Marabou Stork
Lekôlôlwane la Marabou

© Shem Compion
Marabou Stork.

Leina

Lekôlôlwane la Marabou

Tebego

Leptoptilos crumeniferus ke nonyane e kgolo ya selebego se se sa tlwaelegang. Mo godimo ga marapo a maoto a yona a a gonyegileng, lekôlôlwane la marabou le na le marapo a menwana a a gonyegileng. Go nonyane e kgolo jaana, seno ke phêtolô e e botlhokwa mo phofong. Makôlôlwane a marabou a Afrika a na le taologo ya diphuka ya 2,6 metres le boleele jwa 1,5 metres.
Makôlôlwane a marabou a na le ditlhogo tse di letwadi. Tsa tona di ka supiwa ka dikgetsana tsa mowa tsa tsona tse di kgolo. Mo godimo ga fao, tsa tona ka kakaretso di kgolwane mme di telele go feta tsa tshegadi. Ke lekôlôlwane le le golo thata la mmele o o bokete ka molomo o o boitshegang o o motopo. Bong ka bobedi bo a tshwana ka mmala.
Di bogonoto, di lotobo mme di na le tlhogo e e dipatso tse khibidu ka maoto a ma telele. Gantsi di bosetlha jo bo fifetseng fa godimo mme di nne tshweu fa tlase.

Tse di potlana di na le mmala o o tshwanang le tse di godileng fela o o timpetseng thata. Dinonyane tse di santseng di le di nnye di na le kapeso ya boboa mo ditlhogwaneng tsa tsona, mme ga di nne le bontsho mo mafofeng go fitlha di tshwara dingwaga tse di ka nnang tharo. Fa di sena go tshwara dingwaga di le nne mafofa otlhe abe a setse a tlhogile. Mafofa a mogatlana wa lona a boleta a le masweu, mme a itsagale jaaka marabou.
Molala le tlhogo ga di na mafofa. Lekôlôlwane la Marabou le na le sekgwamanyana se se hibidu se le se telele, se se kaletseng mo molaleng wa lona. Sekgwamanyana seno se diriswa mo medirong ya boratani. Kgetsana ya 18-inch e e bogonoto ele pinki ya mowa, e itshupa sentle ka paka ya tsadisano. E gokagana ka tlhamalalo le lerobanko la molema, mme e dira jaaka seoketsa modumo, go letlelela nonyane go ntsha modumo wa go bopa ka mokgwasa.
Le fa gantsi le itidimaletse, lekôlôlwane la Marabou le tlile go ntsha modumo o o bakwang ke molomo o o betsabetsang fa le ikutlwa le le mo kotsing.

Phepô

Di iphepa gantsi ka dibodu le masaledi. Le fa seno se nyontsha batho, mokgwa-tlwaelo ono o botlhokwa thata go tikologo-tshelô e di tshelang mo go yona; ka go ntsha ditoto le dibodu, lekôlôlwane la Marabou le thusa go thibela go anama ya megare ya pathogen.
Ke disêlasêdi, di ja sengwe le sengwe go tloga ka motlhwa, megôlôri le dinonyane tse di nnye le diphologotswana go ya go mantle a batho le ditlou tse di suleng. Di iphepa gape ka ditoto go bapa le manong le bophiri.

Tsadisô

Makôlôlwane a marabou a tsadisetsa mo godimo ga ditlhare, moo a agang teng dintlhaga tse kgolo. Jaaka lekôlôlwane le le sweu (Ciconia ciconia), a rata go nna gaufi le mafelo-bodulo a batho. Le fitlhelela bogodi jwa tsadiso fa le le dingwaga tse di ka nnang nne, mme gantsi le tsadisa botshelo jotlhe jwa lone.
A tsadisa ka segopa, dintlhaga tsa ona di kgolo ka boalô jo bo phaphathi jwa dithobane, ka bogare jo bo lopapadia jo bo adilweng dithupana le matlhare a matala. Gantsi mae a le 2-3 a beelwa ka setlha se se omileng. Bong ka bobedi bo a elama; mae a thuthuga mo malatsing a le 30.
Dikokwana tsa ona ga di kgone go dira sepe fa di thuthuga. Bong ka bobedi bo tlhokomela le go fepa dikokwana. Nako ya go tlhoga mafofa ke dikgwedi di le 3-4.

Maitshwaro

Makôlôlwane a marabou a ngôkwa ke melelo ya bojang. A gwantela kwa pele ga melelo e e tukang go phamola diphologolo tse di tshabang. A fofa ka tsela e e tlotlegang, mme a tshela gantsi ka bonosi kgotsa ka ditlhotshwana. Ditlhopha tse kgolo di ka bonwa gaufi le metswedi ya dijo, fa a fuduga kgotsa ka paka ya tsadiso.
Jaaka Lenong la Turkey, Lekôlôlwane la Marabou le kakela mo maotong le dinaong tsa lona. Go a itsagale gore Lenong la Turkey le na le dimelo tsa polao-megare tse di tiileng mo mantleng a tsona a masweu, mme go fela jalo le ka lekôlôlwane la Marabou, fela mabaka a ona a go dira tiragalo enô a farologane. Ka motlhofo, go thusa go laola themphoritšhara ya mmele, mme gape go fana ka tsietso ya tebego ya gore dinonyane di na le maoto a mantle.

Jaaka dinonyane di le di ntsi, lekôlôlwane la Marabou le lona le a fegêlwa fa go nna mogote, gape, go fokotsa dithemphoritšhara tsa mmele. Tseno ke dinonyane tse di motlapa mme di nna nako ele ntsi di eme ka go sa sute, le fa di le matsetseleko fa di setse di fofa, di dirisa moelamowa wa tsona o o borutho go ikukela kwa godimo.
Ga se difofi tse di siameng tsa sekgala se se khutshwane. Jaaka makôlôlwane a mangwe, a fofa a isitse maoto a tsona a maleele kwa morago, fela ka go sa tshwane le bontsalaatsona, a tshola molala o sometswe ka fa gare, mme a kobege ka sebopego sa S; seno se letla gore bokete jwa molomo o o bokete bo rwalwe mo magetleng.

Tulo

Dikgaolo tse di bulegileng tse di tsamaelanang le metsi mme di sa omelela thata. Gantsi di amana le batho gaufi le metse ya batshwara-tlhapi le kwa dithotobolong tsa matlakala.

Di Fitlhelwa Kae

Afrika, borwa jwa Sahara.

Leina la se-Latin

Leptoptilos crumeniferus.