Martial Eagle
Ntsu Ya Ntwa

© Shem Compion
Martial Eagle.

Leina

Ntsu Ya Ntwa

Tebego

Ke yona e kgolo go feta ntsu tse dingwe mo Afrika mme e maatla, e kgona go digela motho wa monna o o godileng fa fatshe. Di na le maatla mo lenaong le lengwe a a ka kgonang go roba letsogo la motho wa monna. Ntsu e kgolokgolo mo Afrika, bokete jwa Ntsu Ya Ntwa bo ka nna 14 pounds (6.5kg) mme tsharollogo ya maphuka e ka nna 6 feet 4 inches. E 32 inches ka boleele. Dikarolo tse di ka fa tlase di borokwa jo bo tseneletseng ka mpa e tshweu e e nang le bontsho, dinao di tshweu ka dinala tse di kgolo thata. E e senang go thuthuga ga e tshwane le e e godileng ka selebego.

Phepo

Mo dikgaolong dingwe dinonyane di dira karolo e e botlhokwa ya phepo ya yona, go akaretsa dikgaka, masogo, bo-kgori le dinonyane tsa gae. Go gatisitswe fa dinonyane tse bogolo jwa Lekôlôlwane Lwa Yuropa di kile tsa nna batswa-setlhabelo ba Ntsu Ya Ntwa. Mo dikarolong dingwe phepo gantsi ke diphologotswana, thatathata dipela le antelope tse nnye. Diphologolo tse di bogolo jwa namane ya phala di a tseiwa, le dikgabo dingwe, gape gape le dipotsane le dikonyana gangwe le gape. Dija-nama di etsa bo-ramošwe di na le go tseiwa, le Tadi le Phokojwe ka dinako dingwe; gape le dinoga di le mmalwa le mekgaditswane. Go bonagala fa e ka ja sengwe le swengwe se se leng teng, mme e ratile dinonyane tse di ruiwang, bo-pela le dinonyane tsa selegae. Ga e itsege ka go ja nama e e bodileng, gongwe ntle fela le dikonyana tse di suleng.

Tsadiso

Dintlhaga di agilwe ka go sa tshwane mo ditlhareng, kwa bogodimong bongwe le bongwe go tloga ka 20 go fitlha 80 feet go tswa fo fatshe, mme kgapetsa di agiwa mo setlhareng se segolo mo go tsotlhe mo kgaolong se se golelang thabaneng e e namellang kgotsa mo mokgatšheng, moo nonyane ena e kgonang go bona sentlhaga pila. Dipara di na le sentlhaga kgotsa tse pedi, mme di diriswa ka go tlolagana ga dingwaga fa di feta bongwe, mme ka go latellana ga maiteko a tsadiso ga se le sengwe. Dintlhaga ke tse kgolo mme di ka lekana 6 feet go kgabaganya bogare, ka bokima jo bo ka nnang 4 feet, gantsi di bopegile jaaka sekotlolo fa di le dišha - di sephara gona le ga di le boteng. Di agilwe ka dithupana tse kgolo, tse di ka fitlhang go inch e le nngwe le halofo ka bophara, di tsentswe le matlhare a a botala jwa tlhaga. Di ka diriswa ke tatelano ke dinonyane tse dingwe dingwagangwaga morago ga go agiwa. Setlha sa tsadiso ka jalo se ka simolola mo maphateng a a farologaneng a bo tsona ka setlha se se bongôla, tshimologo ya setlha se se omileng, kgotsa thari mo setlheng se se omileng, mme karolo e nngwe ya setlha sa tsadiso e tswelela mo nakong ya dipula. Go elama gantsi ke ga ya tshegadi, le fa ya tona e itsiwe e kgona go elama le yona. Tshegadi e tswa mo sentlhageng go ya go ja mme ga se tlwaelo gore e fepiwe ke ya tona kwa sentlhageng.

