Mekento ya Dikgogo le Thibelelo ya Malwetse

© Chris Daly

Mekento e botlhokwa thata mo kgaratlhong le thibello ya malwetse a a rileng. Go ntseng jalo, ga e tshepise gore diphologolo di ka seke tsa ballwa ke malwetse a mangweng. Mokento o o rileng o ka tlhasela bolwetse jo bo lebaganeng le tiriso ya one mme seo se raya gore malwetse a mangwe a ka nna a tlasela diphologolo tseo. Moriana wa mokento o ka nna wa palelwa ke go matlafatsa masole a mmele, fa e le gore go bile phoso epe ka nako e o neng o dirisiwa.

Gore e kgone go atlega, meriana e e tshwanetswe ke go dirisiwa ga mmogo le maano a mangwe a a thusang go lwantshana le malwetse, jaaka biosecurity, maitshwaro a a phepa, le kgatelotlase ya matshwenyego a diphologolo mo lefelo la tiragalo. Bagwebi ba tshwanetswe ke go dirisana le ba lefapha la kalafo ya diphologolo gore ba loge maano mabapi le tsamaiso ya mokento wa diphologolo go kgatlhantsha matshosetsi a a masisi go feta kwa madirelong. Ga ba reka dikokwana tsa nama (day-old broilers) kgotsa tsa mae (18 week-old chicks), ba tshwanetse go bona setifikeiti se se nnetefatsang gore diphologotswana tseo di bone mekento kgatlhanong le malwetse a a rileng.

Ditaelo ya Tiriso

Tse dingwe tsa ditsela tse di tlwaelegileng tsa go fa dikgogo meriana ya mokento mo indastering ya dikgogo ke ya go ditshela ka mouwane (fog, mist, spray) wa yone, go ditshela mo matlhong (eye-drops) kgotsa go e tshela mo metsing a di a nwang. Fa go dirisiwa mefuta wa tiriso ka mouwane, moriana o tswakantshiwa le metsing mme di gasiwe ka one ka tirisiwa diSpray. Di diriswa tsa go enta di ka nna tsa maemo a a kwa godimo, jaaka motshini o o ditshelang di le fa go dimo ga lebanta la indasteri, di gasiwa di feta ka fa tlase ga diSpray, kgotsa babereki ba ka tshwara ditanka tsa moriana mme ba tsamaye mo gare ga tsone ba ntse ba ditshela ka spray.

Marothodi a masesane a atlega go phala marothidi a magolo. Dinonyane di tshwanetswe ke go tshelwa ka mo osong go ise gonne bollo, mme phefo e santse e didimetse.

Fa go dirisiwa tsela ya go enta mo matlhong, lerothodi le le esi la moriana le tswakantshiwa le metsi mme di tshelwe mo matlhong bongwe ka bongwe. Mokento o tshwwanetswe ke go tswakantshiwa go ya ka taelo mme motshedi a netefatse go o tshetse nonyane sentle mo matlhong.

Mokento wa mo matlhong o dira bontle ga o dirisitswe ka taelo, mme fela o ka lapisa thata kwa diolaseng ka gore dikgogo tsotlhe di tshwantse go tshwariwa bongwe ka bongwe gore di bone kalafi. Ke tsela e e ka siamelang borapolase ba ba nang le palo e e kwa tlase ya dikgogo jaaka bagwebi ba mo metseng.

Mekento o ka neiwa diphologolo ka metsi a di a nwang. Ka tiriso eno, lefapha la The South African Department of Agriculture, le retloetsa bagwebi go tima diphologolo metsi sebaka sa diura tse pedi, go nnetefatsa gore di tla bo di nyorilwe ga ba di enta ka metsi.

Fa e le gore lefatshe leo le mogote go ka se tlhokege go di tima metsi. Ba ka nna ba oketsa dikgamelo tsa metsi mo lefelong la tsone gore dikgogo tsotlhe di kgone go bona metsi. Kwa morago ga tiragalo eo ba tla tlhoka go fa diphologolo metsi a a phepa go nwa.

Metsi ao a ka nna a tsenywa mmala o o tla tshwayang diinonyane tse di bonneng metsi.

Katlego

Kwa morago ga tragalo ya mokento, bagwebi ba tla tlhoka go lebelela diphologolo ka kelotlhoko go nnetefatsa ga mokento o berekile. Dinonyane di tla bontsha matshwao a gore moriana o a dira mo go tsone sebaka sa malatsi a le mabedi kgotsa a mararo ga go bona mokento.

