Loeto go ya Robben Island

Kwa Loeto lo simololang teng

©Aaron Polikoff
Kagô e e tseisang maanya ya Gateway ga e latlhe. Namelela ka megato ya letlapa mme o tsene ka lebati le le leele la galase, jaanong loeto lwa gago go ya Robben Island lo simolotse. Fa pele ga gago ke tafole ya tshedimosetso, e go dirang mo go yona batho ba le mmalwa ba ba gakgamatsang ka bopelotelele, ba araba dipotso di le dingwe tse tharo gape le gape: Sekepe se tloga ka diura dingwe le dingwe di le pedi go simolola ka ura ya borobongwe. Se tsaya diura di ka nna nne.
Mo molemeng wa gago ke lebenkele la dimpho, mo o ka rekang mefutafuta ya dilwana tsa Robben Island tse di kgatlhisang. Metsi a minerale a a tshwailweng, dikousu, disekhafo, keyring, bookmarks, dibukana, mousepad, khalêndara, maswana, digalase, dikhipa, manyena, mug, dibaki, dikarata tsa poso, makenete tsa setsidifatsi le dikhopi tsa fax tsa Freedom Charter di teng. Ebile o ka reka senotlolo sa kwa Robben Island, eleng selo se se siameng ka ge ele sona se bagolegwa ba maloba ba neng ba ka se batla ka Keresemose. Lebenkele le na gape le mokoa o montle wa dibuka le di-video, go akaretsa buka ya ditiro ya bana.

Kantoro ya Dithekete

©Aaron Polikoff
Kantoro ya dithekete e ka fa mojeng wa gago. Fa o nnile botlhale go ka beeletsa pele ga nako, o tla tsaya thekethe ya gago fano. Go phela go tlhanasela fa letlhabaphefong la dithekete, ka jalo goroga ka nako go efoga matsapa. O ka reka thekethe ya gago gape kwa letlhabaphefong, fela o seke wa solofela gore o ka goroga fela mme wa pagama sekepe se se latelang. Batho ba ba ka nnang halofo ya million ba etela setlhaketlhake ngwaga le ngwaga, mme sekepe se rwala fela makgolo a le mmalwa a batho ka nako. Ka jalo, ga go gakgamatse gore maeto a beeletswa letsatsi kgotsa a mabedi pele ga nako. Ka paka ya tlhanaselo, ka Sedimonthole le Ferikgong, dipeeletso di nna loleya ele tota.
Le fa batho ba le bantsi ba akanyetsa kago jaaka lefelo le o rekang dithekete mo go lona, Gateway ke karolo e e botlhokwa ya itemogelo ya museum. Go na le dipontsho di le mmalwa mo bodilông jo bo kwa godimo le mokoa wa di-video tse di bolokilweng tse o ka di šebang. Baeti ba ba fetang mo gare ga Gateway ka lepotlapotla ba tlile go gaiwa ke dilo di le di ntsi, ka jalo goroga go sale gale mme o dirisetse nako go ka šebašeba. Kago e na le mealo ele meraro. Mo boalong jwa matseno, jo bo leng mo magareng, go na le tshwantshiso ya video ya mo leboteng. E na le melaetsa ya video gotswa kwa motseletseleng wa bagolegwa ba sepolotiki ba maloba, gotswa Robben Island le dikgolegelo tse dingwe.

Robben Island-Mayibuye Archive

©Tracey Derrick
Mo boalông jo bo kwa godimo, go na le mafelo a dipontsho a le mmalwa le di-video tse di bolokilweng tse o kgonang go ka di fatafata. Go na le batho ba le ba ntsi re ba lebalang ka iketlo, mme go na le ba bangwe ba le ba ntsi ba maina a bone re sa kgonang go a itse. Ditlabakelo tsotlhe tse di dirang dipontsho tseno di tsewa gotswa kwa Robben Island-Mayibuye Archive, e e kwa Yunibesithing ya Kapa Bophirima.
Mo boalông jo bo kwa tlase, go na le ditshwantshô di le mmalwa tsa setlhaketlhake le bagolegwa ba sona tse di kgolo tse di tseisang maikutlô, mmogo le dikôbôtlô tsa logong tse di kokoantsweng. Bula dikôbôtlô tseno mme o tla bona mefutafuta ya dilwana gotswa kwa setlhaketlhakeng: diketane, makwalo a bagolegwa, dikobô tsa kgolegelo, ditlankana tse di iteretsweng kwa gae gotswa kwa dikgaisanong tsa metshameko le dilo dingwe tse eseng tsa botlhe.
Boalô jo bo kwa tlase bo na gape le ntlolehalahala e e dirisetswang mediro e e kgethegileng le dikopano tsa badiri (tse ke boleletsweng fa di na le go nna mafolofolo, jaaka go siametse mokgatlho o o nang le medi mo mokgatlhong o o lwetseng kgololosego). Fa o feditse go šebašeba, o tshwanetse go ya kwa boalông jo bo kwa tlase kwa o tlileng go pagamela sekepe teng. Go pagama go simolola metsotso ele 30 pele ga go ka bololwa, mme go bolola go mo nakong ka metlha yotlhe.

Translated by Nchema Rapoo