Mullets

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Mullets

Leina la Matshamekwane

Grey mullets

Leina la Maranyane

Mugilidae

Semeto

E ka nna 90 cm, fa bontsi bo ka nna 50 cm

Ponalo

Mmele o mollele o kgolokwe mme o fokotsegile kwa pele le kwa morago. E na le megatla ya mokwatla e mebedi e mennye. Mogatla wa yone o ntlhapedi kwa morago. Molomo o monnye le dipounama di disesanyane ka meno a mannyenyane. Go na mola wa magare o o bonalang. Bontsi ba tsone di mmala wa selefera ka mmala wa lephutshe, bosweu kgotsa borokwa le fa tse dingwe di ka nna le distripe.

Dikitsiso

Lelapa la Mugilidae le na le mephato e le 17 le dibopiwa dile 72. O ka dibona ka bontsi mo metsing a a se boteng thata. Tse dinnye tsa semeto sa 2cm di iphitlha mo metsing a di’estuaries. Gantsi di tshwantshanyiwa le di’goatfish. Di tshwarelwa bogwebi. Di tsala ka go tshela mae mo metsing gore e tona e kgone go a nonofatsa ka peo ya yone. (Pelagic spawners).

Dijo

E ja algae, detritus, ditshenekegi, mae a ditlhapi le plankton.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Flathead mullet - Mugil cephalus
Groovy mullet - Liza dumerilii
Southern mullet - Liza richardsonii