Diphetogo tse di tla bonalang mo diphologolong di ka nna sebaka sa malatsi a matlhano kgotsa supa. Matshwao a go blelwang ka one a tla laelwa ke mofuta wa moento o di tlabong di o bone mme tsone di akaretsa, medumo o o tla utlwalang fa di hema, go ethimola, go tsikinyakaka tlhogo, dikeledi le tse dingwe. Ba tshwanetswe ke go tlhatlhoba madi go bona fa mokento o santse o dira tiro ya one mo mmele le gore dikgogo ga di ganane le one.

Mekento o o tlabo o padile fa go sena matshwao a abeilweng. Mongwe yo a dirang ka tsa kalafo ya diphologolo o tshwanetswe ke go bidiwa fa e le gore matshwao a, a tsaya sebaka go ka fela kgotsa fa a le bogale go feta tsela e e tlwaelegileng.

Go Palelwa ga Tiriso ya Mekento

Mokgatlho wa The South African Poultry Association (SAPA) o bone fa diphoso tse di diriwang ke batho e le tsone lebaka la gore mekento e palelwe ke go atlega ka tiro ya one. SAPA e neelana ka maele a a latelang go bona ditlamorago tse di itumedisang ka mekento:

Bontsi ba mekento e tshwanetswe ke go bolokiwa mo mafelong a botsididi ba 4-8°C. Ka jalo go botlhokwa go dirisa lebokisis la setsidifatsi (cool box) ga o di tsamaisa go ya kwa lefelong le lengwe. Le go diboloka mo setsidifatsing se se tshepegileng ga di fitlha kwa polaseng, mme o nnetefatse fa di santse di tsidifetse ga di fitlha.
Mekento e seka ya kopana le marang a letsatsi kgotsa mogote.
O eletlhoko letsatsi le le beilweng mo kgetsaneng ya tsone la gore di tlile go bola leng.
O tswakantshe le go dirisa mekento jaaka go laetswe.
Mokento a tshwanetswe go dirisiwa ka bonako morago ga go tswakantshiwa.
Dirisa semeto se se lekaneng.
Dirisa moriana o o siametseng bolwetse jo o bo lwantshang. Malwetse a a tshwane.
Enta diphologolo ka nako a e siameng. Mekento e mengwe ga e na boleng mo ditsuenyaneng, mme mekento e e okeletsang e tshwanetswe go dirisiwa ka nako e e laetsweng go thusa masole a mebele ya diphologolo. Gopola gore ga go thuse sepe go fa diphologolo mokento fa di setse di tshwaeditswe ke bolwetse.
Nnetefatsa gore batho ba ba dirisang mekento ba katisitswe sentle go itse se ba se dirang.
Nnetefatsa go dinonyane tsotlhe di bona selekano se se tshwanang sa mokento, bogolosetona fa ditshelwa ka mouwane wa mekento o o tswakantsitsweng le metsi kgotsa ka metsi a a nwewang.
Ga o tlhakantsha mokento le metsi, nnetefatsa gore metsi ao ga a na Chlorine mo go one ka gore chlorine e tla bolaya ditshedi tse di tsentsweng mo morianeng ga o ne o dirwa ka adilaborotoring.
O seka wa fa diphologolo diAntibiotic fa o di enta. Ka gore diAntibiotic di ka bolaya ditshedi tse di leng mo morianeng.
O seka wa fa diphologolo mefuta e e farologaneng ya mekento ka nako e le esi. O ka dira seo fela fa e le gore ke taelo ya baitsanape ba ba tshepegileng.
O seka wa enta dikgogo tse di bonalang di na le matshwenyego kgotsa stress se se bakilweng ke maemo a lefelo la tsone, dijo tse di sa itekanelang, kgotsa malwetse, ka gore dinonyane tse di ka se nne le matla a a lekaneng go ka oketsa masole a mmele ka lebaka la mokento. Mokento a ka oketsa matshwenyego a tsone mme seo seka di bakela malwetse a bobedi.
Nnetefatsa gore o kwala poloka kitso ya mekento yotlhe e e neilweng diphologolo, ya gore leng, mokento ofeng, le gore mokento o o latelang o tla dirisiwa leng.

Translated by Ikalafeng Maedi