Go elama e ka nna matsatsi a le 45. Tsuwana e bokowa thata fa e sena go thuthuga, fela e simolola go nna matlhagatlhaga morago ga matsatsi a le some-a-mabedi. Ga e le matsatsi a le 32, mafofa a simolola go tlhoga kwa tlase, mme a apese nonyane fa e tshwara matsatsi a le 70. Tsuwane e fepiwa ke batsadi ba yona go fitlha ena le matsatsi a le 60, e na le mafofa gotlhe, fa e simolola go gagolaka setsumiwa ka bo yona. Kwa tshimologong ya nako ya kgodiso, tshegadi e dula gaufi le sentlhaga kgotsa mo go sona, fa ya tona e tsoma mme e tlisi setsongwa kwa sentlhageng. Tshegadi e sala mo kgaolong ya sentlhaga mme e amogela setsongwa gotswa go ya tona matsatsi a ka nna 50. Morago ga foo tshegadi e a itsomela le go tlisa setsongwa mo sentlhageng ka bo yona fa ya tona e fokotsa go ya kwa sentlhageng. Tsuwana e thuthufadiwa le go sireletswa ka mokgwa wa go nniwa mo matsatsing a mmalwa a ntlha morago ga go thuthuga, fela morago ga matsatsi a le some-nne mmaayona ga a sa tlhole a e nna, ntle fela le bosigo. Tsuwane, morago ga go fofa lwantlha (fa e ka nna matsatsi a le 100), e ka boela kwa sentlhageng matsatsinyana, mme morago e tsamaela kgakajana le sona. Kamano ya tsuwane le sentlhaga e tswelela nakonyana, mme e ka bonwa gaufinyana le sona go fitlha dikgwedi di fitlha thataro.

Maitshwaro

Ntsu e kgolo mo Afrika, ke nonyane ya kwa dikgweng tsa mmitlwa le tsa ditlhare tse di telele tse di sa dulweng, mme di bonwa mo bontsing jwa Afrika, di fitlhelwa gape kwa dikgweng tse di bulegileng le kwa dika-dikakeng. Ntsu Tsa Ntwa di fetsa nako e ntsi ya tsona, 85%, di kotame kwa godimo mme di fofa thata mo mesong (10am). Mokgwa ono o fokotsega thata ka bo 3pm mme seno se bakwa thata ke mogote. Ntsu Tsa Ntwa di tsoma ga di bona tshono, mme di tsoma ka go tshoganyetsa ditsongwa.
Ntsu Tsa Ntwa di ka fofa di ya godimo sebaka sa diura di sa tsome, ka jelo e e tletseng, fela di tsoma gantsi ka phofo, di bolaya kgotsa di tlhasela ka go thula di le mo lebelong le le kwa godimo thata, kgotsa go kotama ka boleta mo sekgweng se se bulegileng, lebelo la go kotama le laolwa ke mokônegô o maphuka a bewang fa godimo ga mokokotlo ka teng. E kgona go bolaya gotswa mo e kotameng teng kwa godimo fela ga se gantsi e dira jalo. Bontsi jwa batswasetlhabelo ba yona ba tshoganyediwa ke lebelo le ntsu e e tlhaselang ka lona e tswa e le kgakala.
Para ya Ntsu Tsa Ntwa e ka nna le legae le le ka fitlhang go 50 square miles, mme di kakaila mo bogolong jwa lona. Gantsi di tsoma mo kgaolong e le nngwe matsatsinyana mme di fetele kwa go e nngwe, kantlha ya gore dingongorego mabapi le dipolao tsa tsona di tlhagiswa matsatsinyana ka tatelano mo kgaolong e le nngwe. E ditlhong go feta bo-ntsu ba bangwe ba Afrika, mme gantsi e kekoga motho. Le fa e se mohudugi o mogolo e dira metsamawo ya selegae ya phofo di-mile di le makgolo a balwa, mme para e kgona go sa bonwe gaufi le kwa e tsadisanang teng. Ke motsomi o o tlwaetseng go tsoma dinonyane tse di ruiwang le diphologotswana tse di tsamayang fa go bulegileng, fela di tsoma gape diphologolo tsa selegae, le fa gona di sa bolaye thata jaaka di latofatswa. Re kare ka tekatekanyô ke nonyane e e ungwelang motho.

Di fitlhelwa kae

Ntsu Ya Ntwa e fitlhelwa mo dikgweng tse di bulegileng tsa ditlhare tse di telele le dikgwa tse di mebitlwa tsa Afrika kwa borwa jwa Sahara, Senegal go ya Somalia le borwa jwa Kapa. E bonwa gape kwa nageng tse di bulegileng le dika-dikaka, mme fela ga di etele dikgwa tse dingwe thata, le fa nako dingwe di tsadisetsa mo dikgweng tse kwa ntlenyana ga naga e e bulegileng.

Leina La Se-Latin

Polemaetus bellicosus