Manta Ray

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Manta ray

Tse Dingwe mo Lelapeng

Manta, Atlantic manta, Pacific manta

Leina la Maranyane

Manta birostris

Semeto

E ka nna 7 m

Ponalo

Mmele wa yone o mogolo mme o na le sebopego sa kgolokwe ka diphuka tse di kgutlotharo. Molomo o kwa pele. E na le di’Cephalic fins fa thoko ga molomo. Matlho a kwa matlhakoreng a tlhogo. Mogatla wa yone o moleele go feta mmele.
Gantsi e lefitshwana kwa godimo ka bosweu ka fatlase, mme ka dinako tse dingwe e ka nna ke ditsubaba mo mpeng ya yone. Di’Mantra tse dintsho di ka bonwa le kwa mawatleng a go nnang di’Coral teng.

Dikitsiso

Lelapa la Myliobatidae le na le mephato e le 7 ka dibopiwa di ka nna 42. Go na le mefuta e le mebedi ya di’Mantra. Go na le e nnye e e bonwang mo mafikeng le e kgolwana e e fudugang (migratory) [M. birostris]. Dipalo tsa tsone di kwa tlase mme e mo kotsing. Di na le meno a a bopapetla a sa dirisetseng go ja.
Di ka bonwa mo mafikeng kwa di phephafatsiwang di ditlhapi tse dintsi tse di farologaneng, jaaka di’wrasse le di’Angelfish tse dimmotlana. Di na le keletso ya kitso mme di ka atumela dikepe di ikemetse fa di batlisisa. Di’Viviparous se se rayang gore di tsala ka thobalano mme bana 2-4 ba ka tsalwa morago ga nako ya amuso.

Dijo

E sefa dijo tsa yone (Filter feeders). E ka fepa ka plankton le mae a ditlhapi tse dingwe.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula mo lefatshe.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Reef manta
Manta alfredi
Reef manta
Manta alfredi
Giant manta
Manta birostris