Mebaraka ya Mae

© Chris Daly

Pele o ka reka dikgogo kgotsa sediriswa senngwe le sengwe, o tshwanetse go supa mmaraka o o tlileng go totana le ona, gore o batla eng, o ipaakanyeditse go duela bokae le tlhwatlhwa ya go tlhagisa setlhagiswa sa gago. Gape o tshwanetse go itse melao le melawana e ditlhagiswa di tla tshwanelwang ke go e sela morago. (Buisa go le gontsi ka molaotheo wa Afrika Borwa fano). Se se gaisang, jaaka mo kgwebong-thuo nngwe le nngwe, ke go ipolokela mmaraka pele o ka simolola ka ntshô-tlhagiso.
Batlhagisi ba mae ba ka itlhagisetsa dibeedi tsa bona (ke se o se bitsang dikgogo tse di beelang mae) kgotsa ba reka dikgogo tseno fa di le mo nakong ya go beela, di le dibeke di le 18 go ya go 19, go ya le gore ke letsopa lefe. (Dikgogo di bitswa merobanyana mo magareng ga nako e di thuthugang ka yona go fitlha ga e di siametseng go beela ka yona). Go fa tlhogo go reka dikgogo fa bogolo jwa bodirelo bo tlile go nna jo bo golo, ka gonne go godisa dikgogo go se bonolo mme dikokwane di tshwanetse go bona phepo e e itsetsepetseng go netefatsa fa di tlile go tlhagisa mae a le mantsi a boleng jo bo siameng. Dikokwana tse di beelang gape di tshwanetse tsa bo di entilwe kgatlhanong le malwetse a a botlhokwa.
Dibeedi ka setlwaedi, go ya ka letsopa, phepo ya dikgogo le maemo a bosa, di tlhagisa lee ka letsatsi. Dibeedi tsa kgwebisano tsa letsopa le le kopantsweng le le lengwe, ka sekai, di tlhagisa mae a le mmalwa thata ka fa tlase ga maemo a mouwane o o mogote gona le ka fa tlase ga maemo a bosa a a tlwaelegileng.
Mae a ma nnye kwa tshimologong fela a tsamaya a ntse a oketsega ka bogolo. Palo le boleng jwa mae a a tlhagiswang di tlile go ya magoletsa fa gare ga motsi wa tlhagiso, mme di e tlase go ya kwa bokhutlhong jwa motsi. Barui ba ba botlana kgotsa barui ba ba tsholang dikgogo tse di ipatlelang dijo ka botsona tse di seng tlhwatlhwa-godimo go fepiwa, ba ka sweetsa go tshola dikgogo go fitlha ka motsi wa tlhagiso o o lateng. Fela mo thulaganyo-tlhagisong e e tseneletseng, dikgogo di rekisetswa bagwebi ba mo mmileng fa go dira tlhaloganyo ya chelete go ka bona dikgogo tse dingwe, gantsi go simolola mo bekeng ya bo-69 ya tlhagiso.

Mefuta ya Thekiso

Batlhagisi ba mae ba ka rekisa mae a bona ka tlhamalalo go tswa kwa polaseng, ka go ya ntlo le ntlwana kgotsa ka go rekisa mo mmileng, mebarakeng ya batlhagisi kgotsa kwa mabentleleng. Go dira thekiso ka bowena go ka fa tlhogo fa ona le bodirelo jo bo botlana, fela go ka senya nako mme go bake gore motlhagisi a nne le nako e nnye kwa lefelong la tlhagiso fa bodirelo e le jo bogolo. Go tsamaisa setlhagiswa, go se phuthêla le go se tshwaya go ka oketsa ditshenyegelo.
Ka fa go le lengwe batlhagisi ba ka dirisa barekisi ba mo mmarakeng, ba gantsi ba tsayang mae ka tuelo kgotsa go a ithekisetsa, mme ba rekise mae ao kwa mmarakeng wa selegae, kwa marekelong, mabenkeleng, marekisetso a dijô, dihotele, dipetlele jalo le jalo. Bakokoanyi bano e ka nna bagwebi ba ba fetang, barulaganyi ba mmaraka, bakokoanyi ba ba ikemetseng kgotsa batlhagisi ka bo bona.
E ka nna kakanyo e ntle go simolola cooperative ya setlhopha e e sekasekang le go phuthela mae mo dikgaolong tse di nang le setlhopha sa barui ba ba tlhagisang mae. Mosola o mogolo wa seno ke gore cooperative eno e tlile go nna le dikgatlhegelo tsa barui, ka ge e tsamaiswa le go direla ke ba ba e dirisang, gona le ke ba eleng ya bona.

Boleng Jwa Mae

©Chris Daly
Mmaraka mongwe le mongwe o tla nna le dikgatlhegelo tsa ona, dikganelo tsa taolo kgotsa dilekanyô tsa tlwaêlô mmogo le ditaolo tsa phuthelo le tsa malwetse. Ga se fela bogolo le boleng tse di leng botlhokwa, ka ge mebaraka e mengwe e kgatlhegela mae a mmala wa kgapetla kgotsa wa tlae o o rileng.
Ga go ope mo Afrika Borwa yo o ka rekisang mae a a jewang ke batho ntle le go latela molaotheo wa Afrika Borwa.

Tsenyo-Boleng

Barui ba ka tsenya boleng mo ditlhagisweng tsa bona ka tsela ya go a dira. Ka sekai, ba ka rekisa mae a a bedisitsweng kgotsa a a metsi. Boleng gape bo ka tsenngwa mo setlhagisweng ka mokgwa wa phuthelo le tshwaô, go dira gore se itshupe go tswa mo ditlhagisweng tse dingwe.

Translated by Nchema Rapoo