Melemo ya Setso le Malepa mo Setšhaba sa MaZulu

Baepamere le Dingaka

©Dr Peter Magubane

Melemo ya setso ya setšhaba sa MaZulu e na le tshimologo ya tsona mo gareng ga bogologolo; le tiriso ya ona gompieno e fetogile go le gonnye mo dingwageng di le dintsi.

MaZulu a dira pharologano fa gare ga moepamere (inyanga yokwelapha), yo tiro ya gagwe e leng, e sa ntse e leng le gompieno, go tsamaisa melemo e e dirilweng go tswa mo dimeleng le diphologolo, mme ngaka (inyanga yokubhula), yo o 'nkgetsang' kgotsa a alafe tse di tlhong dingongorego ka go dirisa marapo, magapi, peo le botaki bo bongwe.

Ngaka a baya dilo tseno mo setshelong se se kgethegileng eo a e latlhelang mo legogong, jaaka go latlhela didaese, mme go ya ka tsela e di e kotama ka gona o kgona kgona go rarabolola mathata a mokopi.

Go na le ditlhopha tse dingwe tse pedi tsa dingaka: isangoma ke mongwe yo o ka ikgolaganyang le mewa ya badimo eo e tla tlhagisang melemo go ya ka fa e di boneng mo go mogoeledi wa tsona inyanga yokubhula; isanusi ke ngaka e e nang le bokgoni jwa go bona' ka go nkgetsa' baloi le ba bangwe ba ba dirang bosula.

Isangoma

©Dr Peter Magubane

Inyanga (bontsi izinyanga) isangoma go bapala e bona kitso ya bone le bokgoni mo borutwatiro e e mo baaging ba setso ka nako e e telele e ka nna dingwaga tse di ka nnang di le 20.

Ka tlwaelo banna le basadi ba dingaka ba na le maemo a a kwa godimo thata mo baaging, gantsi ba latela fela kgosi.

Mo setšhabeng sa gompieno sa kwa ditoropong maemo ano a setse a fetoletswe mo letloleng. Bontsi jwa izinyanga mo mafelong a metsesetoro ba na le mabenkele a mo go ona ba nang le diphaposi tsa go ikgolaganya le fa ba ntshang le go rekisa melemo ya bona.

Translated by Lawrence Ndou