Narrow-leaved Turpentine Grass
Maragômagolo

Leina

Maragômagolo

Leina La Se-Latin

Cymbopogon plurinodis

Ditiriso

Ke tlhaga e ê sa siamelang phulô ka ntlha ya mafura a tlhagô a yona a a efang tatso e ê bosula. E na le mafura a tlhagô a a nang le dikarolwana-tiriso di ka nna 17, mme piperitol le delta-nerolidol ke tse di botlhokwa thata mo go tsona.

Thanololo

Motshela-sebaka o o lelêdu ka magare a letlhare a 5-5mm. Thunya-kakaretso ke ngatana e e repileng e ê seng ya nnete ya dikalana ka dipara tse di ka fitlhang robedi. Maragômagolo ga a jege, ntle fela fa a sa le mannye.

Tulo

E mela mo mabaleng a tlhaga a a bulegileng kgotsa mo karolong tse di bulegileng tsa sekgwa sa nagatlase. E mela mo mefuteng yotlhe ya mmu, fela e rata mmu o ô bokete mo e ka ipopang ka bokatlanamane. E aname go ralala Afrika.

Thunyô

Diphalane – Motsheganong