Morafe wa Matebele wa Aforika Borwa

© Dr Peter Magubane

Tshimologo ya Matebele

Mo ngwagakgolong wa bo17, Matebele ba kgaogane le bontsala bona ba BaNguni, ba ba neng ba ya go nna karolo ya bogosi bo bo maatla ba MaZulu. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Musi, morafe wa Matebele o fudugetse kwa gare ga naga, go itlhoma kwa bokone jwa Pretoria ya gompieno.

Musi go rilwe gore e ne e le nnile mmosi o o botlhale, oo tshwenyego ya gagwe ya pele e ne e le go tshela ga balatedi ba gagwe le tshireletso ya bona kgatlhanong le go sotliwa ke baagisani ba ba maatla. Musi o ne a ikantse ditherisano mme eseng tiriso dikgoka go dira bona tsela ya gagwe. Jaaka mmosi wa toka o o tlotlegang wa maitseo a a boleta, o akanywa a na a bona boikanyego jwa Basotho mo gareng ga gagwe le batho ba gagwe ba neng ba nna gone.

Kgaogano ya Morafe

Fa Musi a tlhokafala, morwa o mogolo wa gagwe, Manala, o ne tlhophiwa jaaka kgosi ya isagwe. Se se ne sa ganetswa ke mongwe wa basimane ba bagolo, Ndzundza, mme jalo kgotlhang e e latetseng mo garena ga bobedi e ne ya kgaoganya Matebele ao a neng a kopane. Kwa bofelong, ntwa e na ya nna se se ka se thibelweng mme, ka kgaratlho ya madi, Ndzundza o ne a fenngwa mme a lelekwa.

Ene le balatedi ba gagwe ba leba ntlheng ya botlhaba, a nna kwa karolong e e kwa godimo ya mogotšwana wa Noka ya Steelpoort kwa lefelong le le bidiwang KwaSimkhulu, gaufi le Belfast ya gompieno, mme Manala o ne a tlhongwa jaaka kgosi ya bolaodi jwa ga rragwe.

Le fa go ntse jalo, e ne e se nako e telele pele fa baka ditlhopha tse dingwe tse pedi tse di leng kgatlhanong, tse di eteletsweng pele ke barwa ba bangwe ba gagwe, ba tswa kwa moding wa Matebele. Boema kgatlhanong ba Kekana bo lebile kwa karolong ya bokone mme ba nna mo kgaolong ya Zebediela ya gompieno, mme karolo e nngwe, ka fa tlase ga Dlomo, e ne ya boela kwa lebopong la botlhaba go tswa kwa Matebele ba tswang gone kwa tshimologong.

Translated by Lawrence Ndou