe ke go lemoga mathata le malwetse pele a ka tswa mo taolong. Go dira jalo, balemirui ba tshwanetse go farologanya magareng ga maitsholo a a tlwaelegileng le ao a sa tlwaelegelang le ditshupetso tsa boitekanelo. Fa ke matshwao a go shwanelang go a tlhokomela:
Dibopiwa tsa Tsa Loago
Dikolobe ke dipopiwa tse botlhale tsa loago. Ka fa tlase ga maemo a a tlwaelegileng, di tla nna le botshameki, go batla go itse le go dira jaaka karolo ya setlhopha. Di tla bontsha kgatlhego fa mongwe a tsena mo tikologong ya tlhagiso mme di ka tsibogela modumo ka go leba kwa o utlwalang gone. Fa di lwala, di ka ikgogela morago go tswa mo setlhopheng, di nne bonya le go tlhoka botshelo. Gape di ka nna tsa ganwa ke dikolobe tse dingwe, mme se se ka tlhola go fetolwa ga paterone ya go robala ya setlhopha.
Motsamao
Dikolobe di tshwanetse go tsamaya bonolo. Dikolobe tseo di ikgaoganynag go tswa mo setlhopheng, go tlhoka maikatlapelo le maatla, go tsamaya ka bothata, bothata ba go emelela mo kgotsa dikolobe di nne fela mo fatshe, ke matshwao a gore sengwe se phoso.
Ditsebe, Matlho le Nko
Sefatlhego se tshwanetse go nna phepa le go tlhoka dieedi tse di tswang mo matlhong. Matlho a a boroko, ditsebe tse di lepelelang kgotsa ditsebe tse di lebileng kwa tlase di ka supa gore dikolobe di ikutlwa di sa siama. Dieedi tse di tswang mo nkong di tshwanetse go nna mmala o o bofefo mme e seng o o mokima, go nna le boladu kgotsa go nna le madi.
Mokgopa
Mokgopa o tshwanetse go phatsima mme o lebelega o itekanetse. Dikolobe tse di ntsho le bommala ka kakaretso di na le moriri o mokima, fao dikolobe tsa segompieno di na le moriri o monnye o o nang o patlame. Moriri o emeletseng, moriri o o tlhokang botshelo le dibata tse di tsotlhe ke ditshupo tsa gore sengwe se se phoso.
Letlalong
©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA
Letlalo le tshwanetse go nna phepa, kwa ntle ga go nna le mapalo, dibata tse di tlhokang mmala, dintho kgotsa go ruruga. Go ya ka lekwalo la Lefelo la Dikolobe Recognising disease on the farm, go nna botala jwa mmala wa loapi ga tse di tseneletseng di ka nna tsa tsalanwa le tshwaetso ya mogare, tshwaetso e e tseneletseng ya dibaketeria, botlhole, go ruruga ga letsele go go tseneletseng, e e tseneletseng, go ruruga ga mabota a popelo, nyumonia le malwetse a mangwe a farologaneng Mo dikolobeng tsa letlalo mmala o mosweu, go nna khibidu ga letlalo gape e ka nna sesupo sa bolwetse kgotsa go tshwaetso.
Kelo ya Khemo
Kolobe e e itakenatseng e tla hema ka tsepamo le bonolo. Kelo e e tlwaelegileng ya khemo ya kolobe e ikaegile mo dingwageng tsa yona: E e sa tswang go tsalwa e e itekanetseng e ka nna mehemo e le 50 go ya go 60 ka motsotso, tse di kgwesang di tsamaela mo di leng 25 go ya go 40 ya mehemo ka motsotso mme ya kolobe ye e kgolo e ka bang mehemo e e 13 go ya go 18 ka motsotso.
Mokibo wa Pelo
Mokibo wa pelo o o tlwaelegileng wa kolobe e e butswitseng ke mekibo e 65 go ya go 80 ka motsotso le kwa tlase ga mekibo e e 180 ka motsotso ya tse di sa tswang go tsalwa.
Themphereitšha ya Mmele
Themphereitšha e e tlwaelegileng ya kolobe e fa gare ga Didikerii Delisiase di le 38.5 le 39. Kolobe ya thempheretša tse di kwa godimo ga 41 ya didikerii Selisiase kgotsa ka fa tlase ga didikerii Selisiase tse di 37 e lwala. Sengwe ke se se phoso thata fa kolobe e gatsela.
Keletso ya Dijo
Sengwe ke se se phoso fa kolobe e latlhegelwa ke kgatlhego ya go ja.
Mantle
Thempheretšha ya mmele ya kolobe e e siameng e tshwanetse go nna mmala o o sorolwane se botlhofo go ya metsing. Boserolwana jo bo tseneletseng, go nna le boladu kgotsa moroto wa go nna le madi ke se se sa tlwaelegang. Kolobe e khutlile go rota ke bolwetse jo bo bolayang.
Boloko bo tshwanetse go tiya nna le boloko jwa kgomo jo bo sediko ka tlhomamo. Go pipitlelwa, letshololo le le metsi go ya go maminana kgotsa go nna le madi ga di a tlwaelega.
Kelelo ya Mašwi
©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA
Go tshwanetse go nna le mašwi a a lekaneng o kolojana e nngwe le e nngwe, ka mafoko a mangwe, kolojana e nngwe le e nngwe e tshwanetse go nna e sediko le go tlhatswega ngati. Sengwe ke se se phoso fa letsele la kolobe ya tshadi le le thata le rurugile, fa e sa ntshe mašwi a a lekaneng kgotsa mašwi fela kgotsa go na le dintsho tsa dikolojana.
Monko
Dirisa tlhaloganyo ya go nkgetsa go supa mathata, a a jaaka tlhabisaphefo e e bokowa, mowa e e senyegileng e e kwa godimo kgotsa maemo a a kwa tlase a bongola, furu e e sa siamang le diphologolo tse di suleng. Ke eng se se sa iketlang mo bathing go ntse go sa iketla gape mo dikolobeng.
Buisa go le gontsi ka kgatelelo ya maikutlo ya mogote le serame.
Translated by Lawrence Ndou