Crocodiles
Dikwena

© Roger de la Harpe

Ponalo

Go diphaologano dile dintsi mo morafeng wa dikwena tsa Nile Crocodile. Ka tlwaelo ke phologolo e kgolo, e ka nna semeto sa 5m ka botelele le fa e ka nna 6m mo go sa tlwaellegang. Bangwe ba re ka kile ba e bona ka botelele ba 7m, mme se ga se ise se nnetefatsiwe. Go na le bopaki ba Nile Crocodile tsa kwa dinageng tse diphodileng di ka nna dinnye ka botelele ba 4m.
Go na le merafe e mebedi ya di-dwarf nile crocodile tse di phelang kwa ntle ga mafelo a yone, jaaka kwa Mali le kwa sekakeng sa Sahara! Ka lebaka la maemo a a sa lekaneng, tsa bagolo di ka nna 2-3m. Tse di mmotlana di lefitshwana ka mmala wa borokwa ba Olive (Olive-Brown), ka methalo e e fapanang ka bontsho mo mogatleng le mo mmeleng. Methalo e ga e bonale thata mo go tsa bagolo.

Dijo

Le fa e le gore mmotlana o simolola ka go ja dibopiwa tsa metsi tse di senang marapo le ditshenekegi, gaufinyana ba diphologolo tse dikgolwana, jaaka ditlhapi, sika loo-segogwane(amphibians) le digagabi. Bagolo bone ba ka fepa ka mefuta e mentsi ya diphologolo, jaaka diphala, ditshepe, dinare, dikubu tse dinnye, le dikatse tse dikgolo. Ditlhapi le diphologotswana ke tsone di jewang ka bontsi, fa mme le batho ba ka jewa. Re tshepa fa di bolaile batho ba le bantsi go feta tse dingwe tsa morafe wa kwena. Ga mmogo le dikubu le ditau, dikwena di na le seabe mo dipolaong, le gonyelela maphelo a ballwa ka makgolo a mmalwa ngwaga le ngwaga. Le fa e le gore palo e o ga e ise e nnetefatsiwe. Kwena ya Nale Crocodile e ka ja ditopo tsa diphologolo tse dingwe tse di suleng, fela jaaka tse dingwe kwa sekgweng.
Gantsi go fitlhelwa ditopo tsa diphologolo tse dingwe ka fa tlase ga mafika le ditlhare mo mesting, mme seo se bakile tumelo ya gore dikwena di ipeela dijo foo go fitlhela di di tlhoka. Bangwe ba dumela gore go botlhokwa gore nama eo e bole gore e nne botlhofo go gagolakaka le fa e le gore kgang eo ga e ise e amogelesege. Nama eo e ka boleta fa e le ka fa tlase ga metsi, kwena ga e rate nama e e bodileng. ga di ja di ka tlase phologolo mmogo, mme di e tshware ma metlhaga ya tsone e thata, fa dintse di gogagogana le yone e a kgagoga mme dikgone go kometsa. Mokgwa o wa tirisano mmogo ga difepa e setse e lemogilwe, jaaka ga dile mo metsi ka bontsi di ka dikaganya tikologo ya metsi gore dikgone go thaisa ditlhapi mmogo ka go di tsenya mo lesakaneng.
Gantsi maemo a botlhokwa ka dinako tse ka gore tsa barena di ja pele. Ditlhopha tsa dikwena di ka tswa mo metsing go batlana le dijo tse di bolailweng mo nageng. Mme di tsenelle naga bokgakala ba makgolo a dimitara kgakala le metsi go dira seo. Tsa bagolo di kile dia bonwa di kgarametsa ditlhapi mo metsing ka mmele le mogatla wa tsone gore di kgone go ditshwara ka meno a tsone.

Tsalo

Sebopiwa se se epa mesima ya boteng jwa 50cm mo santeng, dimitara dile mmalwa gaufi le metsi. Mesimana e, e ka nna gaufi le mesima ya tse dingwe. Nako ya tsalo e ya farologanywa ke go e kwa lefelong le le feng mo lefatsheng. Kwa mafelong a a kwa bokone tsalo e diragala ka nako ya dikomelelo, fa kwa borwa e diragala kwa tshimologong ya nako ya dipula, gantsi go tloga ka kgwedi ya Ngwanatsele go ya kwa bokgutlhong jwa kgwedi ya Sedimonthole. E namagadi e siamela thobalano ga e le 2.6m, fa e tona yone e le 3.1m. Namagadi e beela mae a ka nna 40-60 mo mosimeng. Palo e, e ya farologana go ya ka merafe e mengwe.
Tsa basadi di nna dile gaufi le sentlhaga ka dinako tsotlhe. Sebaka se mae a elamiwang ka yone e a farologana le yone, mme e ka tsaya malatsi a leng magare ga 80-90 (gantsi e nna magareng ga 70-100 ya malaatsi). Morago ga fo, e namagadi e tla epolola sentlhaga go ntsha bana ba yone e ba tsenye mo metsing. Mmogo e tona le namagadi di ka thusa go thuba mae ao ka loleme le magalapa a tsone, mme di dira jalo ka bonolo. Tse di sa tswang go thuba di nna gaufi le tse di mmotlana sebaka sa dingwaga dile pedi. Tse namagadi di tlhama kretshe. Fela jaaka dikwena dile dintsi, Mmotlana o tshamekela kgakala le diphologolo tse dingwe tse di rena mo tikologong tsa tsone.
Le fa e le gore namagadi e nna e beile leitlho la tshireletso mo sentlhageng sa yone, bontsi ba dintlhaga tseo di tlhaselwa ke diphologolo tse difarologaneng, jaaka bophiri, mekgantitswane ya di-monitor Lizard le batho. Gantsi se se diragala ga mmatsone a patelesega ke go tsena mo metsi nakwana go iphodisa mmele.

Maitshwaro

Maitshwaro a semorafe sa dikwena tsa Nile Crocodiles aa nyenyefatswa, mme a baka diphapang, le fa e le gore go dilo dile dintsi tse di sa tlhaloganyiweng ka dibopiwa tse. Se se kileng sa elwa tlhoko ke gore, maemo a semorafe a ka ama bokgoni ba enngwe go bona dijo, ka ga tse di senang matla, e se barena, di ka jela kwa tlase ga di ka ikopakopanya le tse eleng barena mo morafeng wa tsone.

Kwa di ka bonwang kwa teng

Afrika Borwa, Botswana, Egypt, Ethiopia, Ivory Coast, Kenya, Madagascar, Mozambique, Namibia, Somalia, Swaziland, Zambia, Zimbabwe.

Maina la se Latini

Crocodylus niloticus. Ka lebaka la bontsi ba tsone mphatlalatsa, go bonala go na le di pharologano tse dintsi mo morafeng wa tsone. Ga se gantsi mo dikwalong o ka utlwa farologangwa, e bile bontsi ba tsone ga di ise di amogelwe semmuso: C. n. africanus (East African Nile Crocodile), C. n. chamses (West African Nile crocodile), C. n. corviei (South African Nile crocodile), C. n. madagascariensis (Malagasy Nile crocodile, Malagasy alligator, Croco Mada), C. n. niloticus (Ethiopian Nile crocodile), C. n. pauciscutatus (Kenyan Nile crocodile, Kenya alligator, Kenya caiman), C. n. suchus (Central African Nile crocodile).