Nelson Mandela O Ketikile Letsatsi La Gagwe La Matsalo A Dingwaga Di Le 80 Ka Go Nyala Graca Machel

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela o ketekile letsatsi la gagwe la matsalo a dingwaga di le 80 ka go nyala Graca Machel ka di 18 Phukwi 1998 mo moletlong o o kgethegileng kwa legaeng la gagwe kwa Houghton. Machel e ne e le mohumagadi wa maloba wa tautona ya Mozambique e e bolailweng Samora Machel. Mandela o ne a kgaogane le mohumagadi wa gagwe wa maloba Winnie ka Moranang 1992 mme bobedi bo ne jwa tlhalana ka Mopitlwe 1996.
Moragonyana ga gore Nelson Mandela a gololwe kwa kgolegelong, Mandela o ne a kopana le Grace Machel, motlholagadi wa tautona ya metlheng ya Mozambique, Samora Machel, morago o ne a mo tlhalosa fa e le “mosadi yo o kgatlhisang e le ruri yo o botho jo bo kgatlhisang.”
Balekane ba ne ba sweetsa go nyalana ka letsatsi la matsalo a ga Nelson Mandela, 18 Phukwi 1998, mme ba laletsa baeng ba boditšhabatšhaba ba le 2,000. Ba ne ba nyalana kwa legaeng le le ntle la ga Nelson kwa Houghton, Johannesburg.
“Ga ke kgone go tlhalosa boitumelo jwa me go amogela lorato le bothitho jwa mosadi yo o boikobo mme a le bokgwabo a le botlhale”, Mandela o ne a kwala ka nako eo. “Go mpha phuthologo e e makatsang le kgotsofalo gore gona le mongwe felo gongwe mo lefatsheng yo nka ikanyang mo go ênê, segolo bogolo mo mabakeng a bakaulengwe ba me ba sepolotiki ba ka se kgoneng go nthusa mo go ona.”
Machel o mo nnye mo go Mandela ka dingwaga di le 27 mme ke mosadi a le nosi mo lefatsheng yo a kileng a nna mohumagadi wa naga wa ntlha mo dinageng tse pedi. Pele a nyala Nelson Mandela, Graca Machel o ne a na le bana ba le babedi: Josina le Malengani mme o ne a nyetswe ke Samora Machel, tautona ya ntlha ya Mozambique, ka 1957. Samora Machel o tlhokafatse mo kotsing ya sefofane mo Afrika Borwa ka 1986.

“Ke ithutile gore bopelokgale ga se tlhokego ya letshogo, mme ke go le fenya. Monna wa segatlhamela-masisi ga se yo a sa tshogeng, mme ke yo o fenyang letshogo leo.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more